A Lefoko “Mokeresete” le Felelwa ke Bokao Jwa Lone?
A Lefoko “Mokeresete” le Felelwa ke Bokao Jwa Lone?
GO KAYA eng go nna Mokeresete? O ne o tla araba jang? Batho ba ba farologaneng ba ba tlhophilweng mo dinageng tse di farologaneng ba ne ba bodiwa yone potso eo mme dingwe tsa dikarabo tsa bone ke tseno:
“Go latela Jesu le go mo etsa.”
“Go nna motho yo o siameng le go abelana le ba bangwe.”
“Go amogela Keresete jaaka Morena le Mmoloki.”
“Go ya Mmisa, go rapela Rosari, le go amogela Selalelo se se Boitshepo.”
“Ga ke dumele gore o tshwanetse wa ya kerekeng gore o nne Mokeresete.”
Tota le didikishinare di le tlhalosa ka ditsela tse dintsi tse di gakgamatsang. E bile buka nngwe e na le ditlhaloso di le lesome ka lefoko “Mokeresete,” go tloga ka “go dumela kana go nna mo bodumeding jwa ga Jesu Keresete” go fitlha ka “go nna motho yo o tlotlegang kana yo o tshwanelegang.” Ga go gakgamatse go bo ba le bantsi ba palelwa ke go tlhalosa gore go nna Mokeresete go kaya eng.
Mokgwa wa go Batla Kgololesego
Gompieno, mo bathong ba ba ipitsang Bakeresete—tota le gare ga ba ba leng mo kerekeng e le nngwe—motho a ka fitlhela go na le dipono tse dintsi tse di farologaneng ka dikgang tse di jaaka go tlhotlhelediwa ga Baebele ke Modimo, thuto ya gore dilo di itlhageletse, seabe sa dikereke mo bopolotiking le go bolelela ba bangwe ka tumelo ya gago. Gantsi dikgang tsa boitsholo, tse di malebana le go senya mpa, bosodoma le go nna mmogo ga baratani ba sa nyalana, di tsosa kganetsano e kgolo. Mokgwa o o renang thata ke go batla kgololesego.
Ka sekai, lekgotla lengwe la kereke ya Porotesetanta, bosheng jaana le ile la bolela gore le tla tshegetsa tshwanelo ya kereke ya go “tlhopha motho yo go itsegeng phatlalatsa gore ke mosodoma go nna mogolwane mo lekgotleng la bone le le laolang,” go bega jalo lokwalopaka lwa Christian Century. Baithutabomodimo bangwe ba bile ba akantsha gore go dumela mo go Jesu ga se gone go tlhokegang thata gore motho a bolokwe. Pego nngwe ya The New York Times e bolela gore ba dumela gore Bajuda, Bamoselema le ba bangwe, “le bone ba ka tsena kwa legodimong [fela jaaka Bakeresete].”
Fa go kgonega, akanya fela ka Mo-Marxist a buelela bokapitalisi kana motemokeratiki a rotloetsa bobusaesi kana moithutatikologo a ema nokeng go rengwa ga dikgwa. O tla re, “Motho yoo e ka se ka ya bo e le Mo-Marxist tota kana motemokeratiki kana gone go nna moithutatikologo”—mme o tla bo o opile kgomo lonaka. Le fa go ntse jalo, fa o akanya ka dipono tse dintsi tse di farologaneng tsa batho ba ba ipitsang Bakeresete gompieno, o bona ditumelo tse di farologaneng thatathata e bile e le tse gangwe le gape di ganetsanang le se Motlhami wa Bokeresete, Jesu Keresete a se rutileng. Seo se senola eng ka mofuta wa bone wa Bokeresete?—1 Bakorintha 1:10.
Keletso ya go batla go fetola dithuto tsa Bokeresete gore di tshwanele nako e go tshelwang mo go yone ga e bolo go nna teng, jaaka fa re tla bona. Modimo le Jesu Keresete ba ikutlwa jang ka diphetogo tse di ntseng jalo? A dikereke tse di tshegetsang dithuto tse di sa theiwang mo go Keresete tota di ka re ke tsa Bokeresete? Dipotso tseno di tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.