Jobe 7:1-21
7 “A ga go na tiro mo lefatsheng e motho yo o nang le go swa a patelediwang+ go e dira,Mme a metlha ya gagwe ga e tshwane le metlha ya modiri yo o thapilweng?+
2 O tlhologeletswe moriti+ jaaka motlhanka,Mme o letetse tuelo+ ya gagwe jaaka modiri yo o thapilweng.
3 Ka jalo ke dirilwe gore ke rue dikgwedi tsa modikologo wa ngwedi+ tse di se nang mosola,Mme di mpaletse masigo a matshwenyego.+
4 Fa ke rapame ke ne gape ka re, ‘Ke tla tsoga leng?’+Mme fa go nna maitseboa ka botlalo, ke ne ke tletse ka go tlhorega go fitlha ka makuku a moso.
5 Nama ya me e apesitswe ke diboko+ le ke makwete a lorole;+Letlalo la me le dule magogo mme le a nyerologa.+
6 Malatsi a me a nnile bofefo+ go feta le nnale ya selogi,Mme a khutla a se na tsholofelo.+
7 Gakologelwa gore botshelo jwa me ke phefo;+Gore leitlho la me ga le kitla le bona molemo gape.
8 Leitlho la ene yo o mponang le ka se ntebe;Matlho a gago a tla bo a le mo go nna, mme ke tla bo ke seyo.+
9 Ruri leru le tla mo bokhutlong jwa lone mme le tsamaye;Ka jalo yo o fologelang mo Sheole a ka se tswe.+
10 A ka se tlhole a boela kwa ntlong ya gagwe,Mme le lefelo la gagwe le ka se tlhole le mo itse.+
11 Le nna, nka se thibele molomo wa me.Ke tla bua mo matshwenyegong a moya wa me;Ke tla tshwenyega ka go utlwa botlhoko ga moya wa me!+
12 A ke lewatle kgotsa setshedi se setonatona sa lewatle,Gore o mpeele modisa?+
13 Fa ke ne ke re, ‘Bolawana jwa me bo tla nkgomotsa,Bolao jwa me bo tla nthusa go tshola matshwenyego a me,’
14 O ntshositse ka ditoro,Mme ka diponatshegelo o ntira gore ke simolole go tshoga,
15 Mo moya wa me o tlhophang go hupela,Loso+ go na le marapo a me.
16 Ke bo ganne;+ ga nkitla ke tshela ka bosakhutleng.Ntlogele, gonne malatsi a me ke moya o o hemelwang kwa ntle.+
17 Motho yo o nang le go swa+ ke eng go bo o mo godisa,Le gore o tlhome pelo ya gago mo go ene,
18 Le gore o mo ele tlhoko moso mongwe le mongwe,Gore o mo leke motsotso mongwe le mongwe?+
19 Ke ka ntlha yang fa o sa fapose matlho a gago mo go nna,+Kgotsa o ntlogele go fitlha ke metsa mathe a me?
20 Fa e le gore ke leofile, nka kgona go dira eng kgatlhanong le wena, Molepi wa batho?+Ke ka ntlha yang fa o nkwaile, gore ke tle ke nne mokgweleo mo go wena?
21 Mme ke ka ntlha yang o sa itshwarele tlolo ya me+Mme o tlodise phoso ya me matlho?Gonne jaanong ke tla rapama mo loroleng;+Ruri o tla mpatla, mme ke tla bo ke seyo.”

