Jobe 3:1-26
3 Jobe a bula molomo morago ga seno mme a simolola go hutsa letsatsi la gagwe.+
2 Jaanong Jobe a re:
3 “A letsatsi le ke tshotsweng+ ka lone le nyelele,Le bosigo jo mongwe a neng a re, ‘Go imilwe monna yo o nonofileng!’
4 Fa e le letsatsi leo, a le nne lefifi.A Modimo a se ka a le batla go tswa kwa godimo,Le fa e le gore motshegare o le phatsimele.
5 A lefifi le moriti o montsho di le fenye.A leru la pula le age mo godimo ga lone.A dilo tse di fifatsang motshegare di lo tshose.+
6 Mo bosigong joo—a letobo le le tseye;+A le se ka la itumela mo gare ga malatsi a ngwaga;A le se ka la tsena mo gare ga palo ya dikgwedi tsa modikologo wa ngwedi.
7 Bona! Bosigo joo—a bo opafale;A go goa ka boipelo go se ka ga tla mo go jone.+
8 A bahutsi ba letsatsi ba bo hutse,Ba ba ipaakanyeditseng go tsosa Lefiathane.+
9 A dinaledi tsa lotlatlana lwa jone di nne lefifi;A bo lete lesedi mme le se nne gone;A bo se ka jwa bona marang a bosa.
10 Gonne ga bo a ka jwa tswala dikgoro tsa sebopelo sa ga mmè,+Mme ka jalo jwa fitlhela matlho a me matshwenyego.
11 Ke ka ntlha yang ke ne ke sa swe+ fa ke tswa mo sebopelong?Ke ka ntlha yang ke ne ke sa tswe mo mpeng mme ka swa?
12 Ke ka ntlha yang fa mangole a ne a nkamogela,Le mabele+ gore ke a anye?
13 Gonne gone jaanong ke ka bo ke rapame gore ke se ka ka tshwenyega;+Ke ka bo ke ile ka robala ka nako eo; ke ka bo ke ikhuditse+
14 Le dikgosi le bagakolodi ba lefatshe,+Ba ba ikagelang+ mafelo a a kgakgabetseng,
15 Kgotsa le dikgosana tse di nang le gouta,Tse di tlatsang matlo a tsone ka selefera;
16 Kgotsa, jaaka go senyegelwa+ mo go fitlhegileng, ke ka bo ke sa nna gone,Jaaka bana ba ba sa bonang lesedi.+
17 Gone koo baikepi ba kgaoditse go nna mo khuduegong,+E bile gone koo ba ba feletsweng ke maatla ba ikhuditse.+
18 Bagolegwa ba iketlile mmogo;Tota ga ba utlwe lentswe la yo o ba gatelelang go dira.+
19 Ba ba botlana le ba bagolo ba gone koo ka go tshwana,+Le motlhanka o golotswe mo go mong wa gagwe.
20 Ke ka ntlha yang fa a naya yo o nang le matshwenyego lesedi,Le ba ba moya o o utlwileng botlhoko botshelo?+
21 Ke ka ntlha yang fa go na le ba ba letetseng loso, mme le sa tle,+Le mororo ba nna ba le epa go feta go epa matlotlo a a fitlhilweng?
22 Ba ba ipelang ka boitumelo jo bogolo thata,Ba a itumela ka gonne ba bona lefelo la go fitlhela.
23 [Ke ka ntlha yang fa a naya] monna yo o nonofileng [lesedi], yo tsela ya gagwe e fitlhegileng,+Le yo Modimo a mo agelelang ka legora?+
24 Gonne ke a fegelwa fa pele+ ga dijo tsa me,Le go bokolela ga me go tshologa jaaka metsi;+
25 Gonne ke boifile selo se se boifisang, mme se tla mo go nna;Le se ke ntseng ke se tshaba se tla mo go nna.+
26 Ga ke ise ke nne ke sa kgathale, le fa e le go nna ke sa tshwenyege,Le fa e le go ikhutsa, mme le fa go ntse jalo go tla khuduego.”

