Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Ipoloke O bo O Boloke Ba ba Go Reetsang’

‘Ipoloke O bo O Boloke Ba ba Go Reetsang’

‘Ipoloke O bo O Boloke Ba ba Go Reetsang’

“Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago. . . . Ka go dira seno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.”—1 TIMOTHEO 4:16.

1, 2. Ke eng se se tlhotlheletsang Bakeresete ba boammaaruri go tswelela pele mo tirong ya bone e e namolang batho?

KWA motseng mongwe o o kwa thoko kwa bokone jwa Thailand, banyalani bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba leka go dirisa puo e ba sa tswang go ithuta yone go buisana le batho ba morafe mongwe o o nnang mo thoteng. Bosheng jaana banyalani bano ba sa tswa go ithuta Se-Lahu e le gore ba kgone go rerela batho ba motse oo dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo.

2 Monna wa teng a re: “Ga ke kgone go tlhalosa boipelo le kgotsofalo e re nang le yone ka ntlha ya go dira mo bathong bano ba ba kgatlhegang. Ruri re ikutlwa re nna le seabe mo go diragadiweng ga Tshenolo 14:6, 7 ka go bolela dikgang tse di molemo ‘mo morafeng mongwe le mongwe le lotso le teme.’ Go na le mafelo a sekae fela a dikgang tse di molemo di iseng di fitlhe kwa go one, mme ga go pelaelo gore lefelo leno ke lengwe la one. Re batla re na le dithuto tsa Baebele tse dintsi go feta tse re ka kgonang go di tshwara.” Ga go pelaelo gore banyalani bano ga ba a solofela go ipoloka bone fela ba le nosi, go na le moo, ba solofetse go boloka le batho ba ba ba reetsang. Rona Bakeresete, a rotlhe ga re a solofela go dira jalo le rona?

“Nna o Itlhokometse”

3. Ke eng se rona re tshwanetseng go se dira pele, fa re batla go boloka batho ba bangwe?

3 Moaposetoloi Paulo o ile a gakolola Timotheo go, “Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago” mme e dira mo Bakereseteng botlhe. (1 Timotheo 4:16) Ee ruri, fa re batla go thusa batho ba bangwe gore ba bone poloko, re tshwanetse pele ra nna re itlhokometse rona ka borona. Re ka dira seno jang? Selo sengwe se re tshwanetseng go se dira ke gore, re nne re etse tlhoko dinako tse re tshelang mo go tsone. Jesu o ne a neela balatedi ba gagwe sesupo se se dikarolo dintsi se ba neng ba tla tshwaya ka sone gore “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” bo fitlhile. Le fa go ntse jalo, gape Jesu o ile a bolela gore re ne re se kitla re itse ka tlhomamo gore bokhutlo bo tla leng. (Mathaio 24:3, 36) Re tshwanetse go tsibogela kgang eo jang?

4. (a) Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe malebana le nako e e saletseng tsamaiso eno? (b) Re tshwanetse go tila boikutlo bofe?

4 Mongwe le mongwe wa rona a ka ipotsa jaana, ‘A ke dirisa nako epe fela e e saletseng tsamaiso eno go ipoloka le go boloka ba ba tla ntheetsang? Kana a ke akanya jaana, “E re ka re sa itse sentle gore bokhutlo bo tla leng, ga ke ne ke itshwenya go le kalo ka jone”?’ Go akanya ka tsela eno go kotsi. Go kgatlhanong le kgakololo eno ya ga Jesu: “Itshupeng lo iketleeditse, ka gonne ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.” (Mathaio 24:44) Ruri eno ga se nako ya gore re felelwe ke tlhagafalo ya rona mo tirelong ya ga Jehofa kana go senka tshireletsego kana kgotsofalo mo lefatsheng.—Luke 21:34-36.

