Luke 5:1-39
5 Ka nako ya fa boidiidi bo ne bo mo pitlaganyetsa thata e bile bo reeditse lefoko la Modimo, a bo a eme go bapa le letšha la Genesareta.+
2 Mme a bona mekoro e mebedi e eme fa boemelong jwa dikepe go bapa le letšha, mme batshwaraditlhapi ba bo ba dule mo go yone ba tlhatswa matloa a bone.+
3 E rile a palama mongwe wa mekoro eno, o e neng e le wa ga Simone, a mo kopa gore a katoge lefatshe go sekae. Mme a nna fa fatshe, a simolola go ruta boidiidi a le mo mokorong.+
4 E rile a fetsa go bua, a raya Simone a re: “Suteletsa kwa go leng boteng gone, mme lo digele matloa+ a lona kwa tlase gore lo tshware.”
5 Mme fa Simone a fetola a re: “Morutisi, re dirile ka natla bosigo jotlhe mme ga re a tshwara sepe,+ mme ka taelo ya gago ke tla digela matloa kwa tlase.”
6 Ebu, e rile ba dira seno, ba tswalela ditlhapi di le dintsi thata. Tota e bile, matloa a bone a ne a simolola go gagoga ka bogare.
7 Jalo ba gwetlha balekane ba bone kwa mokorong o mongwe go tla go ba thusa;+ mme ba ne ba tla, mme ba tlatsa mekoro ka bobedi, mo e neng ya simolola go nwela.
8 Fa a bona seno, Simone Petere+ a wela fa fatshe fa mangoleng a ga Jesu, a re: “Tloga fa go nna, ka gonne ke monna yo o nang le boleo, Morena.”+
9 Gonne ya re ba tshwara ditlhapi tse ba neng ba di tshwere a akabala fela thata mmogo le botlhe ba ba neng ba na le ene,
10 le Jakobe le Johane ka go tshwana, bomorwa ba ga Sebede,+ ba ba neng ba kopanetse le Simone. Mme Jesu a raya Simone a re: “Tlogela go boifa. Go tloga jaanong go ya pele o tla bo o tshwara batho ba tshela.”+
11 Jalo ba busetsa mekoro morago kwa lefatsheng, mme ba tlogela sengwe le sengwe ba mo sala morago.+
12 Ka nako e nngwe gape fa a ne a sa ntse a le kwa go mongwe wa metse, bona! monna mongwe yo o tletseng lepero! E rile a tshogana ka a bona Jesu, a wa ka sefatlhego a mo lopa, a re: “Morena, fa fela o batla, o ka mphepafatsa.”+
13 Mme jalo, ya re a otlolola seatla sa gagwe, a mo ama, a re: “Ke a batla. Phepafadiwa.” Ka yone nako eo lepero la nyelela mo go ene.+
14 Mme a naya monna yono ditaelo gore a se ka a bolelela ope:+ “Mme tswa o tsamaye o ye go ipontsha moperesiti,+ mme o dire tshupelo+ ka ga go ntlafadiwa ga gago, fela jaaka Moshe a kaetse, gore e nne bosupi mo go bone.”+
15 Mme lefoko ka ga gagwe le ne le anama le go feta, mme boidiidi jo bogolo jwa phuthega mmogo go tla go reetsa le go alafiwa dipobolo tsa bone.+
16 Le fa go ntse jalo, a tswelela a le nosi kwa dikakeng e bile a rapela.+
17 O ne a ruta fa lengwe la malatsi le ntse le tsweletse, mme Bafarasai le barutisi ba molao ba ba neng ba dule mo motsaneng mongwe le mongwe wa Galalea le Judea le Jerusalema ba ne ba ntse koo; mme maatla a ga Jehofa a ne a le gone gore a fodise.+
18 Mme, bona! banna ba kukile ka bolao monna yo o neng a sule ditokololo, mme ba ne ba batla tsela ya go mo tsenya mo teng le go mmaya fa pele ga gagwe.+
19 Jalo, ka ba ne ba sa bone tsela ya go mo tsenya mo teng ka ntlha ya boidiidi, ba palamela kwa borulelong, mme ba mo folosetsa kwa tlase ka bolawana mo gare ga ba ba fa pele ga ga Jesu, ba mo fetisa ka dithulelo.+
