Diane 29:1-27

29  Motho yo o kgalemelwang kgapetsa+ mme a thatafatsa thamo+ ya gagwe o tla robega ka tshoganyetso, mme ga a na go fola.+  Fa basiami ba ntsifala, batho ba a ipela;+ mme fa ope yo o boikepo a busa, batho ba a fegelwa.+  Motho yo o ratang botlhale o ipedisa rraagwe,+ mme yo o nnang molekane le diaka o senya dilo tse di tlhwatlhwakgolo.+  Ka tshiamiso, kgosi e dira gore lefatshe le nne le ntse le eme,+ mme motho yo o batlang pipamolomo o a le rutlolola.+  Motho yo o nonofileng yo o dirisang puo e e borethe mo molekaneng wa gagwe+ o tsharololela dikgato tsa gagwe letlowa.+  Go na le seru mo tlolong ya motho yo o bosula,+ mme yo o siameng o goa ka boipelo e bile o itumetse.+  Mosiami o itse kopo e e kafa molaong ya batho ba maemo a a kwa tlase.+ Yo o boikepo ga a akanyetse kitso eo.+  Batho ba puo ya boipelafatso ba fisa motse,+ mme ba ba botlhale ba busetsa bogale kwa morago.+  Motho yo o botlhale yo o tseneng mo katlholong le motho yo o seeleele—o itumetse e bile o tshegile, mme ga go na boikhutso.+ 10  Batho ba ba nyoretsweng madi ba tlhoa ope fela yo o se nang molato;+ mme fa e le bathokgami bone, ba nna ba senka moya wa mongwe le mongwe.+ 11  Sematla se ntsha moya wa sone otlhe, mme yo o botlhale o o boloka o ritibetse go fitlha kwa bofelong.+ 12  Kwa mmusi a tlhwaelang tsebe puo ya maaka teng, botlhe ba ba mo direlang ba tla nna boikepo.+ 13  Motho yo o humanegileng le motho wa dikgatelelo ba kopane;+ mme Jehofa o bonesa matlho a bone boobabedi.+ 14  Kwa kgosi e atlholang batho ba maemo a a kwa tlase ka boammaaruri teng,+ setulo sa yone sa bogosi se tla tlhomamisiwa thata ka bosakhutleng.+ 15  Thupa le kgalemelo di naya botlhale;+ mme mosimane yo o tlogelelwang fela o tla tlhabisa mmaagwe ditlhong.+ 16  Fa baikepi ba ntsifala, tlolo e a tota; mme ba ba siameng ba tla leba go wa ga bone.+ 17  Kgwathisa morwao mme o tla go naya boikhutso a bo a ipedise moya wa gago thata.+ 18  Kwa go se nang ponatshegelo teng batho ga ba ithibe,+ mme go itumela ba ba bolokang molao.+ 19  Motlhanka ga a na go itetla go siamisiwa ka mafoko fela,+ gonne o a tlhaloganya mme ga a tseye tsia.+ 20  A o bone motho yo o potlakang ka mafoko a gagwe?+ Go na le tsholofelo ka sematla go na le ka ene.+ 21  Fa motho a tlekeetsa motlhanka wa gagwe go simolola mo bosheng go ya pele, moragonyana mo botshelong jwa gagwe o tla nna yo o sa lebogeng. 22  Motho yo o bogale o tsosa manganga,+ mme ope yo o sekametseng mo tšararegong o na le ditlolo tse dintsi.+ 23  Mabela a motho wa mo lefatsheng a tla mo kokobetsa,+ mme yo o ikokobeditseng mo moyeng o tla bona kgalalelo.+ 24  Yo e leng molekane le legodu o tlhoile moya wa gagwe.+ O ka nna a utlwa ikano e e akaretsang phutso, mme a sa bege sepe.+ 25  Go boifa batho ke gone mo go bayang seru,+ mme yo o ikanyang Jehofa o tla sirelediwa.+ 26  Ba ba senkang sefatlhego sa mmusi ba bantsi,+ mme katlholo ya motho e tswa kwa go Jehofa.+ 27  Motho yo o se nang tshiamiso ke selo se se makgapha mo basiaming,+ mme yo o thokgameng mo tseleng ya gagwe ke selo se se makgapha mo moikeping.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase