Ditiragalo wa Ntlha 21:1-30

  • Dafide o bala batho a sa tshwanela (1-6)

  • Kotlhao e e tswang kwa go Jehofa (7-17)

  • Dafide o aga sebeso (18-30)

21  Go tswa foo, Satane* o ne a dira tshwetso ya go tlhasela Baiseraele mme a tlhotlheletsa Dafide gore a bale Baiseraele.+ 2  Ka jalo, Dafide o ne a raya Joabe+ le balaodi ba batho a re: “Tsamayang lo ye go bala Baiseraele go simologa kwa Beere-sheba go ya kwa Dana;+ go tswa foo, lo tle go mpegela gore ke tle ke itse palo ya bone.” 3  Le fa go ntse jalo, Joabe o ne a re: “E kete Jehofa a ka oketsa batho ba gagwe ka makgetlo a le 100! Morena wa me kgosi, a batho bano botlhe ga se batlhanka ba gago morena wa me? Ke ka ntlha yang fa morena wa me a batla go dira seno? Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tlisetsa Iseraele molato?” 4  Mme lefoko la kgosi le ne le le maatla go feta la ga Joabe. Ka jalo, Joabe o ne a tswa mme a ralala lefatshe lotlhe la Iseraele, morago ga moo o ne a boela mo Jerusalema.+ 5  Jaanong Joabe o ne a naya Dafide palo ya batho ba ba kwadisitsweng. Iseraele e ne e na le banna ba ba tshotseng ditšhaka ba le 1 100 000, mme banna ba Juda ba ba tshotseng ditšhaka ba ne ba le 470 000.+ 6  Le fa go ntse jalo, lotso lwa ga Lefi le lwa ga Benjamine lo ne lo sa kwadisiwa,+ ka gonne Joabe o ne a kgopisitswe ke lefoko la kgosi.+ 7  Jaanong seno se ne sa kgopisa Modimo wa boammaaruri fela thata, ka jalo o ne a kgemetha Iseraele. 8  Foo Dafide o ne a raya Modimo wa boammaaruri a re: “Ke leofile+ thata ka go dira seno. Mme jaanong, tsweetswee intshwarele phoso e ke e dirileng,+ ka gonne ke dirile boeleele tota.”+ 9  Go tswa foo, Jehofa o ne a bua le Gada,+ yo e neng e le mmoni wa diponatshegelo wa ga Dafide, a re: 10  “Tsamaya mme o reye Dafide o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “Ke go naya dilo di le tharo gore o tlhophe mo go tsone. Itlhophele se le sengwe se o batlang gore ke se go tlisetse.”’” 11  Ka jalo, Gada o ne a ya kwa go Dafide mme a mo raya a re: “Seno ke se Jehofa a se buang, ‘Itlhophele 12  gore a go tle dingwaga di le tharo tsa leuba,+ kgotsa gore o bolawe ke baganetsi ba gago dikgwedi di le tharo fa baba ba gago ba ntse ba go lelekisa ka tšhaka,+ kgotsa gore o tlelwe ke tšhaka ya ga Jehofa malatsi a le mararo, e leng bolwetse jwa leroborobo,+ fa moengele wa ga Jehofa a tla bo a senya+ mo nageng yotlhe ya Iseraele.’ Jaanong akanyetsa karabo e ke tla e nayang Yo o nthomileng.” 13  Ka jalo, Dafide o ne a raya Gada a re: “Seno se ntshwenya thata. Tsweetswee, mma ke wele mo seatleng sa ga Jehofa, ka gonne kutlwelobotlhoko ya gagwe e kgolo thata;+ mme o se ka wa ntetla gore ke wele mo seatleng sa motho.”+ 14  Foo Jehofa o ne a tlisa bolwetse jwa leroborobo+ mo Iseraele, mme go ne ga swa batho ba le 70 000 mo Iseraele.+ 15  Mo godimo ga moo, Modimo wa boammaaruri o ne a roma moengele kwa Jerusalema gore a e senye; le fa go ntse jalo, fela fa a ne a tloga a dira jalo, Jehofa o ne a bona seo a bo a ikwatlhaela* masetlapelo ao,+ mme o ne a raya moengele yo o neng a senya a re: “Go lekane!+ Jaanong diga seatla sa gago.” Moengele wa ga Jehofa o ne a eme gaufi le seboana sa ga Orenane+ wa Mojebuse.