Diane 7:1-27
7 Morwaaka, boloka mafoko a me,+ mme e kete o ka boloka ditaelo tsa me mo go wena.+
2 Boloka ditaelo tsa me mme o tswelele o tshela,+ le molao wa me jaaka thaka+ ya matlho a gago.
3 Di bofelele mo menwaneng ya gago,+ o bo o di kwale mo sekwalelong sa pelo ya gago.+
4 Raya botlhale o re:+ “O kgaitsadiake”; mme e kete o ka bitsa tlhaloganyo o re “O wa losika,”
5 gore di go dise mo mosading wa motswakwa,+ mo mothong wa moeng yo o rethefaditseng mafoko a gagwe.+
6 Gonne ke ne ka leba kwa tlase ka fenstere ya me, ka marofana+ a me,
7 gore ke tle ke tlhodumele ba ba se nang maitemogelo.+ Ke ne ke kgatlhegela go lemoga lekau le le seng botlhale mo basimaneng,+
8 le le fetang ka mmila gaufi le sekhutlo sa mosadi yoo, le le gwantang mo tseleng le ya kwa ntlong ya gagwe,+
9 ka lotlatlana, maitseboa,+ fa bosigo le letobo di atamela.
10 Mme bona! go ne go na le mosadi a tlile go mo kgatlhantsha, a apere seaparo sa seaka+ e bile a le pelo e e boferefere.
11 O tsosa modumo e bile o tlhogo e thata.+ Dinao tsa gagwe ga di nne mo ntlong ya gagwe.+
12 Jaanong o kwa ntle, a tloge a ye kwa dipatlelong,+ mme o lalela gaufi le sekhutlo sengwe le sengwe.+
13 O mo tshwere mme a mo atla.+ A beta pelo, mme a simolola go mo raya a re:
14 “Ke neilwe ditlhabelo tsa kabalano e le tiro.+ Gompieno ke duetse maikano a me.+
15 Ke gone ka moo ke tlileng go go kgatlhantsha, go batla sefatlhego sa gago, gore ke tle ke go bone.
16 Ke kgabisitse bolawana jwa me ka matsela a a apesang, ka dilo tse dintsi tse di mebala, leloba la Egepeto.+
17 Ke kgatšhitse bolao jwa me ka mera, mekgwapha le sinamone.+
18 Tla, mme re nwe lorato ka botlalo go fitlha mo mosong; tla re ipelelane ka ditiro tse di bontshang lorato.+
19 Gonne monna wa me ga a yo mo ntlong ya gagwe; o tsere loeto lo loleele.+
20 O tsere kgetsi ya madi mo seatleng sa gagwe. O tla tla mo ntlong ya gagwe ka letsatsi la ngwedi o o tletseng.”
21 O mo timeditse ka go mo tlhotlheletsa thata.+ O mo faposa ka borethe jwa dipounama tsa gagwe.+
22 Ka tshoganyetso o mo sala morago,+ jaaka poo e e tlang go tlhabiwa, le jaaka e kete o bofetswe go newa kotlhao e e newang seeleele,
23 go fitlha motswi o fatola sebete sa gagwe,+ fela jaaka nonyane e potlakela kwa seraing,+ mme ga a ise a itse gore go ama moya wa gagwe.+
24 Jaanong bomorwaaka, ntheetsang mme lo tlhwaele mafoko a molomo wa me tsebe.+
25 A pelo ya lona e se ka ya fapogela kwa ditseleng tsa gagwe. Lo se ka lwa kgarakgatshegela mo ditseleng tsa gagwe.+
26 Gonne o dirile gore ba bantsi ba we ba bolailwe setlhogo,+ mme botlhe ba a ba bolayang ba bantsi.+
27 Ntlo+ ya gagwe ke ditsela tse di yang kwa Sheole; di fologela kwa diphaposing tse di kwa teng tsa loso.+