Luke 20:1-47

20  Mo go lengwe la malatsi fa a ne a ntse a ruta batho mo tempeleng e bile a bolela dikgang tse di molemo, baperesiti ba bagolo le bakwadi ba na le banna ba bagolwane ba atamela,+  ba buela kwa godimo, ba mo raya ba re: “Re bolelele gore o dira dilo tseno ka taolo efe, kgotsa ke mang yo o go neileng taolo+ eno.”  Fa a fetola a ba raya a re: “Le nna ke tla lo botsa potso, mme lo mpolelele:+  A kolobetso ya ga Johane e ne e tswa legodimong kgotsa mo bathong?”+  Foo ba dira ditshwetso mo gare ga bone, ba re: “Fa re ka re, ‘E ne e tswa legodimong,’ o tla re, ‘Ke ka ntlha yang lo ne lwa se ka lwa mo dumela?’+  Mme fa re ka re, ‘E ne e tswa mo bathong,’ batho botlhe fela ba tla re kgobotletsa ka maje,+ gonne ba tlhomamisegile gore Johane+ e ne e le moporofeti.”+  Jalo ba araba ka go re ba ne ba sa itse gore e tswa kae.  Mme Jesu a ba raya a re: “Le nna ga ke lo bolelele gore ke dira dilo tseno ka taolo efe.”+  Foo a bolelela batho setshwantsho seno: “Monna mongwe o ne a jala tshimo ya mofine+ a ba a e hirisetsa badiri ba mo tshimong, mme a tsaya loeto ka nako e telele+ a ya nageng e e kgakala. 10  Mme ka paka e e leng yone a roma motlhanka+ mongwe kwa badiring ba mo tshimong,+ gore ba mo neye mangwe a maungo a tshimo ya mofine.+ Le fa go ntse jalo, badiri ba mo tshimong ba mo tsamaisa a iphotlhere,+ fa ba sena go mo itaya. 11  Mme a boa a romela motlhanka o sele kwa go bone. Yoo le ene ba mo itaya ba bo ba mo tlontlolola mme ba mo tsamaisa a iphotlhere.+ 12  A boa gape a roma wa boraro;+ yono le ene ba mo ntsha dintho mme ba mo latlhela kwa ntle. 13  Morago ga moo mong wa tshimo ya mofine a re, ‘Ke tla dirang? Ke tla roma morwaake e bong moratwa.+ Gongwe ba tla mo tlotla.’ 14  E rile badiri ba mo tshimong ba tshogana ka ba mmona ba simolola go akantshana, ba re, ‘Yono ke moruaboswa; a re mmolayeng, gore boswa e tle e nne jwa rona.’+ 15  Foo ba mo latlhela kwa ntle+ ga tshimo ya mofine ba bo ba mmolaya.+ Jalo, mong wa tshimo ya mofine o tla ba dirang?+ 16  O tla tla mme a senye badiri bano ba mo tshimong mme o tla naya ba bangwe tshimo ya mofine.”+ Fa ba utlwa seno ba re: “Le ka motlha e kete seo se ka se diragale!” 17  Mme a ba leba a re: “Jaanong, se se kwadilweng seno se rayang, ‘Leje le baagi ba neng ba le gana,+ leno jaanong ke leje la sekhutlo le legolo’?+ 18  Mongwe le mongwe yo o welang mo lejeng leo o tla tshwetlakanngwa.+ Mme motho yo le welang+ mo go ene, le tla mo sila.”+ 19  Bakwadi le baperesiti ba bagolo jaanong ba batla go mo tsenya diatla ka yone nako eo, mme ba ne ba boifa batho; gonne ba ne ba lemoga gore o ne a bua setshwantsho seno a akantse ka bone.+ 20  Mme, fa ba sena go mo lepa ka kelotlhoko, ba roma banna ba ba neng ba thapilwe ka sephiri gore ba itire e kete ba siame, gore ba tle ba mo tshware+ mo puong, gore ba mo neele mo pusong le mo taolong ya molaodi.+ 21  Mme ba mmotsa, ba re: “Moruti, re a itse gore o bua sentle e bile o ruta sentle e bile ga o bontshe tlhaolele, mme o ruta tsela ya Modimo tumalanong le boammaaruri:+ 22  A go kafa molaong gore re duele Kaesara lekgetho kgotsa nnyaa?”