20 E rile a bona tumelo ya bone a re: “Monna, maleo a gago o a itshwaretswe.”+
21 Foo bakwadi le Bafarasai ba simolola go akanya, ba re: “Ke mang yono yo o buang ditlhapatso?+ Ke mang yo o ka itshwarelang maleo fa e se Modimo a le nosi?”+
22 Mme Jesu, ka a lemoga dikakanyo tsa bone, fa a araba a ba raya a re: “Lo akanya eng mo dipelong tsa lona?+
23 Ke eng se se motlhofo segolo, go re, ‘Maleo a gago o a itshwaretswe,’ kgotsa go re, ‘Ema o tsamaye’?+
24 Mme gore lo itse gore Morwa motho o na le taolo mo lefatsheng ya go itshwarela maleo—” a raya monna yo o suleng ditokololo a re: “Ke a go raya, Ema o tseye bolawana jwa gago mme o tswe o ye gae.”+
25 Mme ka ponyo ya leitlho a tsoga fa pele ga bone, a tsaya se a neng a tle a lale mo go sone mme a tswa a ya legaeng la gagwe, a galaletsa Modimo.+
26 Botlhe fela ba tlhapelwa ke boitumelo,+ ba simolola go galaletsa Modimo, mme ba tlala poifo, ba re: “Re bone dilo tse di sa tlwaelegang gompieno!”+
27 Jaanong morago ga dilo tseno a tswa mme a bona mokgethisi yo o bidiwang Lefi a ntse fa ofising ya lekgetho, a mo raya a re: “Nna molatedi wa me.”+
28 Mme a tlogela sengwe le sengwe+ kwa morago a ema mme a mo sala morago.
29 Gape, Lefi a mo direla modiro wa mokete o mogolo wa kamogelo mo ntlong ya gagwe; mme ga bo go na le boidiidi jo bogolo jwa bakgethisi le ba bangwe ba ba neng ba na le bone ba ntse ka go sekama baa ja.+
30 Foo Bafarasai le bakwadi ba bone ba simolola go ngongorega mo barutweng ba gagwe, ba re: “Ke ka ntlha yang lo ja e bile lo nwa le bakgethisi le baleofi?”+
31 Fa Jesu a fetola a ba raya a re: “Ba ba itekanetseng ga ba tlhoke ngaka,+ mme ba ba bobolang ba a e tlhoka.+
32 Ke tlile go biletsa, e seng batho ba ba siameng, mme baleofi kwa boikwatlhaong.”+
33 Ba mo raya ba re: “Barutwa ba ga Johane ba itima dijo gangwe le gape e bile ba isa mekokotlelo, mme le ba Bafarasai ba dira jalo, mme ba gago ba a ja e bile ba a nwa.”+
34 Jesu a ba raya a re: “Ga lo ka ke lwa dira gore ditsala tsa monyadi di itime dijo fa monyadi a sa ntse a na le tsone, ga ke re?+
35 Le fa go ntse jalo malatsi a tla tla a eleruri monyadi+ o tla tlosiwang mo go tsone,+ ke gone ba tla itimang dijo mo malatsing ao.”+
36 Gape, a tswelela a ba naya setshwantsho a re: “Ga go na ope yo o segang sebata mo seaparong sa kafa ntle se sesha a bo a se rokelela mo seaparong sa kafa ntle se segologolo; mme fa a ka dira jalo, sebata se sesha se a gagoga le sebata se se tswang mo seaparong se sesha ga se tshwanelane le se segologolo.+
37 Mo godimo ga moo, ga go na ope yo o tshelang beine e ntšha mo mehalong ya beine e megologolo; fa a ka dira jalo, he beine e ntšha e tla phanya mehalo ya beine,+ mme e tla tshologa mme mehalo ya beine e tla senyega.+
38 Mme beine e ntšha e tshwanetse go tshelwa mo mehalong e mesha ya beine.
39 Ga go na ope yo o noleng beine ya bogologolo yo o batlang e ntšha; gonne a re, ‘Ya bogologolo+ e monate.’”