Jobe 40:1-24
40 Mme Jehofa a araba Jobe a re:
2 “A motho yo o tshwayang diphoso a ka ganetsana le Mothatayotlhe?+A mokgalemi wa Modimo ka boene a arabe.”+
3 Mme Jobe a araba Jehofa a re:
4 “Bona! Ke fetogile yo o seng wa sepe.+Ke tla go fetola ke reng?Ke ipeile seatla mo molomong.+
5 Ke buile gangwe fela, mme ga nkitla ke araba;Le gabedi, mme ga nkitla ke oketsa ka sepe.”
6 Mme Jehofa a araba Jobe a le mo sefefong+ a re:
7 “Ikgatlhe lotheka, tsweetswee, jaaka monna yo o nonofileng;+Ke tla go botsa, mme o nkitsise.+
8 A tota o tla dira tshiamiso ya me lefela?A o tla mpolela ke le yo o boikepo gore o tle o nne yo o se nang molato?+
9 Kgotsa a o na le lebogo le le tshwanang le la Modimo wa boammaaruri,+A o ka dira gore maru a dume+ ka lentswe le le tshwanang le la gagwe?
10 Ikgabise, tsweetswee, ka tlotlomalo+ le ka bokwagodimo;+Gape e kete o ka ikapesa seriti+ le bontlentle.+
11 A ditšhakgalo tse dikgolo tsa bogale+ jwa gago di elele,O lebe mongwe le mongwe yo o mabela mme o mo kokobetse.
12 Leba mongwe le mongwe yo o mabela, o mo kokobetse,+Mme o gatake baikepi gone mo ba leng teng.
13 Ba fitlhe mmogo mo loroleng,+Bofa difatlhego tsa bone mo lefelong le le fitlhegileng,
14 Mme nna, e leng nna, ke tla go akgola,Ka gonne seatla sa gago sa moja se ka go boloka.
15 Bona, Behemothe e ke e dirileng mmogo le wena.E ja+ bojang jo botala fela jaaka poo.
16 Bona, maatla a yone a mo dinōkeng tsa yone,Le maatla+ a yone a a boitshegang a mo mesifeng ya mpa ya yone.
17 E oba mogatla wa yone jaaka mosedara;Mesifa ya dirope tsa yone e logagane.
18 Marapo a yone ke ditšhupu tsa kgotlho;Marapo a yone a a thata a ntse jaaka dithobane tsa tshipi e e betlilweng.
19 Ke tshimologo ya ditsela tsa Modimo;Modiri+ wa yone a ka atametsa tšhaka ya gagwe.
20 Gonne dithaba ka botsone di e tlhagisetsa maungo,+Mme dibatana tsotlhe di tshameka koo.
21 E rapama ka fa tlase ga setlhare sa koma se se mitlwa,Mo lefelong le le subegileng la matlhaka+ le mo lefelong le le loraga.+
22 Ditlhare tsa koma tse di mitlwa di nna di e thibetse ka moriti wa tsone;Ditlhare tsa modibonoka tsa mokgatšha o o phothoselang di a e dikologa.
23 Fa noka e elela ka mašetla, ga e tsenwe ke letshogo.E itshepile, le mororo Joredane e ka pomponyegela kwa molomong wa yone.
24 A go na le ope yo o ka e tsayang e ntse e lebile?A go na le ope yo o ka phunyang nko ya yone ka diru?

