Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A BAEBELE E KA GO THUSA?

Melaometheo e e Thusang Batho Botlhe—Boikanyegi

Melaometheo e e Thusang Batho Botlhe—Boikanyegi

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Ke mang yo o tla nnang molalediwa mo mogopeng wa [Modimo]? . . . Ke yo o tsamayang ka go tlhoka molato le yo o dirang tshiamo e bile a bua boammaaruri mo pelong ya gagwe.”Pesalema 15:1, 2.

MELEMO: Batho ba bantsi ba a ikanyega. Mme go tweng fa tshono ya gore motho a itirele poelo ka boferefere e tlhaga—e bile go se ope yo o ka itseng ka gone? Ka nako eo se tota motho a leng sone se a senoga.

Raquel, yo o dirang tiro ya go reka dilwana a re: “Baemedi bangwe ba kgwebo ba ne ba ntsholofetsa pipamolomo. Ba ne ba nthaya ba re fa nka reka dilwana tsa bone ba tla nnaya madi mangwe go na le go a romela kwa khampaning ya rona. Mme ke ne ka gopola kgakololo nngwe ya Baebele malebana le go ikanyega ke bo ke gana. Manejara o ne a utlwela ka kgang eno mme seo sa dira gore a ntshepe le go feta.”

Fa Raquel a ka bo a ile a tsaya pipamolomo eo, o ne a tla nna le madi a mantsi ka bonako. Mme go ne go tla diregang fa mothapi wa gagwe a neng a ka utlwela ka gone? A Raquel o ne a se kitla a senyegelwa ke tiro? Mme gone a o ne a tla bona tiro e nngwe? Raquel o ne a bona go le botlhokwa gore a dire se se siameng le go tlotliwa ke batho. Diane 22:1 ya re: “Go tshwanetse ga tlhophiwa leina go na le dikhumo tse dintsi; go amogelwa go botoka go na le selefera le gouta.”

Jessie o itsege e le modiri yo o ikanyegang

Jessie le ene o ne a dira gore mothapi wa gagwe a mo ikanye. Go ne ga felela ka eng? O ne a tlhatlosiwa maemo gore a nne manejara a bo a fokolediwa diura tsa tiro. Seo sa dira gore a kgone go fetsa nako e ntsi le mosadi wa gagwe le bana le go dira dilo tse di amanang le bodumedi.

Fa bathapi ba hira batho, bangwe ba bone ba batla batho ba go itsegeng gore ba a ikanyega. Ka sekai, manejara wa khampani nngwe kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Philippine o ne a kwalela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa a ba itsise gore go na le tiro e a ka e nayang Basupi. A re: “Ba dira ka natla, ba a ikanyega e bile ba dira tiro e e duleng diatla.” Mme kgalalelo e ya kwa go Jehofa Modimo yo o re rutang gore re ‘tlhoe se se bosula, mme re rate se se molemo.’—Amose 5:15.