Jobe 5:1-27
5 “Bitsa, tsweetswee! A go na le mongwe yo o go arabang?O tla retologela kwa go ofe wa baitshepi?
2 Seeleele se tla bolawa ke go galefa,Mme yo o hepisiwang bonolo o tla bolawa ke lefufa.
3 Nna ka bonna ke bone seeleele se mela medi,+Mme ka tshoganyetso ka simolola go hutsa lefelo la gagwe la bonno.
4 Bomorwawe ba kgakala le poloko,+Mme ba thubaganngwa mo kgorong ba se na mogolodi.
5 Se a se robang yo o tshwereng ke tlala o a se ja;E bile o se ntsha mo dikgogeng,Le seru se tshwara se ba itshedisang ka sone.
6 Gonne se se utlwisang botlhoko ga se tswe mo loroleng,Le matshwenyego ga a mele mo go se e leng mmu fela.
7 Gonne motho o tsaletswe matshwenyego,Jaaka ditlhase di fofela kwa godimo.
8 Le fa go ntse jalo, nna ka bonna ke tla botsa Modimo,E bile ke tla isa kgang+ ya me kwa Modimong,
9 Kwa go Yo o dirang dilo tse dikgolo tse di sa hukutsegeng,Dilo tse di gakgamatsang tse di se nang palo;+
10 Kwa go Yo o nesang pula mo godimo ga lefatshe+Le go romela metsi mo godimo ga masimo a a bulegileng;+
11 Kwa go Yo o bayang ba ba kwa tlase mo lefelong le le kwa godimo,+Gore ba ba utlwileng botlhoko ba nne kwa godimo mo polokong;
12 Kwa go Yo o kgoreletsang maano a ba ba botlhale,+Mo diatla tsa bone di sa direng ka tsela e e nang le matswela;
13 Kwa go Yo o tshwarang ba ba botlhale mo boferefereng jwa bone,+Mo boikaelelo jwa ba ba botlhajana bo dirwang ka mafega;+
14 Ba kopana le lefifi go ntse go le motshegare,Mme ba apaapa go le sethoboloko jaaka e kete go bosigo;+
15 Le kwa go Yo o bolokang mo tšhakeng e e tswang mo molomong wa bone,Le yo o humanegileng+ mo seatleng sa yo o nonofileng,
16 Gore motho wa maemo a a kwa tlase a nne le tsholofelo,+Mme tshiamololo e tswala molomo wa yone.+
17 Bona! Go itumela motho yo Modimo a mo kgalemelang;+Mme o se ka wa gana kotlhao ya Mothatayotlhe!
18 Gonne ene ka boene o utlwisa botlhoko, mme a hape ntho;O a thubaganya, mme diatla tsa gagwe di a fodisa.
19 O tla go golola+ mo matshwenyegong a le marataro,Mo go a le supa ga go na sepe se se utlwisang botlhoko se se tla go amang.+
20 O tla go golola mo losong+ ka nako ya leuba,Le mo maatleng a tšhaka ka nako ya ntwa.
21 O tla fitlhelwa seme sa loleme,+Mme ga o kitla o boifa thopo fa e tla.
22 O tla tshega thopo le tlala,Mme ga o tlhoke go boifa sebatana sa naga sa lefatshe.
23 Gonne o tla nna le kgolagano le maje a naga,Mme sebatana sa naga se tla dirwa gore se tshele ka kagiso le wena.+
24 Mme ruri o tla itse gore kagiso ka boyone ke mogope wa gago,Mme o tla tshwanelwa ke go tsamaya o ya go bona mafulo a gago, mme ga o kitla o tlhoka sepe.
25 Mme ruri o tla itse gore bana ba gago ba bantsi+Le ditlogolwana tsa gago jaaka dimela tsa lefatshe.+
26 O tla tla ka matlhagatlhaga mo lefelong la go fitlhela,+Jaaka fa dingata di koagana ka nako ya tsone.
27 Bona! Seno ke se re se tlhotlhomisitseng. Se ntse fela jalo.Se utlwe, mme wena—o se itse.”

