Filemone 1:1-25

  • Ditumediso (1-3)

  • Lorato le tumelo ya ga Filemone (4-7)

  • Paulo o buelela Onesimo (8-22)

  • Ditumediso tsa bofelo (23-25)

 Nna Paulo, ke tshwerwe+ ka gonne ke direla Keresete Jesu. Ke na le Timotheo+ mokaulengwe wa rona mme ke kwalela Filemone, modirimmogo le rona yo o rategang,  mmogo le Apefia kgaitsadiarona, Arekipo+ lesolemmogo le rona le phuthego e e kopanelang mo ntlong ya gago:+  E kete Modimo Rraarona le Morena Jesu Keresete ba ka lo naya bopelonomi jo bogolo* le kagiso.  Ka metlha ke leboga Modimo fa ke go umaka mo dithapelong tsa me,+  fa ke ntse ke utlwalela ka tumelo ya gago le tsela e o ratang Morena Jesu le ba ba boitshepo ka yone.  Ke rapelela gore tumelo e wena le ba bangwe lo nang le yone e go thuse go lemoga gore re ne ra amogela sengwe le sengwe se se molemo ka ntlha ya ga Keresete.  Mokaulengwe, ke ne ka itumela thata ka bo ka gomotsega fa ke utlwa kafa o ratang bakaulengwe ba gago ka gone, ka gonne o nonotshitse dipelo tsa ba ba boitshepo.  Ka ntlha ya seno, le fa ke gololesegile go go laela gore o dire se se tshwanetseng ka gonne ke le moaposetoloi wa ga Keresete,  ke go rotloetsa ka lorato, e re ka nna Paulo ke le monna yo o godileng, e bile gape ke le legolegwa ka ntlha ya ga Keresete Jesu. 10  Ke ikuela kwa go wena ka ga ngwanake e bong Onesimo,+ yo ke neng ka nna rraagwe+ fa ke ntse ke le mo kgolegelong.* 11  O ne a se na mosola mo go wena, mme jaanong o na le mosola mo go wena le mo go nna. 12  Ke mmusetsa kwa go wena, ene yo ke mo ratang thata. 13  Ke ne nka rata gore a tswelele a na le nna gore a ntirele mo boemong jwa gago fa ke le mo kgolegelong ka gonne ke rera dikgang tse di molemo.+ 14  Mme ga ke batle go dira sepe ke se na tetla ya gago, gore se se molemo se o se dirang, o se dire ka go rata e seng ka go patelediwa.+ 15  Gongwe ke sone se a neng a ngwega ka nakwana* gore o tle o nne le ene gape go ya go ile, 16  e sa tlhole e le motlhanka,+ mme a gaisa motlhanka, jaanong e le mokaulengwe yo o rategang.+ Ke mo rata thata mme le wena o tla mo rata le go feta e le motlhanka e bile e le modumedimmogo le rona. 17  Ka jalo, fa e le gore nna ke tsala ya gago,* mo amogele ka tsela e o neng o tla nkamogela ka yone. 18  Mo godimo ga moo, fa e le gore o go diretse phoso nngwe kgotsa o go kolota sengwe, ke tla se duelela. 19  Nna Paulo ke kwala ka seatla sa me, ke tlhalosa gore ke tla go duela se Onesimo a se go kolotang. Tota e bile, le wena o a itse gore o nkolota le go feta. 20  Mokaulengwe, ke kopa gore o nthuse ka ntlha ya Morena; nonotsha pelo ya me ka gonne o le molatedi wa ga Keresete. 21  Ka jalo ke go kwalela jaana ke go tshepa, ke itse gore o tla dira se se fetang dilo tse ke di buang. 22  Mo godimo ga moo, ke kopa gore o mpaakanyetse lefelo le ke tla nnang mo go lone, ka gonne ke solofela gore ka ntlha ya dithapelo tsa lona ke tla gololwa ke bo ke kgona go lo etela.+ 23  Motshwarwammogo le nna ka ntlha ya ga Keresete Jesu e bong Epaforase,+ o a lo dumedisa. 24  Badirimmogo le nna e bong Mareko, Arisetareko,+ Demase+ le Luke+ le bone ba a lo dumedisa. 25  E kete Morena Jesu Keresete a ka lo naya bopelonomi jo bogolo ka ntlha ya moya o montle o lo nang le one.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “mo dikgoleng.”
Seger., “lobakanyana.”
Seger., “modirimmogo le wena.”