+ 23  Le fa go ntse jalo a lemoga boferefere jwa bone mme a ba raya a re:+ 24  “Mpontshang denario. E na le setshwantsho sa ga mang le mokwalo?” Ba re: “Tsa ga Kaesara.”+ 25  A ba raya a re: “Ruri, he, duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara,+ mme Modimo dilo tsa Modimo.”+ 26  Mme ba ne ba sa kgone go mo tshwara mo lefokong leno fa pele ga batho, mme, e re ka ba gakgamaletse karabo ya gagwe, ba se ka ba bua sepe.+ 27  Le fa go ntse jalo, bangwe ba Basadukae, ba ba reng ga go na tsogo ya baswi, ba tla+ mme ba mmotsa, 28  ba re: “Moruti, Moshe+ o ne a re kwalela a re, ‘Fa morwarramotho a swa a na le mosadi, mme yono a ne a se na ngwana, morwarraagwe+ o tshwanetse go tsaya mosadi yono mme a tsosetse morwarraagwe losika ka ene.’+ 29  Jalo go ne go na le bana ba motho ba le supa; wa ntlha a tsaya mosadi mme a swa a se na ngwana.+ 30  Le wa bobedi jalo, 31  mme wa boraro a mo tsaya. Ka tsela e e tshwanang le wa bosupa: ba ne ba se ka ba tlogela bana kwa morago, mme ba swa.+ 32  La bofelo, mosadi le ene a swa.+ 33  Ka gone, mo tsogong ya baswi, o nna mosadi wa ofe wa bone? Gonne ba ba supa bano ba ne ba mo tsaya go nna mosadi wa bone.”+ 34  Jesu a ba raya a re: “Bana ba tsamaiso eno ya dilo ba a nyala+ e bile ba neelwa nyalong, 35  mme ba ba kailweng ba tshwanela+ go bona tsamaiso ele ya dilo+ le tsogo ya baswi+ ga ba nyale le gone ga ba neelwe nyalong. 36  Tota e bile, le gone ga ba ka ke ba tlhola ba swa,+ gonne ba tshwana le baengele, e bile ke bana ba Modimo ka go nna bana ba tsogo ya baswi.+ 37  Mme gore baswi ba a tsosiwa le e leng Moshe o ne a go bolela, mo polelong ka ga setlhatshana se se mitlwa,+ fa a bitsa Jehofa ‘Modimo wa ga Aborahame le Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe.’+ 38  Ke Modimo, e seng wa baswi, mme wa batshedi, gonne botlhe ba a tshela mo go ene.”+ 39  Fa bakwadi bangwe ba arabela ba re: “Moruti, o buile sentle.” 40  Gonne ba ne ba sa tlhole ba na le bopelokgale jwa go mmotsa potso le fa e le nngwe. 41  Le ene a ba raya a re: “Go tla jang gore ba re Keresete ke morwa Dafide?+ 42  Gonne Dafide ka boene o bua jaana mo bukeng ya Dipesalema, ‘Jehofa o ne a raya Morena wa me a re: “Nna kafa seatleng sa me sa moja 43  go fitlha ke baya baba ba gago gore e nne sebeo sa dinao tsa gago.”’+ 44  Ka gone, Dafide o mmitsa ‘Morena’; jalo go tla jang gore a bo a le morwawe?” 45  Foo, fa batho botlhe ba ne ba ntse ba reeditse a raya barutwa+ a re: 46  “Tlhokomelang bakwadi ba ba eletsang go ebela ba apere diaparo tse di telele e bile ba rata ditumediso mo marekisetsong le ditulo tse di kwa pele mo disinagogeng le mafelo a a tlhomologileng thata mo dijong tsa maitseboa,+ 47  le ba ba tsuputsang matlo a batlholagadi+ mme ba dira dithapelo tse ditelele e le seipato. Bano ba tla amogela katlholo e e boima segolo.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase