Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Kgona go Itumedisa Modimo

O ka Kgona go Itumedisa Modimo

O ka Kgona go Itumedisa Modimo

A TOTA re ka kgona go tlhotlheletsa tsela e Modimo a ikutlwang ka yone? A Modimo o kgona go itumela? Batho bangwe ba akanya gore Modimo ke maatla mangwe fela. A re ka lebelela gore maatla a e seng motho a kgone go itumela? Legoka. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko se Baebele e se bolelang ka Modimo.

Jesu Keresete o ne a re, “Modimo ke Moya.” (Johane 4:24) Moya ke mofuta wa setshedi se se farologaneng le batho. Le fa setshedi sa moya se sa bonale mo matlhong a batho, mme gone se na le mmele—“wa semoya.” (1 Bakorintha 15:44; Johane 1:18) Baebele e dirisa dikapuo fa e bua ka Modimo e re o na le matlho, ditsebe, diatla jalo le jalo. * Gape Modimo o na le leina—Jehofa. (Pesalema 83:18) Ka jalo Modimo yo go buiwang ka ene mo Baebeleng ke motho wa semoya. (Bahebera 9:24) “Ke Modimo yo o tshelang le Kgosi ka bosakhutleng.”—Jeremia 10:10.

E re ka Jehofa e le motho wa mmatota yo o tshelang, o kgona go akanya le go dira. O kgona go re bontsha dinonofo tsa gagwe le maikutlo, dilo tse a di ratang le tse a sa di rateng. Totatota Baebele e na le mafoko a le mantsi a a re senolelang dilo tse di itumedisang Modimo le tse di sa mo itumediseng. Le fa gone medimo le medingwana e e dirilweng ke batho e na le dipopego le dinonofo tsa batho ba ba e dirileng, Modimo mothatayotlhe Jehofa ke ene tota Mosimolodi wa maikutlo a a a tsentseng mo bathong.—Genesise 1:27; Isaia 44:7-11.

Kwantle ga pelaelo Jehofa ke “Modimo yo o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11) Ga a itumedisiwe fela ke dilo tse a di bopileng mme gape o itumelela thata go diragatsa maikaelelo a gagwe. Jehofa o bolela jaana ka moporofeti Isaia: “Ke tla dira sengwe le sengwe se ke se kgatlhegelang . . . Ke bo buile; mme ke tla bo tlisa. Ke bo bopile e bile ke tla bo diragatsa.” (Isaia 46:9-11) Mopesalema ene o ne a opela jaana: “Jehofa o tla ipelela ditiro tsa gagwe.” (Pesalema 104:31) Mme go na le sengwe gape se se itumedisang Modimo. A re: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me.” (Diane 27:11) Akanya gore seo se bolelang—re ka kgona go itumedisa Modimo!

Kafa re ka Itumedisang Modimo ka Gone

Ela tlhoko kafa tlhogo ya lotso e bong Noa a neng a itumedisa Jehofa ka gone. Noa o ne “a bona kamogelo mo matlhong a ga Jehofa” ka gonne “o ne a itshupa a se na molato mo gare ga ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe.” Go farologana le batho ba ba boikepo ba motlha oo, tumelo le go nna kutlo ga ga Noa di ne tsa itumedisa Modimo thata mo go neng go ka buiwa jaana ka ene “Noa o ne a tsamaya le Modimo wa boammaaruri.” (Genesise 6:6, 8, 9, 22) “Ka tumelo Noa . . . o ne a bontsha poifo ya bomodimo a ba a aga araka gore go bolokwe ba ntlo ya gagwe.” (Bahebera 11:7) Jehofa o ne a itumedisiwa ke Noa mme a mo segofatsa le ba lelapa la gagwe ka gore ba falole nako eo ya dikhuduego mo hisitoring ya batho.

Tlhogo ya lotso e bong Aborahame le ene o ne a itse sentle kafa Jehofa a ikutlwang ka teng. Kitso e a neng a na le yone ka Modimo e ne ya bonala sentle fa Jehofa a ne a mmolelela gore Sodoma le Gomora di ne di tla fedisiwa ka ntlha ya boikepo jwa tsone. Aborahame o ne a itse Jehofa sentle mo a neng a ka swetsa ka gore ga go kgonege gore Modimo a bolaye mosiami le moikepi. (Genesise 18:17-33) Dingwaga moragonyana, Aborahame o ne a ikobela taelo ya Modimo mme “ga tshwana le fa a ne a isitse Isake tshupelo” ka gonne “o ne a tsaya gore Modimo o ne a kgona go mo tsosa le eleng mo baswing.” (Bahebera 11:17-19; Genesise 22:1-18) Aborahame o ne a tlhaloganya sentle tsela e Modimo a ikutlwang ka yone mme a supa tumelo e e nonofileng le kutlo mo a neng “a ba a simolola go bidiwa ‘tsala ya ga Jehofa.’”—Jakobe 2:23.