5. Ke dikai dife tse basupi ba ga Jehofa ba pele ga motlha wa Bokeresete ba ileng ba di tlhoma?

5 Tsela e nngwe e rona Bakeresete re ka bontshang ka yone gore re nna re itlhokometse ke ka go itshoka ka boikanyegi. Batlhanka ba Modimo ba nako e e fetileng ba ile ba nna ba itshoka, e ka ne ba solofetse go bona thuso ka bonako kana nnyaa. Fa Paulo a sena go nopola dikai tsa basupi ba pele ga motlha wa Bokeresete ba ba jaaka Abele, Enoke, Noa, Aborahame, le Sara, o ile a re: “Ba ne ba se ka ba bona go diragadiwa ga ditsholofetso, mme ba ne ba di bona di le kgakala thata ba ba ba di amogela mme ba bolela phatlalatsa gore e ne e le basaitsiweng le baagi ba nakwana mo lefatsheng leo.” Ba ne ba se ka ba inaakanya le dikeletso tsa go tshela botshelo jwa boiketlo, e bile ba ne ba se ka ba ineelela go fenngwa ke ditlhotlheletso tse di sa siamang tse di neng di ba farafarile, go na le moo ba ne ba tlhoafaletse thata go bona “go diragadiwa ga ditsholofetso.”—Bahebera 11:13; 12:1.

6. Tsela e Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba leba poloko ka yone e ne ya ama jang tsela e ba neng ba tshela ka yone?

6 Gape Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba itsaya e le “basaitsiweng” mo lefatsheng leno. (1 Petere 2:11) Tota le e leng morago ga gore Bakeresete ba boammaaruri ba bolokwe fa Jerusalema e ne e senngwa ka 70 C.E., ba ne ba se ka ba kgaotsa go rera kana go simolola go tshela botshelo jwa selefatshe. Ba ne ba itse gore batho ba ba neng ba tla tswelela pele ba ikanyega ba ne ba letetswe ke poloko e kgolo go gaisa. Tota e bile, ka 98 C.E., moaposetoloi Johane o ile a kwala jaana: “Lefatshe le a feta e bile go ntse jalo le ka keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:17, 28.

7. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bontsha boitshoko jang mo motlheng wa gompieno?

7 Mo motlheng wa segompieno Basupi ba ga Jehofa le bone ba ile ba itshoka mo tirong ya Bokeresete le mororo ka dinako tse dingwe ba ile ba lebana le dipogiso tse di setlhogo. A boitshoko jwa bone e nnile jwa lefela? Ga go a nna jalo, ka gonne Jesu o ile a re tlhomamisetsa jaana: “Mme yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang,” e ka ne bokhutlo joo e le jwa tsamaiso eno e kgologolo ya dilo kana jwa botshelo jwa gone jaanong jwa motho. Ka nako ya tsogo, Jehofa o tla gakologelwa batlhanka botlhe ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba suleng a bo a ba duela.—Mathaio 24:13; Bahebera 6:10.

8. Re ka bontsha jang gore re anaanela boitshoko jwa Bakeresete ba nako e e fetileng?

8 Mo godimo ga moo, re itumelela gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba nako e e fetileng ba ne ba sa amega ka poloko ya bone fela. Ga go pelaelo gore rona ba re ithutileng kaga Bogosi jwa Modimo mo go bone re anaanela gore ba ile ba dira tiro eno ya ga Jesu ka boitshoko: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba merafe yotlhe barutwa, . . . lo ba ruta go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng.” (Mathaio 28:19, 20) Re ka bontsha kanaanelo ya rona ka go rerela batho ba bangwe ba ba iseng ba utlwe dikgang tse di molemo fa tshono e sa ntse e le gone. Le fa go ntse jalo, go rera ke kgato ya ntlha fela mo tirong ya go dira barutwa.

