Luke 13:1-35
13 Mo go yone paka eo go ne go na le bangwe ba ba neng ba mmegela kaga Bagalalea+ ba madi a bone Pilato a neng a a tlhakantse le ditlhabelo tsa bone.
2 Jalo fa a fetola a ba raya a re: “A lo ithaya lo re Bagalalea bano e ne e le baleofi+ ba ba bosula go feta Bagalalea ba bangwe botlhe ka gonne ba bogile dilo tseno?
3 Legoka, ke a lo bolelela; mme, fa lo sa ikwatlhaye, lotlhe lo tla senngwa ka tsela e e tshwanang.+
4 Kgotsa ba ba lesome le borobedi bale ba tora ya Siloame e neng ya wela mo godimo ga bone, ka go rialo e ba bolaya, a lo ithaya lo re ba ne ba le ba molato o mogolo go feta batho botlhe ba bangwe ba ba nnang mo Jerusalema?
5 Legoka, ke a lo bolelela; mme, fa lo sa ikwatlhaye, lotlhe lo tla senngwa ka tsela e e tshwanang.”+
6 Foo a tswelela go bolela setshwantsho seno: “Monna mongwe o ne a na le setlhare sa mofeige se jetswe mo tshimong ya gagwe ya mofine,+ mme a tla go batla maungo mo go sone,+ mme a se ka a a fitlhela.+
7 Foo a raya mmaakanyi wa mofine a re, ‘Jaanong e setse e le dingwaga di le tharo+ ke ntse ke tla go batla maungo mo setlhareng seno sa mofeige, mme ga ke a fitlhela lepe. Se reme!+ Tota ke ka ntlha yang fa se tshwanetse go dira gore mmu e nne o o se nang mosola?’
8 Fa a fetola a mo raya a re, ‘Mong wa me, se lese+ le ngwaga ono, go fitlha ke epa go se dikologa ke bo ke tshela motshotelo;
9 mme fa se ungwa maungo mo isagweng, go tla bo go siame e bile go le molemo; mme fa se sa ungwe, ruri o tla se rema.’”
10 Jaanong o ne a ruta mo go nngwe ya disinagoge ka sabata.
11 Mme, bona! mosadi yo o nang le moya+ wa bokoa ka dingwaga di le lesome le borobedi, o ne a hutagane e bile a sa kgone go ikinamolola ka gope.
12 E rile Jesu a mmona, a bua le ene mme a mo raya a re: “Mosadi, o golotswe+ mo bokoweng jwa gago.”
13 Mme a mmaya diatla; mme ka ponyo ya leitlho a tlhamalala,+ mme a simolola go galaletsa Modimo.
14 Mme fa modiredi yo o okametseng wa sinagoge a arabela, a galefile ka gonne Jesu a ne a alafa ka sabata, a raya boidiidi a re: “Go na le malatsi a le marataro a tiro e tshwanetseng go dirwa mo go one;+ jalo, tlang lo alafiwe mo go one, mme e seng ka letsatsi la sabata.”+
15 Le fa go ntse jalo, Morena a mo araba a re: “Baitimokanyi,+ a mongwe le mongwe wa lona ka sabata ga a golole poo ya gagwe kgotsa esele ya gagwe mo lesakaneng a ba a e isa go ya go e nosa?+
16 A jaanong go ne go sa tshwanela gore mosadi yono yo e leng morwadia Aborahame,+ e bile e le yo Satane a neng a mo tshwere a mmofile, bona! dingwaga di le lesome le borobedi, a bofololwe mo dikgoleng tseno ka letsatsi la sabata?”
