Luke 16:1-31

16  Go tswa foo a tswelela a raya le barutwa a re: “Monna mongwe o ne a humile e bile a na le molebedi,+ mme yono o ne a latofadiwa mo go ene gore o tshwara dithoto tsa gagwe botlhaswa.+  Jalo a mmitsa mme a mo raya a re, ‘Ke eng seno se ke se utlwang kaga gago? Tlisa pego+ ya gago ya tiro ya bolebedi, gonne o ka se tlhole o tlhokomela ntlo.’  Foo molebedi a ithaya a re, ‘Ke tla dirang, ka jaana mong+ wa me a tlile go tsaya tiro ya bolebedi mo go nna? Ga ke a nonofa sentle go ka epa, ke tlhabiwa ke ditlhong go kopa.  Ehee! Ke itse se ke tla se dirang, gore, fa ke tlosiwa mo tirong ya bolebedi, batho ba tle ba nkamogele mo magaeng a bone.’+  Mme a biletsa kwa go ene mongwe le mongwe wa ba ba kolotang mong wa gagwe a simolola go raya wa ntlha a re, ‘O kolota mong wa me go le kana kang?’  A re, ‘Dilekanyo tsa bata di le lekgolo tsa lookwane lwa motlhware.’ A mo raya a re, ‘Tsaya tumalano e e kwadilweng ya gago gape mme o nne fa fatshe o kwale ka bofefo masome a matlhano.’  Morago ga moo, a raya yo mongwe a re, ‘Jaanong wena, o kolota go le kana kang?’ A re, ‘Dilekanyo tsa koro di le lekgolo tsa korong.’ A mo raya a re, ‘Tsaya tumalano e e kwadilweng ya gago gape mme o kwale masome a le robedi.’  Mme mong wa gagwe a akgola molebedi yono, le fa a sa siama, ka gonne o ne a dira ka botlhale jo bo mosola;+ gonne bana ba tsamaiso eno ya dilo ba botlhale mo go ba kokomana ya bone ka tsela e e ka dirisiwang, go gaisa kafa bana ba lesedi ba leng botlhale ka gone.+  “Gape, ke lo raya ke re, Itireleng ditsala+ ka dikhumo tse di sa siamang,+ gore, fa tse di ntseng jalo di fela, di ke di lo amogelele mo mafelong a bonno a bosakhutleng.+ 10  Motho yo o ikanyegang mo go se sebotlana thata o ikanyega le mo go se segolo, le motho yo o sa siamang mo go se sebotlana thata ga a a siama le mo go se segolo.+ 11  Jalo, fa lo sa itshupa lo ikanyega ka ga dikhumo tse di sa siamang, ke mang yo o tla lo sikarisang se se boammaaruri?+ 12  Mme fa lo sa itshupa lo ikanyega ka ga sa yo mongwe,+ ke mang yo o tla lo nayang sa lona? 13  Ga go motlhanka ope wa ntlo yo o ka nnang motlhanka wa beng ba le babedi; gonne, o tla tlhoa yo mongwe mme a rate yo mongwe, kgotsa o tla ngaparela yo mongwe mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.”+ 14  Jaanong Bafarasai, ba e neng e le barati ba madi, ba ne ba reeditse dilo tseno tsotlhe, mme ba simolola go mo ja setshego.+ 15  Ka gone a ba raya a re: “Lo ba ba ipolelang ba siame fa pele ga batho,+ mme Modimo o itse dipelo tsa lona;+ ka gonne selo se batho ba se tseelang kwa godimo se ferosa sebete mo ponong ya Modimo. 16  “Molao le Baporofeti di ne di le gone go fitlha ka Johane.+ Go tloga ka nako eo go ya pele bogosi jwa Modimo bo bolelwa e le dikgang tse di molemo, mme motho wa mofuta mongwe le mongwe o gagamalela pele kwa go jone.+ 17  Eleruri, go motlhofo gore legodimo le lefatshe di fete+ go na le gore ntlhana e le nngwe+ ya tlhaka ya Molao e se ka ya diragadiwa.+ 18  “Mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe a ba a nyala yo mongwe o dira boaka, mme yo o nyalang mosadi yo o tlhadilweng ke monna o dira boaka.+ 19  “Mme monna mongwe+ o ne a humile, e bile o ne a tle a ikgabise ka bobududu jo bo mokgona le leloba, a ijesa monate letsatsi le letsatsi ka manobonobo.+ 20  Mme mokopi mongwe yo o bidiwang Lasaro o ne a tle a bewe fa kgorong ya gagwe, a tletse ditlhagala 21  e bile a eletsa go kgora dilo tse di wang mo tafoleng ya monna wa mohumi. Ee, le dintša di ne di tle di tle mme di latswe ditlhagala tsa gagwe. 22  Jaanong fa nako e ntse e tsamaya mokopi a swa+ mme a tsholelwa ke baengele kwa sehubeng+ sa ga Aborahame.+ “Monna wa mohumi le ene a swa+ mme a fitlhwa. 23  A le mo Hadese a tsholetsa matlho a gagwe, ka a le mo ditlhokofatsong,+ mme a bona Aborahame a le kgakala thata mme Lasaro a le fa sehubeng a na le ene. 24  Jalo a bitsa mme a re, ‘Rre Aborahame,+ nkutlwele botlhoko mme o rome Lasaro gore a ine ntlha ya monwana wa gagwe mo metsing a bo a tsidifatse loleme+ lwa me, ka gonne ke mo tlalelong e e mahehe mo molelong+ o o tutumang ono.’ 25  Mme Aborahame a re, ‘Ngwanaka, gakologelwa gore o ne wa amogela dilo tsa gago tse di molemo ka botlalo mo nakong ya gago ya botshelo, mme Lasaro ka tsela e e tshwanang a amogela dilo tse di utlwisang botlhoko. Le fa go ntse jalo, jaanong ene o bona kgomotso fano mme wena o mo tlalelong e e mahehe.+ 26  Mme mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, go beilwe khuti e kgolo+ e e se nang bolekanyo fa gare ga rona le lona,+ gore ba ba batlang go tswa fano ba ya ka koo go lona ba se ka, le gone batho ba tle ba se ka ba kgabaganyetsa kwa go rona+ ba tswa ka koo.’ 27  Foo a re, ‘Fa go ntse jalo ke a go kopa, rra, gore o mo rome kwa ntlong ya ga rre, 28  gonne ke na le bomorwarre ba le batlhano, gore a tle a ba neele bosupi ka botlalo, gore le bone ba se ka ba tsena mo lefelong leno la tlhokofatso.’ 29  Mme Aborahame a re, ‘Ba na le Moshe+ le Baporofeti; a ba reetse bone.’+ 30  Foo a re, ‘Legoka, rre Aborahame, mme fa go ka tswa mongwe mo baswing a ya kwa go bone ba tla ikwatlhaya.’ 31  Mme a mo raya a re, ‘Fa ba sa reetse Moshe+ le Baporofeti, le gone ga ba na ba tlhotlheletsega go dumela fa mongwe a tsoga mo baswing.’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase