Jobe 20:1-29
20 Mme Sofare wa Monaama a fetola a re:
2 “Ka gone a dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang di nkarabe,Le ka ntlha ya go fuduega ga me mo teng.
3 Ke utlwa thotloetso e e ntlhapatsang;Mme moya o o se nang tlhaloganyo e ke nang le yone o a nkaraba.
4 A o ne o ntse o itse selo seno ka dinako tsotlhe,Fa e sa le motho a bewa mo lefatsheng,+
5 Gore go goa ka boipelo ga baikepi go go khutshwane+Le go ipela ga motlhanogi ke ga nakwana fela?
6 Le mororo tlotlomalo ya gagwe e tlhatlogela kwa legodimong ka bolone+Le tlhogo ya gagwe e fitlha kwa marung,
7 O nyelela ka bosaengkae+ jaaka boloko jwa gagwe;Ba ba mmonang ba tla re, ‘O kae?’+
8 O tla fofela koo jaaka toro, mme ga ba kitla ba mmona;Mme o tla lelekwa jaaka ponatshegelo ya bosigo.+
9 Leitlho le le mmoneng ga le kitla le dira jalo gape,+Lefelo la gagwe ga le kitla le tlhola le mmona.+
10 Bomorwawe ba tla senka kamogelo ya batho ba maemo a a kwa tlase,Le diatla tsa gagwe di tla busa dilo tsa gagwe tse di tlhwatlhwakgolo.+
11 Marapo a gagwe a ntse a tletse ka matlhagatlhaga a gagwe a bosha,Le fa go ntse jalo a tla lala le ene mo loroleng.+
12 Fa se se bosula se utlwala se le botshe mo molomong wa gagwe,Fa a se dira gore se gakologe kafa tlase ga loleme lwa gagwe,
13 Fa a se tlhomogela pelo mme a sa se tlogele,Mme fa a nna a se thibela mo magalapeng a gagwe,
14 Ruri dijo tsa gagwe di tla fetoga mo maleng a gagwe;Di tla nna santlhoko sa bokake mo teng ga gagwe.
15 O komeditse khumo, mme o tla e tlhatsa;Modimo o tla e leleka mo mpeng ya gagwe.
16 O tla anya botlhole jwa bokake;Loleme lwa noga e e nang le botlhole lo tla mmolaya.+
17 Ga a kitla a tlhola a bona mesele ya metsi,+Melatswana e e phothoselang ya tswina ya dinotshe le botoro.
18 O tla busa thoto ya gagwe e a e bapetseng mme ga a kitla a e kometsa;Jaaka khumo e e tswang mo kgwebong ya gagwe, eo le fa go ntse jalo a se a kitlang a e ipelela.+
19 Gonne o thubagantse, o tlogetse batho ba maemo a a kwa tlase;O tsubutse ntlo e a sa e agang.+
20 Gonne ruri ga a kitla a itse boiketlo mo mpeng ya gagwe;Ga a kitla a falola ka dilo tsa gagwe tse di eletsegang.+
21 Ga go a sala sepe gore a se kometse;Ke gone ka moo boitekanelo jwa gagwe bo se kitlang bo nna lobaka.
22 Fa letlotlo la gagwe le le kwa setlhoeng o tla bo a tlhobaela;+Maatla otlhe a go tlhoka lesego a tla mo tsogologela.
23 A go diragale gore, go tlatsa mpa ya gagwe,O tla romela bogale jwa gagwe jo bo tukang kwa go ene+Mme o tla bo nesetsa mo godimo ga gagwe, mo teng ga mala a gagwe.
24 O tla tshaba+ dibetsa tsa tshipi;O tla kgaoganngwa ke bora jwa kgotlho.
25 Sebetsa se se konopiwang se tla tswa ka mokwatla wa gagwe,Le sebetsa se se tsabakelang se tla tswa mo santlhokong sa gagwe;+O tla tlhaselwa ke dilo tse di tshosang.+
26 Lefifi lotlhe le tla beelwa dilo tsa gagwe tsa letlotlo;O tla lailwa+ ke molelo o o sa futswelwang ke ope;Dilo di tla tsamaela mofalodi yo o mo mogopeng wa gagwe maswe.
27 Legodimo le tla bipolola tlolo+ ya gagwe,Mme lefatshe le tla mo tlhanogela.
28 Pula e kgolo e tla gogola ntlo ya gagwe;Go tla nna le dilo tse di tshololwang mo letsatsing la bogale jwa gagwe.+
29 Eno ke kabelo ya moikepi e e tswang kwa Modimong,+Le boswa jwa gagwe jo bo boletsweng jo bo tswang kwa Modimong.”