SETLHOGO SA KA FA NTLE
A Baebele E ka Go Thusa?
“E ne e le la ntlha ke itumela mo botshelong.”
HILTON o ne a rata motshameko wa mabole. Fa a na le dingwaga di le supa, o ne a lwa mo mosakong le fa a se mo go one! Fa a le kwa sekolong se segolwane, o ne a tle a tsamayetsamaye le ditsala tsa gagwe a batla mongwe yo a ka mo itayang. A re: “Ke ne ke utswa, ke betšha, ke leba tshedimosetso ya thobalano, ke sotla basadi e bile ke roga batsadi ba me. Tsela e ke neng ke itshwara ka yone e ne e dira gore batsadi ba me ba ntlhoboge. Fa ke sena go fetsa kwa sekolong se segolwane, ke ne ka tswa mo lapeng.”
Fa Hilton a boela gae dingwaga di le 12 moragonyana, batsadi ba gagwe ba ne ba sa dumele gore yono ke morwaabone! O ne a ritibetse, a se bogale e bile a le maitseo. O fetotswe ke eng? Fa a dule mo lapeng, o ne a simolola go akanya thata ka gore o tshelela eng. Gape o ne a ithuta Baebele go bona gore e ne e ka mo thusa jang go fetola tsela e a neng a tshela ka yone. Hilton a re: “Ke ne ka dirisa se ke neng ke se ithuta mo Baebeleng, ka tlogela mekgwa e e sa siamang mme ka ikobela taelo e e mo go Baefeso 6:2, 3 ya gore ke tlotle batsadi ba me. E ne e le la ntlha ke itumela mo botshelong ke bo ke ipedisa pelo ya ga mmè le rre go na le go ba ngomola pelo!”
Kgang ya ga Hilton e bontsha kafa melaometheo ya Baebele e leng botlhokwa ka gone le kafa e kgonang go fetola matshelo a batho ka gone. (Bahebera 4:12) A re sekaseke mengwe ya melaometheo eo—e e akaretsang boikanyegi, boikgapo, boikanyegi mo lenyalong le lorato—le kafa e ka tokafatsang botshelo ka gone.