Monna mongwe gape yo o neng a leka go itumedisa Modimo e ne e le Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo. Jehofa o ne a re ka ene: “Ke bone Dafide morwa Jese, monna yo o amogelwang ke pelo ya me, yo o tla dirang dilo tsotlhe tse ke di eletsang.” (Ditiro 13:22) Pele Dafide a ka lebana le mokaloba e bong Goliathe, o ne a ikanya Modimo ka pelo yotlhe mme a bolelela Kgosi ya Iseraele e bong Saulo jaana: “Jehofa, yo o nkgolotseng mo leroong la tau le mo leroong la bera, ke ene yo o tla nkgololang mo seatleng sa Mofilisitia yono.” Jehofa o ne a segofatsa tsholofelo e Dafide a neng a na le yone mo go Ene mme a mo thusa go bolaya Goliathe. (1 Samuele 17:37, 45-54) Dafide o ne a sa batle go kgatlha Jehofa ka ditiro tsa gagwe fela mme gape o ne a batla gore ‘mafoko a molomo wa gagwe le go tlhatlhanya ga pelo ya gagwe di nne monate fa pele ga ga Jehofa.’—Pesalema 19:14.

Go tweng ka rona? Re ka itumedisa Jehofa jang? Fa re ntse re ithuta ka tsela e Modimo a ikutlwang ka yone, re tla itse gore ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re mo itumedise. Ka jalo fa re ntse re bala Baebele go botlhokwa gore re leke go ithuta ka tsela e Modimo a ikutlwang ka yone e le gore re ‘tladiwe ka kitso ya boammaaruri ya thato ya gagwe ka botlhale jotlhe le go tlhaloganya ga semoya, gore re tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa gore re mo itumedise ka botlalo.’ (Bakolosa 1:9, 10) Gape go nna le kitso go tla re thusa go aga tumelo ya rona. Seno se botlhokwa ka gonne “kwantle ga tumelo ga go kgonege go itumedisa [Modimo] sentle.” (Bahebera 11:6) Ee, re ka kgona go itumedisa Jehofa fa re leka ka natla go nna le tumelo e e nonofileng le fa re dira gore matshelo a rona a dumalane le thato ya gagwe. Mme gape re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra utlwisa Jehofa botlhoko.

O se Ka wa Utlwisa Modimo Botlhoko

Sekai sa kafa re ka utlwisang Jehofa botlhoko ka gone se fitlhelwa mo pegong ya se se neng sa diragala mo motlheng wa ga Noa. Ka nako eo, “lefatshe le ne la tlala thubakanyo. Ka jalo Modimo a leba lefatshe mme, bona! le ne le senyegile, ka gonne nama yotlhe e ne e sentse tsela ya yone mo lefatsheng.” Modimo o ne a ikutlwa jang fa a ntse a lebile boikepo jono le thubakanyo? Baebele e bolela jaana: “Jehofa a ikutlwa a ikwatlhaya go bo a dirile batho mo lefatsheng, a utlwa botlhoko mo pelong.” (Genesise 6:5, 6, 11, 12) Modimo o ne a ikwatlhaya ka gonne boitshwaro jwa batho bo ne bo le boikepo mo a neng a fetola boikutlo jwa gagwe malebana le kokomana ya pele ya Morwalela. E re ka Modimo a ne a utlwile botlhoko ka ntlha ya boikepo jwa bone o ne a fetoga mo boikutlong jwa gagwe jwa go nna Mmopi wa batho mme a nna monyeletsi wa bone.

