Jobe 9:1-35
9 Mme Jobe a araba a re:
2 “Eleruri ke a itse gore go ntse jalo.Mme motho yo o nang le go swa a ka tlhoka molato jang fa a le mo tshekong le Modimo?+
3 Fa o ka natefelelwa ke go ganetsana le ene,+A ka se ka a mo fetola le fa e le gangwe mo makgetlong a le sekete.
4 O pelo e e botlhale gape o maatla a a nonofileng.+Ke mang yo o ka mmontshang botlhogoethata a bo a tswa a sa utlwisiwa botlhoko?+
5 O fudusa dithaba,+ mo batho ba sa itseng sepe ka tsone,Ene yo o ba ribegeditseng mo bogaleng jwa gagwe.+
6 O dira gore lefatshe le rorome mo lefelong la lone,Gore dipilara+ tsa lone di rorome.
7 O raya letsatsi a re le se ka la phatsima,Mme o baya sekano+ go dikologa dinaledi,
8 O otlolola magodimo a le nosi+O gata makhubu a magolo a lewatle;+
9 O dira lesomo la dinaledi la Ashe, lesomo la dinaledi la Kesile,Le lesomo la dinaledi la Khima+ le diphaposi tse di kwa teng tsa Borwa;
10 O dira dilo tse dikgolo tse di sa hukutsegeng,+Le dilo tse di gakgamatsang tse di se nang palo.+
11 Bona! o feta fa go nna mme ga ke mmone,O fetela kwa pele mme ga ke mo lemoge.+
12 Bona! O a tsubula. Ke mang yo o ka emelelanang le ene?Ke mang yo o tla mo rayang a re, ‘O dirang?’+
13 Modimo ka boene ga a kitla a busa bogale jwa gagwe;+Bathusi ba motlhasedi+ ba tla ikoba kafa tlase ga gagwe.
14 Go tweng he ka nna fa nka mo araba!Ke tla tlhopha mafoko a me fa ke bua le ene,+
15 Ene yo ke neng nka se mo arabe, le fa gone ke ne ke se na molato.+Ke tla rapelela go utlwelwa botlhoko+ ke yo o ganetsanang le nna mo molaong.
16 Fa ke ne ke mmiditse, a o ne a tla nkaraba?+Ga ke dumele gore o ne a tla sekegela lentswe la me tsebe;
17 o nkgobatsang ka matsubutsubuMme a dira gore dintho tsa me di nne dintsi kwantle ga lebaka.+
18 Ga a kitla a nnaya go hema moya o o phepa,+Gonne o nna a nkgobelela dilo tse di bogalaka.
19 Fa go na le mongwe yo o maatla a a nonofileng, ke ene yoo;+Mme fa go na le mongwe yo o nonofileng mo tshiamisong, e kete nka bidiwa!
20 Fa nkabo ke siame, molomo wa me o ne o tla bolela fa ke le boikepo;Fa nka bo ke se na molato, foo o ne a tla mpolela ke le yo o sokameng.
21 Fa nka bo ke se na molato, ke ne ke se na go itse moya wa me;Ke ne ke tla gana botshelo jwa me.
22 Go na le selo se le sengwe fela. Ke gone ka moo ke reng,‘Yo o se nang molato, le yo o boikepo, o a ba fedisa.’+
23 Fa morwalela o o elelang o ka baka loso ka tshoganyetso,O tla sotla boitlhobogo jwa yo o se nang molato.
24 Lefatshe ka bolone le tsentswe mo seatleng sa yo o boikepo;O bipa sefatlhego sa baatlhodi ba lone.Fa e se ene, ke mang he?
25 Gape malatsi a me jaanong a bofefo go feta motabogi;+A tshabile, ruri ga a kitla a bona molemo.
26 A tswetse pele jaaka mekoro ya lotlhaka,Jaaka ntsu e e ragogelang kwa le kwa e batla sengwe se e tla se jang.+
27 Fa ke rile, ‘Mma ke lebale matshwenyego a me,+Mma ke fetole sefatlhego+ sa me mme ke itumele,’
28 Ke ntse ke tshaba ditlhabi tsa me tsotlhe;+Ke a itse gore ga o na go ntsaya ke le yo o se nang molato.
29 Nna ka bonna ke tshwanetse go nna boikepo.Ke ka ntlha yang fa ke dira ka natla ke direla lefela?+
30 Fa ke tlhapile mo metsing a kapoko,Mme ruri ke ntlafaditse diatla tsa me mo potaseng,+
31 Foo o tla nkina mo kgatamping,Mme ruri diaparo tsa me di tla ntlhoa.
32 Gonne ga se motho+ yo o tshwanang le nna gore nka mo araba,Gore re tle mmogo mo katlholong.
33 Ga go na motho yo o ka dirang ditshwetso mo gare ga rona,+Gore a beye bobedi jwa rona seatla.
34 A a tlose thobane ya gagwe mo go nna,+Le go tshosa ga gagwe, a go se ka ga ntshosa.
35 Mma ke bue mme ke se ka ka mmoifa,Gonne ga ke na tshekamelo e e ntseng jalo.

