Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE YA RENG

Mesia

Mesia

Baebele e ne ya bolelela pele gore Mesia o ne a tla tla mo lefatsheng mme a golole batho mo bolwetseng, mo pogong le mo losong. A Jesu Keresete ke ene Mesia?

Batho ba ne ba tla lemoga Mesia jang?

Boporofeti jwa Baebele jwa re Mesia kgotsa Keresete o ne a tla diragatsa dikarolo tse pedi tse di neng di tla direga ka nako e e sa tshwaneng. * O ne a tla diragatsa karolo ya ntlha e le motho. Gore batho ba kgone go mo lemoga, bakwadi ba Baebele ba ne ba bolelela pele ka botshelo le bodiredi jwa gagwe. Tota e bile, boporofeti jwa Baebele bo bua thata ka “go naya bosupi ka Jesu.”—Tshenolo 19:10.

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a bontsha maoko a se a tla se direlang batho fa e le sebopiwa sa moya

SE BAEBELE E SE BUANG

Mesia o ne a tla . . .

Boporofeti jono jotlhe le jo bongwe bo diragaditswe mo go Jesu. Gape o ne a fodisa balwetse a bo a tsosa baswi. Seno se re tlhomamisetsa gore e ne e le Mesia e bile se re thusa go dumela mo dilong tse Baebele e reng o tla di direla batho mo lefatsheng lotlhe mo isagweng. (Luke 7:21-23; Tshenolo 21:3, 4) Fa Jesu a sena go tsosiwa, o ne a nna mo ‘seatleng sa moja’ sa Modimo a letetse go wetsa tiro ya gagwe e le Mesia.—Pesalema 110:1-6.

“Fa Keresete a goroga, ga a kitla a dira ditshupo tse di fetang tse monna yono o di dirileng, ga ke re?”Johane 7:31.

Mesia o tla dira tiro efe?

Bajuda ba mo motlheng wa ga Jesu ba ne ba solofetse gore Mesia o tla ba golola mo pusong ya Baroma a bo a busa Iseraele. (Ditiro 1:6) Balatedi ba ga Jesu ba Bajuda ba ne ba tlhaloganya moragonyana gore o ne a tla diragatsa karolo ya gagwe a le kwa legodimong e le sebopiwa se se maatla sa moya e bile a neilwe taolo yotlhe.—Mathaio 28:18.

SE BAEBELE E SE BUANG

Mo karolong ya bobedi, Mesia o tla . . .

Jesu o diragaditse karolo ya ntlha e le Mesia. O tla diragatsa le ya bobedi. Ka jalo, batho ba ba botlhale ba ithuta ka ene ka tlhoafalo ka gonne Jesu o ne a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo.”—Johane 14:6.

“Mo metlheng ya gagwe mosiami o tla tlhoga, le letlotlo la kagiso go fitlha ngwedi e sa tlhole e le teng. O tla nna le babusiwa . . . go ya kwa mafelelong a lefatshe.” Pesalema 72:7, 8.

^ ser. 5 “Mesia” ke lefoko la Sehebera mme le le tshwanang le lone la Segerika ke “Keresete.”—Johane 1:41.

^ ser. 7 Ditemana tsa ntlha di bua ka boporofeti; tsa bobedi di tlhalosa kafa bo diregileng ka gone.