‘Tlhokomela go Ruta ga Gago’

9. Go nna le maikutlo a a siameng go ka re thusa jang go simolola dithuto tsa Baebele?

9 Tiro ya rona ga e akaretse go rera fela mme e akaretsa le go ruta. Jesu o re laetse go ruta batho go tlhokomela dilo tsotlhe tse a re laetseng tsone. Ke boammaaruri gore, mo ditshimong dingwe, ke batho ba sekae fela ba ba kgatlhegelang go ithuta ka Jehofa. Mme go se nne le maikutlo a a siameng ka tshimo ya rona go ka re kgoreletsa mo maitekong a rona a go simolola dithuto tsa Baebele. Yvette, yo e leng mmulatsela mo tshimong e bangwe ba reng ke e e sa ungweng, o ile a lemoga gore batho ba ba etelang tshimo ya bone ba ba se nang maikutlo ao a a sa siamang, ba ne ba kgona go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele. Fa Yvette a sena go lwela go nna le maikutlo a a siameng, le ene o ile a bona batho ba ba neng ba rata go ithuta Baebele.

10. Seabe sa konokono sa rona ba re leng barutisi ba Baebele ke sefe?

10 Bakeresete bangwe ba ka etsaetsega go kopa batho ba ba kgatlhegang go ithuta Baebele le bone ka gonne ba sa akanye gore ba ka kgona go tshwara thuto. Ke boammaaruri, re na le bokgoni jo bo sa lekaneng. Mme gone, go nna morutisi wa Lefoko la Modimo ga go tlhoke gore motho a bo a na le bokgoni jo bo boitshegang. Molaetsa wa Baebele o o itshekileng o maatla, e bile Jesu o ile a re batho ba ba tshwanang le dinku ba itse lentswe la Modisa wa mmatota fa ba le utlwa. Ka gone, tiro ya rona ke fela go fetisetsa batho molaetsa wa Modisa yo o Molemo, e bong Jesu, ka tsela e e utlwalang ka mo re ka kgonang ka teng.—Johane 10:4, 14.

11. O ka kgona go thusa moithuti wa Baebele jang ka tsela e e molemo thata?

11 O ka fetisetsa molaetsa wa ga Jesu ka tsela e e molemo jang mo bathong? Sa ntlha, itlwaelanye le se Baebele e se buang malebana le kgang e o buang ka yone. Wena ka bowena o tshwanetse wa bo o tlhaloganya kgang eo sentle pele ga o e ruta batho ba bangwe. Gape, leka go dira gore go nne le moya wa tlotlo mme gone e le wa botsalano ka nako ya thuto. Baithuti, go akaretsa le basha, ba ithuta botoka fa ba ritibetse e bile yo o ba rutang a bontsha go ba tlotla le go nna pelonomi.—Diane 16:21.

12. O ka tlhomamisa jang gore moithuti o tlhaloganya se o mo rutang sone?

12 Jaaka morutisi, ga o batle go ruta moithuti ka tsela fela ya gore a kgone go araba dipotso. Mo thuse go tlhaloganya se a se ithutang. Thutego ya moithuti, maitemogelo a gagwe mo botshelong le tsela e a tlwaelaneng le Baebele ka yone di tla ama tsela e a tlhaloganyang se a ithutang sone ka yone. Ka gone, o ka ipotsa jaana, ‘A o tlhaloganya bokao jwa dikwalo tse di umakilweng mo setlhogong se re se ithutang?’ O ka dira gore a tlhalose maikutlo a gagwe ka go mmotsa dipotso tse di sa batleng karabo ya ee kana nnyaa, go na le moo, e le tse di batlang gore a tlhalose. (Luke 9:18-20) Kafa letlhakoreng le lengwe, baithuti bangwe ba etsaetsega go botsa morutisi wa bone dipotso. Ka gone, ba ka nna ba tswelela le thuto ntswa ba sa tlhaloganye ka botlalo se ba se ithutang. Kgothaletsa moithuti go botsa dipotso le go go bolelela fa e le gore ga a tlhaloganye ntlha nngwe sentle.—Mareko 4:10; 9:32, 33.

