Jobe 13:1-28
13 “Bona! Leitlho la me le bone seno sotlhe,Tsebe ya me e se utlwile le go se akanyetsa.
2 Se lo se itseng le nna ke se itse sentle;Ga ke wa maemo a a kwa tlase mo go lona.+
3 Le fa go ntse jalo, fa e le nna, e kete nka bua le Mothatayotlhe ka boene,+Mme e kete nka natefelelwa ke go ganetsana le Modimo.
4 Kafa letlhakoreng le lengwe, lo baanamisi ba maaka;+Lotlhe lo dingaka tse di se nang mosola.+
5 Fa fela lo ne lo ka didimala gotlhelele,Gore e tle e nne botlhale mo go lona!+
6 Tsweetswee, utlwang mafoko a me a go iphemela,+Lo tlhwaele dikopo tsa dipounama tsa me tsebe.
7 A lo tla buela Modimo tshiamololo,E bile a lo tla mmuela tsietso?+
8 A lo tla mo tshwara ka go nna le tlhaolele,+Kgotsa a lo tla lwela Modimo wa boammaaruri kwa molaong?
9 A go tla bo go le molemo gore a lo tlhatlhobe?+Kgotsa a lo tla mo tsietsa jaaka motho a tsietsa motho yo o nang le go swa?
10 Ruri o tla lo kgalemela+Fa lo leka go bontsha tlhaolele+ mo sephiring;
11 A seriti sa gagwe se ka se dire gore lo tshoge,Le go mmoifa go lo wele?+
12 Dipolelo tsa lona tse di sa lebalegeng ke diane tsa melora;Disireletsi tsa lona tsa thebe di tshwana le disireletsi tsa thebe tsa letsopa.+
13 Didimalang fa pele ga me, gore ke tle ke bue.Morago ga moo ke tlelwe ke le fa e ka nna eng!
14 Ke ka ntlha yang fa ke tshotse nama ya me mo menong a meKe bo ke baya moya wa me mo seatleng sa me?+
15 Le fa a ka mpolaya, a ke ne nka se lete?+Ke ne ke tla ganetsana le ene fela fa pele ga sefatlhego sa gagwe ka ntlha ya ditsela tsa me.
16 Gape o ne a tla nna poloko ya me,+Gonne ga go na motlhanogi ope yo o tla tsenang fa pele ga gagwe.+
17 Utlwang lefoko la me sentle,+Mme a polelo ya me e nne mo ditsebeng tsa lona.
18 Bonang! Tsweetswee, ke isitse tsheko ya tshiamiso;+Ke itse sentle gore nna ka bonna ga ke na molato.
19 Ke mang yo o tla ganetsanang le nna?+Gonne fa ke ne nka didimala jaanong ke ne ke tla swa!
20 O se ka wa ntira dilo di le pedi fela;Foo ga nkitla ke iphitlha fela ka ntlha ya gago;+
21 Baya seatla sa gago kgakala le nna,Le go go tshaba—a go se ntshose.+
22 O ka nna wa bitsa gore ke tle ke arabe;Kgotsa ke bue, mme o nkarabe.
23 Ke ka tsela efe ke nang le ditlolo le maleo?Ntire gore ke itse go tlhanoga ga me le boleo jwa me.
24 Ke ka ntlha yang fa o fitlha sefatlhego sa gago+O bo o ntsaya jaaka mmaba wa gago?+
25 A o ka dira gore letlhare le le kgokgweediwang le rorome,Kgotsa a o tla nna o lelekisa serite fela se se omileng?
26 Gonne o nna o kwala dilo tse di bogalaka+ ka nnaMme o dira gore ke rue matswela a ditlolo tsa bosha jwa me.+
27 Gape o dira gore dinao tsa me di nne di tsentswe mo disaneng,+E bile o disa ditselana tsotlhe tsa me;Gonne o thalela dipato tsa dinao tsa me mothalo wa gago.
28 Mme o ntse jaaka sengwe se se bolang se se onalang;+Jaaka seaparo se motoutwane o se jang.+

