Malaki 2:1-17

  • Baperesiti ba palelwa ke go ruta batho (1-9)

    • Melomo ya baperesiti e tshwanetse go boloka kitso (7)

  • Batho ba na le molato wa go tlhala e se ka fa molaong (10-17)

    • “‘Ke tlhoile tlhalo,’ go bua Jehofa” (16)

2  “Mme jaanong lona baperesiti, taelo eno e lebisitswe kwa go lona.+  Fa lo gana go reetsa e bile lo sa tseye go galaletsa leina la me go le masisi,”* go bua Jehofa wa masomosomo, “ke tla lo romelela phutso,+ e bile ke tla dira gore masego a lona a fetoge diphutso. Eleruri, ke dirile gore masego a lona a fetoge diphutso,+ ka gonne ga lo tseye seno masisi.”  “Ka ntlha ya ditiro tsa lona, ke tla senya* peo e lo e jetseng,+ e bile ke tla lo gasa boloko mo difatlhegong, boloko jwa diphologolo tse lo ntshang ditlhabelo ka tsone kwa meletlong ya lona; mme lo tla tlosiwa mmogo le jone.*  Foo lo tla itse gore ke lo romeletse taelo eno gore kgolagano ya me le Lefi e tle e tswelele,”+ go bua Jehofa wa masomosomo.  “Kgolagano e ke e dirileng le ene e ne e le ya botshelo le ya kagiso, tse ke neng ka di mo naya gore a mpoife.* O ne a mpoifa, o ne a tlotla leina la me.  Molao* wa boammaaruri o ne o le mo molomong wa gagwe,+ e bile ga a ise a bue sepe se se bosula. O ne a tshela le nna ka kagiso gape o ne a tlhamaletse,+ e bile o ne a thusa batho ba le bantsi gore ba tlogele go dira dilo tse di bosula.  Gonne molomo wa moperesiti o tshwanetse go boloka kitso, e bile batho ba tshwanetse go batla kaelo* mo go ene,+ ka gonne ke morongwa wa ga Jehofa wa masomosomo.  “Le fa go ntse jalo, lona ka bolona lo fapogile mo tseleng. Lo dirile gore ba le bantsi ba palelwe ke go ikobela molao.+ Lo sentse kgolagano ya ga Lefi,”+ go bua Jehofa wa masomosomo.  “Ka jalo, ke tla dira gore lo nyatsege lo bo lo kokobediwe fa pele ga batho botlhe, ka gonne ga lo a ka lwa ikobela ditsela tsa me, mme lo ne lo na le tlhaolele fa lo diragatsa molao.”+ 10  “A rotlhe ga re na rre a le mongwe?+ A ga re a bopiwa ke Modimo a le mongwe? Ka jalo, ke ka ntlha yang fa re direlana boferefere,+ re tlola kgolagano e Modimo a e dirileng le borraaronamogolo? 11  Juda o dirile boferefere, e bile go dirilwe selo se se makgapha mo Iseraele le mo Jerusalema; gonne Juda o tlontlolotse Jehofa, yo o ratang se se boitshepo,*+ e bile o nyetse mosadi yo o obamelang modimo o sele.*+ 12  Jehofa o tla senya ope fela yo o dirang seno mo ditenteng tsa ga Jakobe, le fa e ka tswa e le mang,* le fa gone a ntshetsa Jehofa wa masomosomo+ setlhabelo sa mpho.” 13  “Mme go na le selo se sengwe gape* se lo se dirang, se se dirang gore sebeso sa ga Jehofa se tlale ka dikeledi le go sisa pelo, mo e leng gore ga a tlhole a tsaya tsia setlhabelo sa lona sa mpho kgotsa a amogela sepe fela se lo se ntshang.+ 14  Mme lwa re, ‘Ka lebaka lefe?’ Ka gore Jehofa ke mosupi wa gore o ne wa direla mosadi wa bosha jwa gago boferefere, le fa gone e le molekane wa gago e bile e le mosadi yo o dirileng kgolagano le ene.*+ 15  Le fa go ntse jalo, go na le mongwe yo o neng a se ka a dira seno, ka gonne a ne a sa ntse a na le bontlhanngwe jwa moya wa Modimo. Mme ene yoo o ne a batla eng? Losika* lwa Modimo. Jaanong elang megopolo ya lona* tlhoko, e bile lo se ka lwa direla basadi ba bosha jwa lona boferefere. 16  Gonne ke tlhoile* tlhalo,”+ go bua Jehofa, Modimo wa Iseraele, “e bile ke tlhoile motho yo o dirang thubakanyo,” go bua Jehofa wa masomosomo. “Elang megopolo ya lona tlhoko, mme lo se ka lwa dira boferefere.+ 17  “Lo lapisitse Jehofa ka mafoko a lona.+ Le fa go ntse jalo, lwa re, ‘Re mo lapisitse ka eng?’ Ka go bua lo re, ‘Mongwe le mongwe yo o dirang bosula o siame mo matlhong a ga Jehofa, e bile o a mo itumelela,’+ kgotsa ka go bua lo re, ‘O kae Modimo wa tshiamiso?’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “lo sa re sepe ka go galaletsa leina la me.”
Seheb., “kgalema.”
Go tewa ba isiwa kwa lefelong le go latlhelwang boloko jwa diphologolo tse go ntshiwang ditlhabelo ka tsone kwa go lone.
Kgotsa “ntlotle.”
Kgotsa “Taelo.”
Seheb., “molao.”
Kgotsa gongwe “lefelo le le boitshepo.”
Seheb., “morwadia modimo o sele.”
Seheb., “yo o tsogileng le yo o arabang.”
Seheb., “selo sa bobedi.”
Kgotsa “mosadi yo o mo nyetseng semolao.”
Go tewa ditlogolwana tse di neng di tla ikanyega mo Modimong.
Seheb., “moya wa lona.”
Seheb., “o tlhoile.”