Gape Jehofa o ne a ngomoga pelo fa gangwe le gape batho ba gagwe e leng setšhaba sa Iseraele wa bogologolo ba ne ba itlhokomolosa tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone le kaelo ya gagwe e e lorato. Mopesalema o ne a bolela jaana ka khutsafalo: “A bo ba ne ba mo tsuologela gantsi jang kwa nageng, ba ne ba mo utlwisa botlhoko mo sekakeng! Mme gangwe le gape ba ne ba leka Modimo, ba ne ba utlwisa Moitshepi wa Iseraele botlhoko.” Le fa go ntse jalo, “o ne a le kutlwelobotlhoko; o ne a bipa tlolo mme a sa tlise tshenyo. O ne a busa bogale jwa gagwe ka makgetlo a le mantsi, mme o ne a sa kuruse tšararego ya gagwe yotlhe.” (Pesalema 78:38-41) Le fa tota go ne go tshwanela gore Baiseraele ba batsuolodi ba utlwe botlhoko ka ntlha ya maleo a bone, Baebele e re bolelela gore “mo matshwenyegong otlhe a bone, go ne go tshwenya [Modimo] thata.”—Isaia 63:9.

Go sa kgathalesege bosupi jo bontsi jwa gore Modimo o ne a le bonolo mo go bone, batho ba Iseraele “ba ne ba nna ba sotla barongwa ba Modimo wa boammaaruri ba nyatsa mafoko a gagwe e bile ba sotla baporofeti ba gagwe, go fitlha tšararego ya ga Jehofa e tla mo bathong ba gagwe, go fitlha go se na phodiso.” (2 Ditiragalo 36:16) Kgabagare go nna ga bone batsuolodi ba ba dithamo di thata go ne ga “utlwisa moya wa gagwe o o boitshepo botlhoko” mo Jehofa a neng a se ka a ba amogela. (Isaia 63:10) Matswela a seo e ne ya nna afe? Modimo o ne a bona go tshwanela gore a se ka a tlhola a ba sireletsa mme ba welwa ke masetlapelo fa Bababelona ba ne ba fenya Juda mme ba nyeletsa Jerusalema. (2 Ditiragalo 36:17-21) Ruri go utlwisa botlhoko tota fa batho ba itlhophela go tswelela ka tsela ya bone ya boleo e e kgopisang Mmopi wa bone e bile e mo ngomola pelo!

Baebele e re naya bosupi jo bo phepafetseng jwa gore Modimo o utlwisiwa botlhoko thata ke boitshwaro jo bo sa siamang. (Pesalema 78:41) Dilo tse di kgopisang—e bile e le tse di makgapha—mo Modimong di akaretsa boikgogomoso, go aka, go bolaya, go dirisa maselamose, go bolelela isagwe pele, go obamela bagologolwane, maitsholo a a sa siamang, bosodoma, go sa ikanyege mo lenyalong, go tlhakanela dikobo le wa losika le go patika bahumanegi.—Lefitiko 18:9-29; 19:29; Duteronome 18:9-12; Diane 6:16-19; Jeremia 7:5-7; Malaki 2:14-16.

Jehofa o ikutlwa jang ka kobamelo ya medingwana? Ekesodo 20:4, 5 e bolela jaana: “O se ka wa itirela setshwantsho se se setilweng kgotsa popego e e tshwanang le epe fela e e kwa magodimong kwa godimo kgotsa e e mo lefatsheng fa tlase kgotsa e e mo metsing kafa tlase ga lefatshe. O se ka wa di ikobela le fa e le go tlhotlhelediwa go di direla.” Ka ntlha yang? Ka gonne modingwana “ke selo se se makgapha mo go Jehofa.” (Duteronome 7:25, 26) Moaposetoloi Johane o ne a tlhagisa jaana: “Bana ba bannye, itiseng mo medingwaneng.” (1 Johane 5:21) Mme moaposetoloi Paulo ene o ne a kwala jaana: “Baratwa ba me, tshabang kobamelo ya medingwana.”—1 Bakorintha 10:14.

Senka go Amogelwa ke Modimo

Modimo “o atamalane thata le bathokgami.” Mme batho “ba ba se nang molato mo tseleng ya bone ba a mo ipedisa.” (Diane 3:32; 11:20) Go farologana le seo, go ise go ye kae ba ba tswelelang ba kgopisa Modimo ka go itlhokomolosa le go nyatsa ka bopeloethata tsela e a ikutlwang ka yone ba tla amogela ditlamorago tsa go gana go mo itumedisa. (2 Bathesalonika 1:6-10) E le ruri mo nakong e khutshwanyane fela o tla nyeletsa boikepo jotlhe jo bo anameng thata jaana gompieno.—Pesalema 37:9-11; Sefania 2:2, 3.

Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa sentle gore Jehofa “ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:9) O bona go le molemo gore a bontshe basiami ba ba mo ratang lorato go na le go bontsha kutlobotlhoko ya gagwe mo go ba ba tlhophang go se fetoge. Jehofa o itumedisiwa “e seng ke loso lwa moikepi, mme ke gore motho yo o boikepo a boe mo tseleng ya gagwe mme a tswelele a tshela.”—Esekiele 33:11.

Ka jalo ga go tlhokege gore motho a itlhophele go galefisa Jehofa. “Jehofa o pelonomi tota mo go bontsheng lorato e bile o kutlwelobotlhoko.” (Jakobe 5:11) O ikantse ka botlalo tsela e Modimo a ikutlwang ka yone, o ka ‘latlhela tlhobaelo yotlhe ya gago mo go ene, ka gonne o a go kgathalela.’ (1 Petere 5:7) Tlhomamisega gore ba ba itumedisang Modimo ba itumelela selo se se molemo e leng go amogelwa ke ene le go nna le botsalano le ene. Ka jalo gone jaanong go potlakile go feta le eleng pele go ‘nna lo tlhomamisa se se amogelesegang mo Moreneng.’—Baefeso 5:10.

Ke selo se se itumedisang tota gore ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang Modimo a bo a re senoletse dinonofo tsa gagwe tse di molemolemo le maikutlo a gagwe! Mme re ka kgona go mo itumedisa. Fa e le gore o eletsa go dira jalo, re go kgothaletsa gore o ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona. Ba tla itumelela go go bontsha gore ke melemo efe e ba e boneng fa ba ntse ba leka go itumedisa Modimo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Bona lebokoso le le nang le setlhogo se se reng, “Ke ka Ntlha Yang fa Baebele e Dirisa Mafoko a a Tlhalosang Batho go Tlhalosa Modimo?”

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Ke ka Ntlha Yang fa Baebele e Dirisa Mafoko a a Tlhalosang Batho go Tlhalosa Modimo?

“Modimo ke Moya” ka jalo re ka se ka ra kgona go mmona ka matlho a rona. (Johane 4:24) Ka jalo Baebele e dirisa dikapuo tse di jaaka tshwantshanyo, tshwantshiso le mafoko a a tlhalosang batho go tlhalosa Modimo go re thusa go tlhaloganya nonofo ya gagwe, bogolo jwa gagwe le ditiro tsa gagwe. Ka jalo le fa gone re sa itse gore mmele wa Modimo wa semoya o lebega jang, Baebele e bua ka Modimo e re o na le matlho, ditsebe, diatla, matsogo, menwana, dinao le pelo.—Genesise 8:21; Ekesodo 3:20; 31:18; Jobe 40:9; Pesalema 18:9; 34:15.

Go tlhalosa Modimo jalo ga go reye gore mmele wa gagwe wa semoya o na le dikarolo tse di tshwanang le tsa mebele ya batho. Go dirisa mafoko a a tlhalosang batho go tlhalosa Modimo go tshwanetse go tsewa ka tsela ya tshwantshetso. Go thusa fela batho gore ba kgone go tlhaloganya Modimo botoka. Fa go se na dikapuo tse di ntseng jalo go tla nna thata kgotsa go ka se kgonege gore tsela le fa e le efe e Modimo a tlhalosiwang ka yone e utlwale mo bathong. Le fa go ntse jalo, seno ga se bolele gore batho ke bone ba itlhametseng botho jwa ga Jehofa Modimo. Baebele e tlhalosa ka phepafalo gore motho o bopilwe mo setshwanong sa Modimo—e seng Modimo mo setshwanong sa batho. (Genesise 1:27) E re ka bakwadi ba Baebele ba ne ba “tlhotlheleditswe ke Modimo” tsela e ba tlhalosang botho jwa Modimo ka yone ke e le ene a tlhalosang dinonofo tsa gagwe ka yone—e leng dinonofo tse a di tsentseng ka selekanyo se se farologaneng mo bathong ba a ba bopileng. (2 Timotheo 3:16, 17) Go na le gore e nne dinonofo tse batho ba di neileng Modimo, ke dinonofo tse Modimo a bopileng batho ba na le tsone.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Noa o ne a amogelwa ke Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Aborahame o ne a tlhaloganya tsela e Modimo a ikutlwang ka yone

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Dafide o ne a ikanya Jehofa ka mo go feletseng

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Fa o ntse o bala Baebele, o ka ithuta kafa o ka itumedisang Modimo ka gone

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

Courtesy of Anglo-Australian Observatory, photograph by David Malin