Jobe 21:1-34

21  Mme Jobe a araba a re:   “Reetsang lefoko la me ka kelotlhoko,Mme a seno e nne kgomotso ya lona.   Intshokeleng, mme nna ke tla bua;Mme mongwe le mongwe wa lona a ka nna a sotla+ morago ga gore ke bue.   Fa e le nna, a go tshwenyega ga me go bolelelwa motho?Kgotsa ke ka ntlha yang fa moya wa me o sa fele pelo?   Lebisang difatlhego tsa lona mo go nna mme lo rotole matlho lo gakgametse,Mme lo ipeye seatla mo molomong.+   Mme fa ke gakologetswe, gape ke fuduegile,Mme go roroma go tshwere nama ya me.   Ke ka ntlha yang fa baikepi ba tswelela ba tshela,+Ba tsofetse, e bile ba humile mo gogolo?+   Bana ba bone ba tlhomamisitswe ka thata mmogo le bone mo ponong ya bone,Le ditlogolwana tsa bone fa pele ga matlho a bone.   Matlo a bone ke kagiso ka boyone, ga go na poifo+ mo go one,Le thobane ya Modimo ga e mo godimo ga bone. 10  Poo ya gagwe e a imisa, mme ga e senye peo;Kgomo ya gagwe e a tsala+ mme ga e folotse. 11  Ba nna ba roma basimanyana ba bone fela jaaka letsomane,Mme bana ba bone ba basimane ba a tlolaka. 12  Ba tswelela go tsholetsa mantswe a bone ka moropana le harepa,+Mme ba nna ba ipela fa go utlwala modumo wa lotlhaka. 13  Ba fetsa malatsi a bone ba le mo dinakong tse di monate,+Mme ka ponyo ya leitlho ba fologela kwa Sheole. 14  Mme ba raya Modimo wa boammaaruri ba re, ‘Tswa mo go rona!+Ga re a natefelelwa+ ke go itse ditsela tsa gago. 15  Mothatayotlhe ke eng, gore re ka mo direla,+Mme go bo re kopane le ene+ go re tswela mosola jang?’ 16  Bona! Boitekanelo jwa bone ga bo mo maatleng a bone.+Boikaelelo jwa baikepi bo kgakala le nna.+ 17  Lobone lwa baikepi lo tingwa+ ga kae,Mme ba welwa ke matlhotlhapelo a bone ga kae?O kgaoganya tshenyego+ ga kae mo bogaleng jwa gagwe? 18  A ba nna jaaka lotlhaka mo phefong,+Le jaaka mmoko o phefo ya matsubutsubu e o utswileng? 19  Modimo ka boene o tla bolokela bomorwa+ motho sa gagwe se se utlwisang botlhoko;O tla mo duela gore a tle a itse ka gone.+ 20  Matlho a gagwe a tla bona go felelwa ga gagwe ke nonofo,Mme o tla nwa+ tšararego ya Mothatayotlhe. 21  Gonne boitumelo jwa gagwe e tla nna eng mo ntlong ya gagwe morago ga gagwe,Fa palo ya dikgwedi tsa gagwe ruri e tla bo e kgaolwa ka bogare?+ 22  A o tla ruta le Modimo+ kitso,Fa Ene yoo a atlhola ba ba kwa godimo?+ 23  Ene yono o tla swa ka nako ya fa a ritibetse ka botlalo,+Ka nako ya fa a se na matshwenyego gotlhelele e bile a iketlile; 24  Fa dirope tsa gagwe di tletse mafuraLe moko wa marapo a gagwe o bolokwa o le bongola. 25  Mme yo mongwe yono o tla swa ka moya o o utlwileng botlhokoFa a sa ja dilo tse di molemo.+ 26  Ba tla lala mmogo mo loroleng+Mme diboko di tla ba bipa.+ 27  Bonang! Ke itse dikakanyo tsa lona sentleLe maano a lo tla ntirelang tshiamololo ka one.+ 28  Gonne lwa re, ‘Ntlo ya motlotlegi e kae,E bile o kae mogope, metlaagana ya baikepi?’+ 29  A ga lo a botsa ba ba tsamayang mo ditseleng?Mme a ga lo sekaseke ditshupo tsa bone ka kelotlhoko, 30  Gore yo o bosula o a rekegelwa+ mo letsatsing la matlhotlhapelo,O a gololwa mo letsatsing la tšhakgalo? 31  Ke mang yo o tla mmolelelang tsela ya gagwe ka tlhamalalo?+E bile ke mang yo o tla mo duelang+ ka se a se dirileng? 32  Fa e le ene, o tla tlisiwa+ mo diphupung,Mme lebitla la gagwe le tla lebelelwa. 33  Makwete a mmu a mokgatšha o o phothoselang a tla nna botshe+ mo go ene,Mme o tla goga batho botlhe+ fa morago ga gagwe,Mme ba ba fa pele ga gagwe ba ne ba se na palo. 34  A bo go leka go nkgomotsa+ ga lona e le ga lefela jang ne,Le diphetolo tsa lona di sala e le go sa ikanyege!”

Dintlha Tse di Kwa Tlase