Jobe 33:1-33
33 “Le fa go ntse jalo, tsweetswee utlwa mafoko a me wena Jobe,A ko o sekegele mafoko otlhe a me tsebe.
2 Bona, tsweetswee! Ke tshwanetse go bula molomo wa me;Loleme lwa me mmogo le magalapa+ di tshwanetse go bua.
3 Mafoko a me ke go thokgama ga pelo ya me,+Le dipounama tsa me di bua kitso ka bopeloephepa.+
4 Moya wa Modimo o ne wa ntira,+Le mohemo wa Mothatayotlhe o ne wa ntshedisa.+
5 Fa o kgona, mphetole,Rulaganya mafoko fa pele ga me; ema mo maemong a gago.
6 Bona! Ke se o leng sone+ mo Modimong wa boammaaruri;Le nna ke ne ka bopiwa+ ka letsopa.
7 Bona! Ga go na sepe mo go nna se se tshosang se se ka go tshosang,E bile ga go na kgatelelo epe+ e e tswang mo go nna e e ka nnang boima mo go wena.
8 Fela o buile jaana mo ditsebeng tsa me,Mme ka nna ka utlwa modumo wa mafoko a gago,
9 ‘Ke itshekile ga ke na tlolo;+Ke phepa, e bile ga ke na tlolo epe.+
10 Bona! O bona dinako tsa go nna kgatlhanong le nna,O ntsaya ke le mmaba wa gagwe.+
11 O tsenya dinao tsa me mo disaneng,+O disa ditselana+ tsotlhe tsa me.’
12 Bona! Ke a go araba, o ne o fositse+ mo go seno;Gonne Modimo o mogolo go feta motho yo o nang le go swa.+
13 Ke ka ntlha yang fa o ne o ganetsana+ le ene,Ka gonne ga a arabe+ mafoko otlhe a gago?
14 Gonne Modimo o bua gangwe,Le gabedi+—le fa motho a sa go tlhokomele—
15 Mo torong,+ mo ponatshegelong+ ya bosigo,Fa batho ba welwa ke boroko jo bogolo,Ka nako ya fa go otselwa mo godimo ga bolao.+
16 Ke gone ka nako eo a bipololang tsebe ya batho,+Mme a ba rotloetse ka go baya lotshwao lwa gagwe,
17 Gore a fapose motho mo tirong ya gagwe,+Le gore a tle a bipe boikgogomoso+ mo monneng yo o nonofileng.
18 O thiba moya wa gagwe mo kgatamping+Le botshelo jwa gagwe gore bo se ka jwa fetisiwa ke sebetsa se se konopiwang.+
19 Mme ruri o kgalemelwa ka setlhabi mo bolaong jwa gagwe,Le go omana ga marapo a gagwe ga go kgaotse.
20 Ruri botshelo jwa gagwe bo dira gore senkgwe se ilege,+Le moya wa gagwe o ila dijo tse di eletsegang.
21 Nama ya gagwe e a fela mme e se tlhole e bonwa,Le marapo a gagwe a a neng a sa bonwe ruri a apoga.
22 Moya wa gagwe o atamela kgatampi,+Le botshelo jwa gagwe kwa go ba ba bakang loso.
23 Fa a na le morongwa,Mmueledi, a le mongwe mo go ba ba sekete,Go bolelela motho bothokgami jwa gagwe,
24 O mo utlwela botlhoko mme a re,‘Mo golole gore a se fologele mo kgatamping!+Ke bone thekololo!+
25 A nama ya gagwe e shafale go gaisa le nako ya bosha,+A a boele mo malatsing a matlhagatlhaga+ a bosha jwa gagwe.’
26 O tla rapela Modimo gore a tle a mo ipelele,+Mme o tla bona sefatlhego sa gagwe ka go goa ka boipelo,Mme O tla busetsa tshiamo ya Gagwe mo mothong yo o nang le go swa.
27 O tla opelela batho a re,‘Ke leofile;+ e bile ke sokamisitse se se thokgameng,Mme ruri e ne e se selo se se tshwanetseng mo go nna.
28 O golotse moya wa me gore o se ka wa fetela mo kgatamping,+Mme botshelo jwa me bo tla bona lesedi.’
29 Bona! Modimo o dira dilo tseno tsotlhe,Makgetlo a mabedi, makgetlo a mararo, malebana le monna yo o nonofileng,
30 Gore a buse moya wa gagwe mo kgatamping,+Gore a tle a sedimosetswe ka lesedi la ba ba tshelang.+
31 Tlhwaya tsebe, wena Jobe! Ntheetsa!Didimala, mme nna ke tla tswelela ke bua.
32 Fa go na le mafoko mangwe a o ka a buang, mphetole;Bua, gonne ke itumedisitswe ke tshiamo ya gago.
33 Fa a seyo, ntheetse;+Didimala, mme ke tla go ruta botlhale.”