13. O ka thusa moithuti jang gore a nne morutisi?

13 Boikaelelo jo bo botlhokwa jwa go tshwara thuto ya Baebele ke go thusa moithuti gore a nne morutisi. (Bagalatia 6:6) Selo se se ka go thusang go dira jalo ke fa o boeletsa se lo ithutileng sone ka go mo kopa gore a go tlhalosetse ntlha nngwe ka tsela e e motlhofo jaaka e kete o tlhalosetsa motho mongwe yo e leng la ntlha a utlwa ka yone. Moragonyana, fa a tshwanelega go nna le seabe mo bodireding, o ka mo kopa gore a tsamaye le wena mo tshimong. A ka nna a ikutlwa a phuthologile fa a bereka le wena, mme seo se tla mo thusa gore a kgone go itshepa go fitlha a kgona go ya bodireding a le nosi.

Thusa Moithuti go Nna Tsala ya ga Jehofa

14. Mokgele wa gago o mogolo ke ofe fa o ruta, mme ke eng se se ka go thusang gore o o bone?

14 Mokgele o mogolo wa morutisi mongwe le mongwe wa Mokeresete ke go thusa moithuti go nna le botsala le Jehofa. O ka kgona go dira jalo e seng fela ka se o se buang, mme gape le ka sekao. Go ruta baithuti ka go ba tlhomela sekao go ama dipelo tsa bone ka tsela e e maatla. Ruri ditiro di ka ruta go feta lefoko, segolobogolo mo kgannyeng ya go ruta moithuti melao ya boitsholo le go mo tlhotlheletsa go nna tlhaga. Fa a lemoga gore se o se buang le se o se dirang se tlhotlhelediwa ke go bo o na le botsala jo bo molemo le Jehofa, a ka nna a tlhotlheletsega go lwela gore le ene a nne le botsala jo bo ntseng jalo.

15. (a) Ke eng fa go le botlhokwa gore moithuti a lwele go direla Jehofa ka boikaelelo jo bo siameng? (b) O ka thusa moithuti jang gore a nne a gatele pele semoyeng?

15 O batla gore moithuti a direle Jehofa ka go bo a mo rata e seng fela ka gonne a sa batle go fedisiwa ka nako ya Aramagedona. Fa o mo thusa go nna le boikaelelo jo bo ntseng jalo jo bo siameng, o tla bo o mo aga ka didirisiwa tse di sa sheng tse di tla kgonang go emelana le diteko fa a lekwa tumelo. (1 Bakorintha 3:10-15) Fa a na le boikaelelo jo bo phoso, jo bo jaaka go batla go go etsa kana go etsa motho ope o mongwe, ga bo kitla bo mo nonotsha go emelana le ditlhotlheletso tse di sa siamang kana go mo tlhotlheletsa gore a dire se se siameng. Se lebale gore ga o kitla o nna morutisi wa gagwe go ya go ile. Fa o sa ntse o na le tshono, o ka mo kgothaletsa go dira botsala jo bogolo le Jehofa ka go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi le go akanya ka lone. Seno se tla mo thusa go nna a bolokile “mafoko a a itekanedisang” a a tswang mo Baebeleng le mo dikgatisong tse di theilweng mo Baebeleng pele ga o wetsa go ithuta le ene.—2 Timotheo 1:13.

16. O ka thusa moithuti go rapela jang thapelo e e tswang pelong?

16 Gape o ka thusa moithuti go nna le botsala jo bogolo le Jehofa ka go mo ruta go rapela go tswa pelong. O ka dira seno jang? Gongwe o ka mo lemotsha thapelo ya ga Jesu ya sekao le dithapelo tse dingwe tse di rapelwang ka pelo yotlhe tse di kwadilweng mo Baebeleng, tse di jaaka tse di mo go dipesalema. (Pesalema 17, 86, 143; Mathaio 6:9, 10) Mo godimo ga moo, fa moithuti wa gago a utlwa o rapela fa thuto e simolola le fa e fela, o tla lemoga tsela e o ikutlwang ka yone ka Jehofa. Ka gone, dithapelo tsa gago di tshwanetse go supa tlhoafalo le bopelontle le go supa gore o tekatekano mo semoyeng le mo maikutlong.

