Jobe 39:1-30
39 “A o itse nako e e tlhomilweng e dipodi tsa kwa thabeng tsa lefika le legolo di tsalang+ ka yone?A o a lemoga gore tota ke leng dikgama tse di namagadi di tsalang+ ka ditlhabi tsa go tsala?
2 A o bala dikgwedi tsa modikologo wa ngwedi tse di di fetsang,Kgotsa a o itse nako e e tlhomilweng e di tsalang ka yone?
3 Di a inama fa di tsala bana ba tsone,Fa di nyeletsa ditlhabi tsa tsone.
4 Bana ba tsone ba a nonofa, ba nna bagolo mo nageng e e bulegileng;Di a tsamaya mme ga di boele kwa go bone.
5 Ke mang yo o neng a tsamaisa pitse ya naga+ gore e gololesege,E bile ke mang yo o bofolotseng dibofo tsa esele ya naga,
6 Yo ke tlhomileng ntlo ya gagwe go nna lebala le le sekakaLe yo ke tlhomileng mafelo a gagwe a bonno go nna naga ya letswai?+
7 E tshega pheretlhego ya motse;Ga e utlwe medumo ya sekukuni.+
8 E tlhola dithaba e batla mafulo+Mme e senka mofuta mongwe le mongwe wa semela+ se setala.
9 A poo ya naga e batla go go direla,+Kgotsa a e tla lala bosigo mo bojelong jwa diruiwa tsa gago?
10 A o tla golega poo ya naga thata ka megala mo moseleng,Kgotsa a e tla thuba makwete+ mo mabaleng a a kwa tlase fa morago ga gago?
11 A o ka e ikanya ka gonne maatla a yone a le magolo,Mme a o ka e tlogelela tiro ya gago ya bonatla?
12 A o ka e ikanya gore e tla busa peo ya gagoLe gore e tla phuthela mo seboaneng sa gago?
13 A lefuka la ntšhe e namagadi le ne la phaphasela ka boipelo,Kgotsa a e na le dintlha tsa diphuka tsa mogolori+ le mafofa?
14 Gonne e tlogela mae a yone fa fatsheMme e a thuthafatsa mo loroleng,
15 Mme o lebala gore lonao longwe lo ka nna lwa a thubaKgotsa le e leng sebatana se ka nna sa a gata.
16 E tshwara bana ba yone makgwakgwa, jaaka e kete ga se ba yone+—Letsapa la gagwe ke la lefela ka gonne ga a na poifo.
17 Gonne Modimo o mo dirile gore a lebale botlhale,Mme ga a mo abela tlhaloganyo.+
18 Ka nako e e phaphasetsang diphuka tsa yone kwa godimo,O tshega ka pitse le mopalami wa yone.
19 A o ka naya pitse thata?+A o ka apesa molala wa yone moetse?
20 A o ka e dira gore e tlole jaaka tsie?Seriti sa mogono wa yone se a tshosa.+
21 E tiba ka tlhakwana+ mo lebaleng le le kwa tlase e bo e itumela ka maatla a yone;E a tswa e ya go kgatlhantsha dibetsa.+
22 E tshega poifo, mme ga e tshoge;+Le fa e le go boela morago ka ntlha ya tšhaka.
23 Mokotlopo o tlharakana kgatlhanong le yone,Bogale jwa lerumo le lerumo le le konopiwang.
24 E kometsa lefatshe ka go tiba le ka bogale,Mme ga e dumele gore ke modumo wa lonaka.
25 Fela fa lonaka lo letswa ya re Aha!Mme e dupelela tlhabano e le kgakala,Pheretlhego ya balaodi le mokgosi wa ntwa.+
26 A ke ka ntlha ya tlhaloganyo ga gago go bo segodi se tlhatlogela kwa godimo,Go bo se tsharololela diphuka tsa sone kwa phefong ya borwa?
27 Kgotsa a ntsu+ e fofela kwa godimo ka taelo ya gagoLe gore e age sentlhaga sa yone kwa godimo,+
28 Gore e age mo lefikeng le legolo mme e nne gone bosigoMo godimo ga ntlhana ya lefika le legolo le mo lefelong le go sa tsenweng mo go lone?
29 E tshwanetse go senka dijo+ go tswa koo;Matlho a yone a nna a lebile kwa kgakala.
30 Mme bana ba yone ba nna ba nwa madi;Mme kwa go nang le tse di bolailweng gone, e gone koo.”+