+ 16  E rile Dafide a tsholetsa matlho, o ne a bona moengele wa ga Jehofa a eme fa gare ga lefatshe le magodimo a somotse tšhaka+ ya gagwe a e tshwere ka seatla a e otlololetse ntlheng ya Jerusalema. Ka yone nako eo, Dafide le bagolwane ba ne ba wela fa fatshe ka difatlhego ba apere letsela la kgetsi.+ 17  Dafide o ne a raya Modimo wa boammaaruri a re: “A ga se nna yo ke neng ka laela gore go balwe batho? Ke nna ke leofileng e bile ke nna ke dirileng phoso;+ mme dinku tseno tsone di dirile eng? Ao tlhe Jehofa Modimo wa me, tsweetswee, otlhaya nna le ba lelapa la ga rre fela; mme o se ka wa tlisa petso eno mo bathong ba gago.”+ 18  Go tswa foo, moengele wa ga Jehofa o ne a raya Gada+ a re a bolelele Dafide gore a tsamaye mme a ye go agela Jehofa sebeso kwa seboaneng sa ga Orenane wa Mojebuse.+ 19  Ka jalo, Dafide o ne a tsamaya go dumalana le se Gada a neng a se buile mo leineng la ga Jehofa. 20  Mo nakong eo, Orenane o ne a retologa mme a bona moengele, mme bomorwawe ba banê ba ba neng ba na le ene ba ne ba iphitlha. Orenane o ne a ntse a photha korong. 21  E rile Dafide a goroga kwa go Orenane, o ne a leba mme a bona Dafide, mme ka yone nako eo a tswa mo seboaneng a bo a ikoba fa pele ga ga Dafide sefatlhego sa gagwe se lebile fa fatshe. 22  Dafide o ne a raya Orenane a re: “Nthekisetse* setsha sa seboana, gore ke agele Jehofa sebeso mo go sone. Se nthekisetse ka tlhwatlhwa e e feletseng, gore petso e e wetseng batho e tle e emisiwe.”+ 23  Le fa go ntse jalo, Orenane o ne a raya Dafide a re: “Se tseye e nne sa gago, mme morena wa me kgosi, dira se o bonang se le molemo mo go wena.* Bona, ke go naya le dikgomo gore e nne tsa ditlhabelo tse di fisiwang le selei sa go photha+ gore e nne dikgong le korong e le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka. Ke go di naya tsotlhe fela.” 24  Le fa go ntse jalo, Kgosi Dafide o ne a raya Orenane a re: “Nnyaa, ke tshwanetse go se reka ka tlhwatlhwa e e feletseng, ka gonne ga nkitla ke tsaya se e leng sa gago ke bo ke se naya Jehofa kgotsa ke ntsha ditlhabelo tse di fisiwang tse ke sa di duelelang.”+ 25  Ka jalo, Dafide o ne a naya Orenane dishekele* tsa gauta di le 600 tse di lekantsweng a reka setsha seo. 26  Mme Dafide o ne a agela Jehofa sebeso+ foo a bo a ntsha ditlhabelo tse di fisiwang le ditlhabelo tsa go abelana, mme o ne a rapela Jehofa, yo jaanong a neng a mo araba ka molelo+ o o tswang kwa magodimong, o o neng wa tla mo sebesong sa ditlhabelo tse di fisiwang. 27  Go tswa foo, Jehofa o ne a laela moengele+ gore a busetse tšhaka ya gagwe mo kgetsaneng ya yone. 28  Ka nako eo, e rile Dafide a bona gore Jehofa o ne a mo arabile kwa seboaneng sa ga Orenane wa Mojebuse, o ne a tswelela a ntsha ditlhabelo koo. 29  Le fa go ntse jalo, ka nako eo motlaagana wa ga Jehofa o Moshe a neng a o dirile kwa nageng le sebeso sa ditlhabelo tse di fisiwang di ne di le kwa lefelong le le kwa godimo le le boitshepo kwa Gibeone.+ 30  Mme gone, Dafide o ne a ise a kgone go ya fa pele ga sone go ya go kopa kgakololo mo Modimong, ka gonne o ne a tshogile ka ntlha ya tšhaka ya moengele wa ga Jehofa.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa gongwe “moganetsi.”
^ Kgotsa “hutsafadiwa ke.”
^ Seheb., “Nneye.”
^ Seheb., “se se molemo mo matlhong a gagwe.”
^ Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.