Go Lwela go Boloka Bana ba Gago

17. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang go tswelela mo tseleng yo poloko?

17 Ke boammaaruri gore, ba malapa a rona ke bangwe ba batho ba re batlang go ba boloka. Bontsi jwa bana ba batsadi ba Bakeresete ba tlhoafetse e bile ba “tiile mo tumelong.” Le fa go ntse jalo, ba bangwe bone ba ka tswa ba sa dira gore boammaaruri bo nwelele kwa teng mo dipelong tsa bone. (1 Petere 5:9; Baefeso 3:17; Bakolosa 2:7) Bontsi jwa basha bano ba tlogela tsela ya Bokeresete fa ba atamela dingwaga tsa bogolo kana fa ba tsena mo go tsone. Fa o le motsadi, ke eng se o ka se dirang go leka go dira gore seo se se ka sa direga? Sa ntlha, o ka lwela go dira gore go nne le moya o o itumedisang mo lelapeng. Botshelo jo bo molemo jwa lelapa bo tla thusa bana go leba taolo ka tsela e e siameng, go rata mekgwa e mentle le go dirisana sentle le batho ba bangwe. (Bahebera 12:9) Ka gone, fa lelapa le ratana thata, go tla thusa bana go kgona go dira gore botsala jwa bone le Jehofa bo gole. (Pesalema 22:10) Malapa a a nonofileng a dira dilo mmogo—tota le fa go ka tlhokega gore batsadi ba itime nako nngwe e ba neng ba ka e dirisetsa dilo tsa bone ka namana. Ka go tlhoma sekao se se ntseng jalo o ka ruta bana ba gago go dira ditshwetso tse di siameng mo botshelong. Batsadi, selo se segolo se bana ba lona ba se tlhokang mo go lona ga se dithoto, go na le moo, ba tlhoka lona—nako ya lona, matsapa le lorato. A lo abela bana ba lona dilo tseno?

18. Ke dipotso dife tse batsadi ba ka thusang bana ba bone go di ikarabela?

18 Batsadi ba Bakeresete ga ba a tshwanela go akanya gore go tla itiragalela fela gore bana ba bone le bone e nne Bakeresete. Daniel yo e leng mogolwane le rrabana ba batlhano o bolela jaana: “Batsadi ba tshwanetse go ipha nako ya go thusa bana ba bone go leleka dipelaelo tse ba ka tswang ba rakana le tsone kwa sekolong le kwa mafelong a mangwe. Ba tshwanetse go nna pelotelele go thusa bana ba bone go kgona go araba dipotso tse di jaaka: ‘A tota re tshela mo metlheng ya bokhutlo? A eleruri go na le bodumedi bo le bongwe fela jwa boammaaruri? Ke eng fa batho ba ke tsenang sekolo le bone ba ba lebegang ba le molemo ba ka nna ba se ka ba nna ditsala tse di molemo? A go phoso ka metlha go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo?’” Batsadi, lo ka tshepa Jehofa gore o tla lo thusa mo maitekong a lo a dirang, ka gonne o batla go bona dilo di lo tsamaela sentle.

19. Ke eng fa go le molemo gore batsadi ba ithute le bana ba bone ka namana?

19 Batsadi bangwe ba ka nna ba ikutlwa ba inyatsa fa ba tshwanelwa ke go ithuta le bana ba bone. Le fa go ntse jalo, ga lo a tshwanela go ikutlwa jalo, ka gonne ga go motho ope yo o ka kgonang go ruta bana ba gago go go feta. (Baefeso 6:4) Fa o ithuta le bana ba gago ka bowena o tla kgona go itse se se leng mo dipelong le mo megopolong ya bone. A se ba se buang se tswa pelong kana ke go ikgolola fela? A ruri ba dumela se ba se ithutang? A ba tsaya Jehofa e le motho wa mmatota? O ka kgona go bona dikarabo tsa dipotso tseno le tse dingwe tse di botlhokwa fela fa e le gore o ithuta le bana ba gago ka namana.—2 Timotheo 1:5.

20. Batsadi ba ka dira jang gore thuto ya lelapa e nne monate e bile e nne mosola?

20 O ka dira jang gore thuto ya lona ya lelapa e tshwarwe ka metlha fa lo setse lo simolotse go nna le yone? Joseph yo e leng mogolwane e bile e le rre yo o nang le morwa le morwadi, a re: “Fela jaaka dithuto tsotlhe tsa Baebele, thuto ya lelapa e tshwanetse ya nna monate, mongwe le mongwe o tshwanetse a e tlhoafalela. Re dira gore e nne jalo mo lelapeng la rona ka go se gagamalele nako thata. Thuto ya rona e ka tsaya ura, mme gone, re nna re e tshwara fela le fa ka dinako tse dingwe re ka e tshwara ka metsotso e le lesome fela. Selo sengwe se se dirang gore thuto ya rona e nne selo se bana ba rona ba se tlhoafalelang thata mo bekeng ke gore re tshameka ditiragalo tse di mo go Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. * Re tsaya tsela e thuto e ba amang pelo ka yone le e ba e tlhaloganyang ka yone e le botlhokwa thata go gaisa kgang ya gore re bala dirapa di le dintsi go le kana kang.”

21. Batsadi ba ka ruta bana ba bone leng?

21 Gone mme, ga wa tshwanela go ruta bana ba gago fela ka dinako tsa thuto. (Duteronome 6:5-7) Mosupi wa kwa Thailand yo o nopotsweng kwa tshimologong a re: “Ke sa ntse ke gakologelwa sentle kafa Rre a neng a tlhola a tsamaya le nna ka teng go ya tirong ya go rera, re palame dibaesekele, go ya go rera kwa mafelong a a kwa kgakala a tshimo ya phuthego ya rona. Ga go pelaelo gore selo se se re thusitseng go tsenela tirelo ya nako e e tletseng ke sekao se sentle sa batsadi ba rona sa go re ruta mo maemong a a farologaneng. Mme go bonala fa thuto eo e ile ya nnela ruri. Ke sa ntse ke rera mo mafelong a a kwa kgakala!”

22. Go tla nna le matswela afe fa o “itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago”?

22 Letsatsi lengwe, mo nakong e e tshwanelang thata e e tla tlogang e tla, Jesu o tla goroga go tla go diragatsa katlholo ya Modimo mo tsamaisong eno. Go tswa foo, tiragalo eo e kgolo e tla fetoga selo sa maloba, mme gone, batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang bone ba tla tswelela pele ba mo direla ka tebelelo ya go bona poloko ya bosakhutleng. A o solofetse go nna mongwe wa bone, wena le bana ba gago le ba o ithutang Baebele le bone? Fa go le jalo, gopola: “Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago. Nna mo dilong tseno, gonne ka go dira seno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.”—1 Timotheo 4:16.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 20 E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

A o Ka Tlhalosa?

• Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe, e re ka re sa itse nako ya Modimo ya katlholo sentle?

• Re ka ‘tlhokomela go ruta ga rona’ ka ditsela dife?

• O ka thusa moithuti jang gore a nne tsala ya ga Jehofa?

• Ke eng fa go le botlhokwa gore batsadi ba iphe nako ya go ruta bana ba bone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Go ithuta go nonotshiwa ke fa go na le moya wa tlotlo mme gone e le wa botsalano

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Go tshameka ditiragalo tsa Baebele, tse di jaaka fa Solomone a ne a atlhola diaka tse pedi, go dira gore thuto ya lelapa e nne monate