Diane 13:1-25
13 Morwa o botlhale fa go nang le kotlhao ya ga rre gone,+ mme mosotli ke yo a iseng a utlwe kgalemo.+
2 Motho o tla ja molemo go tswa mo maungong a molomo wa gagwe,+ mme moya wa ba ba dirang ka boferefere ke thubakanyo.+
3 Yo o disang molomo wa gagwe o boloka moya wa gagwe.+ Yo o bulang dipounama tsa gagwe thata—o tla senngwa.+
4 Setshwakga se ipontsha se eletsa, mme moya wa sone ga o na sepe.+ Le fa go ntse jalo, moya wa ba ba tlhoafetseng o tla nontshiwa.+
5 Mosiami o tlhoile lefoko la maaka,+ mme baikepi ba dira ka matlhabisa ditlhong mme ba itlhabisa ditlhong.
6 Tshiamo e dibela yo o sa gobatseng mo tseleng ya gagwe,+ mme boikepo ke jone bo menolang moleofi.+
7 Go na le yo o itshemang mohumi mme a se na sepe gotlhelele;+ go na le yo o itshemang mohumanegi mme a na le dilo tse dintsi tse di tlhwatlhwakgolo.
8 Thekololo ya moya wa motho ke dikhumo tsa gagwe,+ mme yo o humanegileng ga a utlwa kgalemo.+
9 Lesedi la basiami le tla ipela;+ mme lobone lwa baikepi—lo tla tingwa.+
10 Motho o baka ntwa ka boikgodiso,+ mme go na le botlhale mo go ba ba gakololanang.+
11 Dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse di tswang mo lefeleng di a ngotlega,+ mme yo o phuthang ka seatla ke ene yo o oketsang.+
12 Tebelelo e e busediwang morago e bobodisa pelo,+ mme selo se se eletsegang ke setlhare sa botshelo fa se tla.+
13 Yo o nyaditseng lefoko,+ sebeelo sa yo o kolotang se tla tsewa mo go ene; mme yo o boifang taelo ke ene yo o tla duelwang.+
14 Molao wa yo o botlhale ke motswedi wa botshelo,+ go faposa motho mo dirung tsa loso.+
15 Temogo e e molemo e naya kamogelo,+ mme tsela ya ba ba dirang ka boferefere e makgawekgawe.+
16 Mongwe le mongwe yo o botlhale o tla dira ka kitso,+ mme yo o sematla o tla anamisetsa boeleele kgakala.+
17 Morongwa yo o boikepo o tla wela mo bosuleng,+ mme morongwa yo o ikanyegang ke phodiso.+
18 Yo o tlhokomologang kotlhao o a humanega e bile o a tlontlologa,+ mme yo o bolokang kgalemelo ke ene yo o galalediwang.+
19 Keletso fa e fitlheletswe e itumedisa moya;+ mme go fapoga bosula ke selo se se makgapha mo dimatleng.+
20 Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale,+ mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.+
21 Baleofi ke ba masetlapelo a ba latelelang,+ mme basiami ke ba ba duelwang ke molemo.+
22 Yo o siameng o tla tlogelela bana ba bana boswa, mme khumo ya moleofi ke sengwe se se bolokelwang mosiami.+
23 Mmu o o lemilweng wa bahumanegi o ungwa dijo tse dintsi fela thata,+ mme go na le yo o gogolwang ka ntlha ya go tlhaela tshiamiso.+
24 Yo o ganang ka thupa o tlhoile morwawe,+ mme yo o mo ratang ke yo o mmatlang ka kotlhao.+
25 Mosiami o ja gore a bo a kgorise moya wa gagwe,+ mme mpa ya baikepi e tla nna lolea.+

