Luke 17:1-37

17  Foo a raya barutwa ba gagwe a re: “Go tla ga dilo tse di kgopisang ga go ka ke ga tilwa.+ Le fa go ntse jalo, a bo go latlhega yo di tlang ka ene!+  Go ne go tla nna mosola segolo mo go ene fa lelwala le ne le ka gokelelwa mo thamong ya gagwe a ba a latlhelwa mo lewatleng+ go na le gore a kgopise mongwe wa ba bannye bano.+  Itlhokomeleng. Fa mokaulengwe wa gago a dira boleo mo kgaleme,+ mme fa a ikwatlhaya mo itshwarele.+  Le fa a go leofela makgetlo a le supa ka letsatsi mme a boela mo go wena makgetlo a le supa, a re, ‘Ke a ikwatlhaya,’ o tshwanetse go mo itshwarela.”+  Jaanong baaposetoloi ba raya Morena ba re: “Re ne-ye tumelo e e oketsegileng.”+  Foo Morena a re: “Fa lo ne lo na le tumelo e e lekanang le tlhaka ya mosetara, lo ne lo tla raya setlhare seno sa mmurubele o montsho lo re, ‘Kumoga mme o jalege mo lewatleng!’ mme se ne se tla lo utlwa.+  “Ke mang wa lona yo fa motlhanka wa gagwe a lema kgotsa a tlhokometse letsomane a tla mo rayang fa a tsena a tswa kwa tshimong a re, ‘Akofa o tle kwano mme o nne ka go sekama fa tafoleng’?  Go na le moo, a ga a na a mo raya a re, ‘Mpaakanyetsa sengwe gore ke je sejo sa me sa maitseboa, mme o apare khiba o bo o ntirele go fitlha ke fetsa go ja le go nwa, mme morago ga moo o ka nna wa ja wa ba wa nwa’?  Ga a na go ikutlwa a leboga motlhanka ka gonne a dirile dilo tse a di abetsweng, ga ke re? 10  Jalo, le lona, fa lo dirile dilo tsotlhe tse lo di abetsweng, lo re, ‘Re batlhanka ba ba se nang molemo wa sepe.+ Se re se dirileng ke se re tshwanetseng go bo re ne re se dirile.’” 11  Mme fa a ne a ya kwa Jerusalema o ne a feta a raletse Samarea le Galalea+ fa gare. 12  Mme fa a ne a tsena mo motsaneng mongwe banna ba le lesome ba ba nang le lepero+ ba mo kgatlhantsha, mme ba ne ba emela kgakala thata. 13  Ba tlhatlosa mantswe a bone ba re: “Jesu, Morutisi, re utlwele botlhoko!”+ 14  E rile a ba bona a ba raya a re: “Tsamayang mme lo ipontshe baperesiti.”+ Ya re ba tsamaya ba ntlafadiwa.+ 15  Mongwe wa bone, e rile a bona gore o ne a fodisitswe, a boa, a galaletsa+ Modimo ka lentswe le le kwa godimo. 16  Mme a wela ka sefatlhego fa dinaong tsa ga Jesu,+ a mo leboga; mo godimo ga moo, e ne e le Mosamarea.+ 17  Fa Jesu a fetola a re: “Go ne ga ntlafadiwa ba ba lesome, ga ke re? Janong ba bangwe ba le robongwe ba kae? 18  A go ne ga se ka ga bonwa bape ba ba neng ba boa ba tla go naya Modimo kgalalelo fa e se monna yono wa tšhaba e sele?” 19  Mme a mo raya a re: “Nanoga o tsamaye; tumelo ya gago e go fodisitse.”+ 20  Ya re a bodiwa ke Bafarasai gore bogosi jwa Modimo bo ne bo tla leng,+ a ba araba a re: “Bogosi jwa Modimo ga bo tle bo lemotshega pepenene, 21  le gone batho ba tla bo ba sa re, ‘Bona fano!’ kgotsa, ‘Kwa!’+ Gonne, bonang! bogosi jwa Modimo bo mo gare ga lona.”+ 22  Foo a raya barutwa a re: “Malatsi a tla tla a lo tla eletsang go bona lengwe la malatsi a Morwa motho mme ga lo na go le bona.+ 23  Mme batho ba tla lo raya ba re, ‘Bonang kwa!’ kgotsa, ‘Bonang fano!’+ Lo se ka lwa tswa kgotsa lwa taboga fa morago ga bone. 24  Gonne fela jaaka logadima,+ ka go benya ga lone, lo phatsima go tswa karolong e nngwe kafa tlase ga legodimo go ya karolong e nngwe kafa tlase ga legodimo, Morwa motho+ o tla nna jalo. 25  Le fa go ntse jalo, sa ntlha o tshwanetse go tlelwa ke dipogo di le dintsi a ba a ganwe ke kokomana eno.+ 26  Mo godimo ga moo, fela jaaka go ne ga diragala mo metlheng ya ga Noa,+ go tla nna jalo le mo metlheng ya Morwa motho:+ 27  ba ne ba ja, ba ne ba nwa, banna ba ne ba nyala, basadi ba ne ba neelwa nyalong, go fitlha ka letsatsi leo fa Noa a ne a tsena mo arakeng, mme morwalela wa goroga mme wa ba senya botlhe.+ 28  Ka tsela e e tshwanang, fela jaaka go ne ga diragala mo metlheng ya ga Lote:+ ba ne ba ja, ba ne ba nwa, ba ne ba reka, ba ne ba rekisa, ba ne ba jala, ba ne ba aga. 29  Mme ka letsatsi le Lote a neng a tswa mo Sodoma ka lone go ne ga na molelo le sulefera go tswa legodimong mme tsa ba senya botlhe.+ 30  Go tla nna ka yone tsela eo mo letsatsing leo fa Morwa motho ruri a tla bo a senolwa.+ 31  “Mo letsatsing leo a motho yo o mo godimo ga ntlo mme dilo tsa gagwe tse di ka sutisiwang di le mo ntlong a se ka a fologa go tla go di tsaya, le motho yo o tswetseng kwa tshimong, a ka tsela e e tshwanang a se ka a boela kwa dilong tse di kwa morago. 32  Gakologelwang mosadi wa ga Lote.+ 33  Le fa e le mang yo o batlang go ipolokela moya wa gagwe o babalesegile o tla mo latlhegela, mme le fa e le mang yo o mo latlhegelang o tla kgona go o boloka o tshela.+ 34  Ke a lo bolelela, Mo bosigong joo banna ba le babedi ba tla bo ba le mo bolaong bo le bongwe; yo mongwe o tla tsewa, mme yo mongwe o tla tlogelwa.+ 35  Go tla bo go na le basadi ba le babedi ba sila mo lelwaleng le le lengwe; yo mongwe o tla tsewa, mme yo mongwe o tla tlogelwa.”+ 36  —— 37  Jalo fa ba arabela ba mo raya ba re: “Kae, Morena?” A ba raya a re: “Koo setoto se leng gone,+ dintsu di tla phuthegela gone koo.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase