Malaki 1:1-14

  • Jehofa o rata batho ba gagwe (1-5)

  • Baperesiti ba ntsha ditlhabelo tse di nyatsegang (6-14)

    • Leina la Modimo le tla nna legolo mo ditšhabeng (11)

1  Molaetsa wa botlhokwa: Ono ke molaetsa o Jehofa a neng a o bolelela Iseraele a dirisa Malaki:* 2  Jehofa a re, “Ke lo bontshitse gore ke a lo rata.”+ Mme lona lwa re: “O re bontshitse jang gore o a re rata?” Jehofa a re, “A Esau e ne e se morwarraagwe Jakobe?+ Le fa go ntse jalo, ke ne ka rata Jakobe, 3  mme Esau ene ke ne ka mo tlhoa;+ ke ne ka dira gore dithaba tsa gagwe di se ka tsa nniwa+ mme ka tlogela boswa jwa gagwe gore e nne jwa bophokoje ba kwa nageng.”+ 4  “Le fa gone Edoma a re, ‘Re tšhwetlakantswe, mme re tla boa re bo re tsosolosa marope,’ Jehofa wa masomosomo ene a re, ‘Ba tla aga, mme nna ke tla rutlolola, e bile ba tla bidiwa “naga ya bosula” le “batho ba Jehofa a ba atlhotseng ka bosakhutleng.”+ 5  Matlho a lona a tla bona seno, mme lo tla re: “E kete Jehofa a ka tlotlomadiwa mo nageng ya Iseraele.”’” 6  “‘Morwa o tlotla rraagwe,+ mme motlhanka o tlotla mong wa gagwe. Ka jalo, fa e le gore ke rre,+ tlotlo e e ntshwanetseng e kae?+ Mme fa e le gore ke mong wa lona,* poifo* e e ntshwanetseng e kae?’ Nna Jehofa wa masomosomo ke bua le lona baperesiti ba lo nyatsang leina la me.+ “‘Le fa go ntse jalo, lwa re: “Re nyaditse leina la gago jang?”’ 7  “‘Ka go isa dijo* tse di kgotletsweng mo sebesong sa me.’ “‘Mme lwa re: “Re kgotletse leina la gago jang?”’ “‘Ka go bua lo re: “Tafole ya ga Jehofa+ ke selo se se nyatsegang.” 8  Mme fa lo ntsha setlhabelo ka phologolo e e foufetseng lwa re: “Ga se sepe se se bosula.” E bile fa lo ntsha setlhabelo ka phologolo e e tlhotsang kgotsa e e lwalang lwa re: “Ga se sepe se se bosula.”’”+ “Tsweetswee, lekang go di isa fa pele ga molaodi wa lona. A o tla lo itumelela kgotsa a o tla lo amogela a bo a nna pelonomi le lona?” go bua Jehofa wa masomosomo. 9  “Mme jaanong, tsweetswee, ikueleng kwa Modimong,* gore a tle a nne pelonomi le rona. A o tla lo amogela a bo a nna pelonomi le lona lo ntse lo ntsha ditlhabelo tse di ntseng jalo?” go bua Jehofa wa masomosomo. 10  “Mme ke mang mo go lona yo o iketleeleditseng go tswala dikgoro?*+ Gonne tota e bile ga lo kitla lo tshuba sebeso sa me lo sa duelwe.+ Ga ke lo itumelele gotlhelele,” go bua Jehofa wa masomosomo, “e bile ga ke itumedisiwe ke setlhabelo sepe sa mpho se lo se ntshang.”+ 11  “Gonne go tswa tlhabong ya letsatsi go ya phirimong ya lone, leina la me le tla nna legolo mo ditšhabeng.+ Go tla kuisiwa mosi wa ditlhabelo mo lefelong lengwe le lengwe, e bile go tla ntshiwa ditlhabelo tse di tlotlang leina la me, e le mpho e e itshekileng; gonne leina la me le tla nna legolo mo ditšhabeng,”+ go bua Jehofa wa masomosomo. 12  “Le fa go ntse jalo, lo e tlontlolola*+ ka go bua lo re, ‘Tafole ya ga Jehofa e kgotletswe, e bile ditlhabelo tse di bewang mo go yone, dijo tsa yone, di tshwanetse go nyadiwa.’+ 13  Gape lwa re, ‘Ruri e a lapisa!’ e bile lo e penela nko,” go bua Jehofa wa masomosomo. “E bile lo tlisa diphologolo tse di utswilweng, tse di tlhotsang, le tse di lwalang. Lo tlisa dilo tse di ntseng jalo e le mpho! A ke tshwanetse go di amogela mo seatleng sa lona?”+ go bua Jehofa. 14  “Go hutsegile motho yo o dirang boferefere yo e reng a na le phologolo e tonanyana e e itekanetseng sentle mo letsomaneng la gagwe, a bo a dira maikano a ntshetsa Jehofa setlhabelo ka e e bokoa.* Ke nna Kgosi e kgolo,”+ go bua Jehofa wa masomosomo, “e bile leina la me le tla boifiwa le bo le tlotliwa mo ditšhabeng.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Mo go kayang “Morongwa wa Me.”
Kgotsa “mong yo mogolo.”
Kgotsa “tlotlo.”
Seheb., “senkgwe.”
Kgotsa “nolofatsang sefatlhego sa Modimo.”
Go lebega go tewa kabelo ya go tswala dikgoro tsa tempele.
Kgotsa gongwe “lo ntlontlolola.”
Kgotsa “e e golafetseng.”