17 Ebu, e rile a bua dilo tseno, baganetsi botlhe ba gagwe ba simolola go ikutlwa ba tlhabiwa ke ditlhong; mme boidiidi jotlhe jwa simolola go ipelela dilo tsotlhe tse di galalelang tse a di dirileng.+
18 Jalo a tswelela a re: “Ke eng se bogosi jwa Modimo bo tshwanang le sone, mme ke eng se ke tla bo bapisang le sone?+
19 Bo tshwana le tlhaka ya mosetara e motho a neng a e tsaya mme a e baya mo tshingwaneng ya gagwe, ya gola ya ba ya nna setlhare, mme dinonyane tsa legodimo+ tsa simolola go nna mo dikaleng tsa sone.”+
20 Mme gape a re: “Ke eng se ke tla bapisang bogosi jwa Modimo le sone?
21 Bo tshwana le sebediso, se mosadi mongwe a neng a se tsaya a ba a se fitlha mo dilekanyong tse dikgolo tsa bupi di le tharo go fitlha leribi lotlhe le sena go bela.”+
22 Mme a etela gotlhe go tswa motseng a ya motseng o mongwe le go tswa motsaneng a ya motsaneng o mongwe, a ruta e bile a tswelela mo loetong lwa gagwe go ya Jerusalema.+
23 Jaanong monna mongwe a mo raya a re: “Morena, a ba ba bolokwang ba mmalwa?”+ A ba raya a re:
24 “Itekeng+ ka tlhagafalo go tsena ka kgoro e tshesane,+ ka gonne ba le bantsi, ke a lo bolelela, ba tla batla go tsena mme ga ba na go kgona,+
25 fa fela mong wa ntlo a sena go nanoga a ba a lotlela setswalo, mme lona lo simolola go ema ka kwa ntle lo bo lo kokota fa setswalong, lo re, ‘Rra, re bulele.’+ Mme fa a araba o tla lo raya a re, ‘Ga ke itse kwa lo tswang gone.’+
26 Foo lo tla simolola go re, ‘Re ne ra ja ra ba ra nwa fa pele ga gago, e bile o ne wa ruta mo ditseleng tsa rona tse di atlhameng.’+
27 Mme o tla bua a lo raya a re, ‘Ga ke itse kwa lo tswang gone. Tlogang fa go nna, lona lotlhe badiri ba tshiamololo!’+
28 Ke gone koo selelo sa lona le phuranyo ya meno+ a lona di tla nnang gone, fa lo bona Aborahame le Isake le Jakobe le baporofeti botlhe mo bogosing jwa Modimo,+ fa lona lo latlhetswe kwa ntle.
29 Go feta moo, batho ba tla tla go tswa dikarolong tsa botlhaba le tsa bophirima, le go tswa bokone le borwa,+ mme ba tla nna ka go sekama fa tafoleng mo bogosing jwa Modimo.+
30 Mme, bona! go na le ba e leng ba bofelo ba e tla nnang ba ntlha, e bile go na le ba e leng ba ntlha ba e tla nnang ba bofelo.”+
31 Mo go yone nako eo Bafarasai bangwe ba tla, ba mo raya ba re: “Tswa o tsamaye o tswe fano, ka gonne Herode o batla go go bolaya.”
32 Mme a ba raya a re: “Tsamayang lo bolelele phokoje+ eo lo re, ‘Bona! Ke lelekela madimona kwa ntle e bile ke a fodisa gompieno le ka moso, mme letsatsi la boraro ke tla bo ke feditse.’+
33 Le fa go ntse jalo, ke tshwanetse go tsamaya gompieno le ka moso le letsatsi le le latelang, ka gonne ga go letlelesege gore moporofeti a senyediwe ka kwa ntle ga Jerusalema.+
34 Jerusalema, Jerusalema, mmolai+ wa baporofeti le mokgobotletsi+ wa ba ba rometsweng kwa go ene—a bo ke ne ka batla gantsi jang ne go phutha bana ba gago ka mokgwa o koko e namagadi e phuthelang setlhopha sa dikokwana tsa yone kafa tlase ga diphuka tsa yone ka one,+ mme lo ne lwa gana!+
35 Bonang! Ntlo ya lona+ e tlogeletswe lona. Ke a lo bolelela, Ga lo kitla lo mpona ka gope go fitlha lo re, ‘Go sego yo o tlang mo leineng la ga Jehofa!’”+

