Luke 3:1-38
3 Mo ngwageng wa bolesome le botlhano wa puso ya ga Tiberio Kaesara, fa Ponto Pilato a ne a le molaodi wa Judea, mme Herode+ a ne a le mmusi wa kgaolo ya Galalea, le Filipo morwarraagwe a ne a le mmusi wa kgaolo ya naga ya Iturea le Terakoniti, mme Lisaniase a ne a le mmusi wa kgaolo ya Abilene,
2 mo malatsing a moperesiti yo mogolo Anase le a ga Kaiafase,+ polelo ya Modimo ya tla mo go Johane+ morwa Sekarea kwa nageng.+
3 Jalo a tla mo nageng yotlhe e e dikologileng Joredane, a rera kolobetso e le tshwantshetso ya boikwatlhao jwa go bona boitshwarelo jwa maleo,+
4 fela jaaka go kwadilwe mo bukeng ya mafoko a ga Isaia moporofeti go twe: “Reetsang! Mongwe o goa kwa nageng a re, ‘Baakanyang tsela ya ga Jehofa, tlhamalatsang ditsela tsa gagwe.+
5 Lengope lengwe le lengwe le tshwanetse go katelwa, le thaba nngwe le nngwe le thota ya papanwa, le dikgogoropo di tshwanetse go nna ditsela tse di tlhamaletseng le mafelo a a magwata ditsela tse di borethe;+
6 mme nama yotlhe e tla bona tsela ya Modimo ya go boloka.’”+
7 Jalo a raya boidiidi jo bo neng bo tswa bo tla go kolobediwa ke ene a re: “Lona bana ba dinoga tse di botlhole,+ ke mang yo o lo lomileng tsebe gore lo tshabe tšhakgalo e e tlang?+
8 Jalo ungwang maungo a a tshwanelang boikwatlhao.+ Mme lo se ka lwa ithaya lo re, ‘Rraarona ke Aborahame.’ Gonne ke a lo raya ka re Modimo o na le maatla a go tsosetsa Aborahame bana mo majeng ano.
9 Eleruri, selepe se setse se tsepilwe fa moding wa ditlhare; jalo, setlhare sengwe le sengwe, se se sa ungweng maungo a a molemo ruri se tla rengwa se bo se latlhelwa mo molelong.”+
10 Mme boidiidi jwa mmotsa jwa re: “Re direng, he?”+
11 Fa a fetola a ba raya a re: “A motho yo o nang le diaparo di le pedi tsa kafa teng a abele motho yo o se nang sepe, mme a yo o nang le dilo tse di jewang a dire fela jalo.”+
12 Le e leng bakgethisi ba tla go kolobediwa, mme ba mo raya ba re: “Morutisi, re direng?”+
13 A ba raya a re: “Lo se ka lwa batla ka kgang sepe fa e se selekanyo sa lekgetho.”+
14 Gape, ba ba mo tirelong ya sesole ba mmotse ba re: “Re direng le rona?” Mme a ba raya a re: “Lo se ka lwa kgerisa ope kgotsa lwa latofatsa+ ope ka maaka, mme kgotsofalelang dilo tse lo tlamelwang ka tsone.”+
15 Jaanong e re ka batho ba ne ba letile e bile botlhe ba akanya mo dipelong tsa bone kaga Johane ba re: “A e ka tswa gongwe e le Keresete?”+
16 Johane a araba, a raya botlhe a re: “Nna, e leng nna , ke lo kolobetsa ka metsi; mme yo o nonofileng go mpheta o etla, yo kgole ya bompaatšhane ba gagwe ke sa lekanang go e funolola.+ O tla lo kolobetsa ka moya o o boitshepo le molelo.+
17 Loselo lwa gagwe lo mo seatleng sa gagwe gore a phepafatse seboana sa gagwe ka botlalo le go phuthela+ korong mo ntlong ya gagwe ya polokelo, mme mmoko+ one o tla o ja ka molelo+ o o ka se kang wa tingwa.”
18 Jalo gape a rotloetsa batho gantsintsi a bo a tswelela a ba bolelela dikgang tse di molemo.
19 Mme Herode mmusi wa kgaolo, ka go bo a kgalemetswe ke ene kaga Herodiase mosadi wa ga morwarraagwe le kaga ditiro tsotlhe tse di boikepo tse Herode a neng a di dira,+
20 a oketsa le ka seno mo ditirong tsotlhe tseo: a lotlelela Johane mo kgolegelong.+
21 Jaanong e rile batho botlhe ba kolobediwa, Jesu+ le ene a kolobediwa, ya re a ntse a rapela, legodimo+ la bulwa
22 mme moya o o boitshepo o le mo popegong ya mmele o o tshwanang le wa lephoi wa fologela mo go ene, mme lentswe la tswa kwa legodimong la re: “O Morwaake, moratwa; ke go amogetse.”+
23 Mo godimo ga moo, Jesu ka boene, e rile a simolola tiro ya gagwe,+ a bo a na le dingwaga di ka nna masome a mararo,+ a le morwa,+ jaaka go ne go gopolwa,wa ga Josefa,+morwa Heli,
24 morwa Mathate,morwa Lefi,morwa Meleki,morwa Janai,morwa Josefa,
25 morwa Matathiase,morwa Amose,morwa Nahume,morwa Eseli,morwa Nagai,
26 morwa Maathe,morwa Matathiase,morwa Semeine,morwa Joseke,morwa Joda,
27 morwa Joanane,morwa Resa,morwa Serubabele,+morwa Shelatiele,+morwa Neri,
28 morwa Meleki,morwa Adi,morwa Kosama,morwa Elemadame,morwa Ere,
29 morwa Jesu,morwa Eliesere,morwa Jorime,morwa Mathate,morwa Lefi,
30 morwa Semeone,morwa Judase,morwa Josefa,morwa Joname,morwa Eliakime,
31 morwa Melea,morwa Menane,morwa Matatha,morwa Nathane,+morwa Dafide,+
32 morwa Jese,+morwa Obede,+morwa Boase,+morwa Salamone,+morwa Nashone,+
33 morwa Aminadabe,+morwa Arani,+morwa Heserone,+morwa Perese,+morwa Juda,+
34 morwa Jakobe,+morwa Isake,+morwa Aborahame,+morwa Tera,+morwa Nahore,+
35 morwa Seruge,+morwa Reu,+morwa Pelege,+morwa Ebere,+morwa Shela,+
36 morwa Kainane,morwa Arepakeshade,+morwa Sheme,+morwa Noa,+morwa Lameke,+
37 morwa Methusela,+morwa Enoke,+morwa Jarede,+morwa Mahalaleele,+morwa Kainane,+
38 morwa Enoshe,+morwa Sethe,+morwa Adame,+morwa Modimo.

