Luke 14:1-35

14  Mme e rile ka nako ya fa a tsena mo ntlong ya mongwe wa babusi ba Bafarasai ka sabata go ya go ja dijo,+ ba bo ba mo lebeletse ka kelotlhoko.+  Mme, bona! fa pele ga gagwe ga bo go le monna mongwe yo o neng a na le bolwetse jwa go tlala metsi.  Jalo Jesu a bua le ba ba itseng Molao fela thata le Bafarasai, a re: “A go kafa molaong go alafa ka sabata kgotsa nnyaa?”+  Mme ba didimala fela. Morago ga moo a tshwara monna yono, a mo fodisa mme a mo naya tsela.  Mme a ba raya a re: “Ke ofe wa lona, yo fa morwawe kgotsa poo ya gagwe e wela mo sedibeng,+ a se kitlang a mo ntshetsa kwa ntle ka yone nako eo ka letsatsi la sabata?”+  Mme ba bo ba sa kgone go araba mo dilong tseno.+  Go tswa foo a tswelela go bolelela banna ba ba laleditsweng setshwantsho, ka a ne a ela tlhoko kafa ba neng ba itlhophela mafelo a a tlhomologileng thata ka gone, a ba raya a re:+  “Fa o lalediwa ke mongwe kwa moketeng wa lenyalo, o se ka wa rapama mo lefelong le le tlhomologileng thata.+ Gongwe mongwe yo o kwa godimo go go feta o ka tswa ka nako eo a laleditswe ke ene,  mme yo o go laleditseng e bile a laleditse le ene o tla tla a ba a go raya a re, ‘Mma go nne monna yono mo lefelong leno.’ Mme foo o tla simolola go tlhabiwa ke ditlhong fa o ya go nna mo lefelong le le kwa tlase thata.+ 10  Mme fa o lalediwa, tsamaya o nne ka go sekama mo lefelong le le kwa tlase thata,+ gore fa monna yo o go laleditseng a tla a go reye a re, ‘Tsala, tlhatlogela kwa godingwana.’ Foo o tla nna le tlotlo fa pele ga botlhe ba o laleditsweng le bone.+ 11  Gonne mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tla kokobediwa mme yo o ikokobetsang o tla godisiwa.”+ 12  Morago ga moo a tswelela a raya le monna yo o neng a mo laleditse a re: “Fa o dira modiro wa dijo tsa motshegare kgotsa dijo tsa maitseboa, o se ka wa bitsa ditsala tsa gago kgotsa bomorwarrago kgotsa ba losika lwa gago kgotsa baagelani ba ba humileng. Gongwe ka nako nngwe le bone ba ka nna ba go laletsa ka tsela e e tshwanang mme e bo e nna tuelo mo go wena. 13  Mme fa o dira modiro wa mokete, laletsa batho ba ba humanegileng, ba ba golafetseng, ba ba tlhotsang, ba ba foufetseng;+ 14  mme o tla itumela, ka gonne ga ba na sepe se ba ka go duelang ka sone. Gonne o tla duelwa mo tsogong+ ya basiami.” 15  E rile mongwe wa balalediwammogo a utlwa dilo tseno a mo raya a re: “Go itumela yo o jang senkgwe mo bogosing jwa Modimo.”+ 16  Jesu a mo raya a re: “Monna mongwe o ne a dira modiro o mogolo wa dijo tsa maitseboa, mme a laletsa ba le bantsi.+ 17  Mme a roma motlhanka wa gagwe ka nako ya dijo tsa maitseboa go raya ba ba laleditsweng a re, ‘Tlang,+ ka gonne dilo jaanong di siame.’ 18  Mme botlhe ka go tshwana ba simolola go tlhanoga.+ Wa ntlha a mo raya a re, ‘Ke rekile tshimo mme ke tlhoka go tswa ke ya go e bona; ke a go kopa, Ntetle ke tsamaye.’+ 19  Mme yo mongwe a re, ‘Ke rekile dikgomo tsa bojokwe ba batlhano e bile ke ya go di leka; ke a go kopa, Ntetle ke tsamaye.’+ 20  Yo mongwe gape a re, ‘Ke sa tswa go nyala+ mosadi mme ka lebaka leno nka se kgone go tla.’ 21  Jalo motlhanka a tla mme a begela mong wa gagwe dilo tseno. Foo mong wa ntlo a shakgala mme a raya motlhanka wa gagwe a re, ‘Tswela ka bofefo mo ditseleng tse di atlhameng le mebilana ya motse, mme o tlise fano bahumanegi le digole le difofu le ditlhotsa.’+ 22  Morago ga nakwana motlhanka a re, ‘Mong wa me, se o se laetseng se dirilwe, mme go sa ntse go na le manno.’ 23  Mme mong wa gagwe a raya motlhanka a re, ‘Tswela mo ditseleng+ le mafelo a a ageletsweng, mme o ba patelele go tsena, gore ntlo ya me e tle e tlale.+ 24  Gonne ke lo raya ke re, Ga go na ope wa banna bao ba ba neng ba laleditswe yo o tla utlwang dijo tsa me tsa maitseboa.’”+ 25  Jaanong boidiidi jo bogolo jwa bo bo le mo loetong le ene, mme a retologa a ba a ba raya a re: 26  “Fa mongwe a tla mo go nna mme a sa tlhoa rraagwe le mmaagwe le mosadi le bana le bomorwarraagwe le bomorwadiarraagwe, ee, le e leng moya wa gagwe,+ ga a ka ke a nna morutwa wa me.+ 27  Le fa e le mang yo o sa sikareng kota ya gagwe ya tlhokofatso mme a tla kafa morago ga me ga a ka ke a nna morutwa wa me.+ 28  Ka sekai, ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a bo a bala ditshenyegelo,+ go bona gore a o na le mo go lekaneng go e wetsa? 29  Go seng jalo, o ka nna a thaya motheo wa yone mme a ba a sa kgone go e fetsa, mme botlhe ba ba lebeletseng ba ka nna ba simolola go mo sotla, 30  ba re, ‘Monna yono o ne a simolola go aga mme a se ka a kgona go fetsa.’ 31  Kgotsa ke kgosi efe, e e reng e gwantela go ya go kgatlhana le kgosi e nngwe mo ntweng, e se keng e nna fa fatshe pele e bo e batla kgakololo gore a e a kgona ka mephato ya masole e le dikete di le lesome go emelelana le e e tlang kgatlhanong le yone ka dikete di le masome a mabedi?+ 32  Tota e bile, fa e sa tle go kgona, e tla re e sa ntse e le kgakala thata e rome setlhopha sa baemedi e bo e rapelela kagiso.+ 33  Ka gone, o ka tlhomamisega gore, ope wa lona yo o sa kgaoganeng+ le dilo tsa gagwe tsotlhe ga a ka ke a nna morutwa wa me. 34  “Letswai, eleruri, le molemo. Mme fa le e leng letswai le tswapoga, ke eng se le tla lokwang ka sone?+ 35  Ga le a tshwanela mmu le fa e le motshotelo. Batho ba le latlhela kwa ntle. A yo o nang le ditsebe tsa go reetsa, a reetse.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase