Jobe 41:1-34
41 “A o ka ntsha Lefiathane+ ka sekgoge sa ditlhapi,Kgotsa a o ka gatelela loleme lwa yone ka mogala?
2 A o ka tsenya mokhasi mo marobeng a yone a dinko,+Kgotsa a o ka phunya ditlhaa tsa yone ka mutlwa?
3 A e tla go kopa gantsintsi ka tlhoafalo,Kgotsa a e tla bua mafoko a a bonolo le wena?
4 A e tla dira kgolagano le wena,Gore o e tseye jaaka motlhanka ka bosakhutleng?
5 A o tla tshameka le yone jaaka o ne o ka tshameka ka nonyane,Kgotsa a o tla e bofela basetsanyana ba gago?
6 A balekane ba tla ananya ka yone?A ba tla e kgaoganyetsa bagwebi?
7 A o tla tlatsa letlalo la yone ka marumo a dikobe,+Kgotsa tlhogo ya yone ka marumo a ditlhapi?
8 Baya seatla sa gago mo godimo ga yone.Gakologelwa tlhabano. O se ka wa go dira gape.
9 Bona! Tsholofelo ya motho ka yone ga e kitla e diragala.Gape motho o tla pirigana fa a e bona.
10 Ga go na ope yo o pelokgale go le kalo gore a ka e rumola.Mme ke mang yo o ka ikemelang fa pele ga me?+
11 Ke mang yo o nneileng sengwe pele, gore ke tle ke mo duele?+Ke sa me+ kafa tlase ga magodimo otlhe.
12 Ga nkitla ke didimala ka dikarolo tsa yoneKgotsa ka kgang ya thata ya yone le bontle jwa bogolo jwa yone.
13 Ke mang yo o bipolotseng sefatlhego sa diaparo tsa yone?Ke mang yo o tla tsenang mo ditlhaeng tsa yone tse di menaganeng sebedi?
14 Ke mang yo o butseng dikgoro tsa sefatlhego sa yone?Meno otlhe a yone a a tshosa.
15 E belafala ka mesele ya makape a yone,A kitlantswe jaaka e kete ka sekano se se thata.
16 Lengwe le lengwe le kitlane thata le le lengwe,Le e leng moya o ka se kgone go tsena fa gare ga one.
17 Lengwe le lengwe le ngaparagane le le lengwe;A tshwaragane mme a ka se kgaoganngwe.
18 Go ethimola ga yone go phatsimisa lesedi,Mme matlho a yone a tshwana le go phatsima ga marang a bosa.
19 Mo molomong wa yone go tswa dikgadima tse di benyang,Go betsega le e leng ditlhase tsa molelo.
20 Go tswa mosi ka maroba a dinko tsa yone,Jaaka leubelo le le tlhoseditsweng ka mekhasi.
21 Moya wa yone o tshuba magala,Le e leng kgabo ya molelo e tswa mo molomong wa yone.
22 Mo molaleng wa yone go nna nonofo,Mme go itlhoboga go tlola fa pele ga yone.
23 Memeno ya nama ya yone e ngaparagane;E ntse jaaka e kete e thetswe, ga e sute.
24 Pelo ya yone e thetswe jaaka leje,Ee, e thetswe jaaka lelwala la ka fa tlase.
25 Ba ba nonofileng ba a tshoga+ ka ntlha ya go ema ga yone;Ba sala ba akabetse ka ntlha ya go tshwarwa ke kgakge.
26 Tšhaka ga e itshupe e lekane go ka e wela ka tshoganyetso,Le fa e le lerumo, lerumo le le konopiwang kgotsa motswi.+
27 E leba tshipi e le lotlhaka fela,Kgotlho e le logong fela lo lo bodileng.
28 Motswi ga o e leleke;Maje a motsekedi+ a fetogile serite fela mo go yone.
29 E leba molamu jaaka serite+ fela,E bile e tshega go tlharakana ga lerumo le le konopiwang.
30 Bokafatlase jwa yone bo ntse jaaka dijana tsa letsopa tse di nang le dintlha tse di bogale;E tsharolola sedirisiwa+ sa go photha mo godimo ga loraga.
31 E dira gore boteng bo bele fela jaaka pitsa;E dira gore lewatle le nne jaaka pitsa ya setlolo.
32 E dira gore tselana e phatsime fa morago ga yone;Motho o ne a ka leba bodiba jo bo boteng jwa metsi e le botlhogoputswa.
33 Ga go na sepe se se tshwanang le yone mo godimo ga lorole,Se se dirilweng gore se se ka sa nna le letshogo.
34 E bona sengwe le sengwe se se kwa godimo.Ke kgosi e e okametseng dibatana tsotlhe tse dikgolo.”

