Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsogo ya ga Jesu—Kafa e re Amang ka Teng

Tsogo ya ga Jesu—Kafa e re Amang ka Teng

“O tsositswe.”—MATH. 28:6.

1, 2. (a) Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba ne ba batla go itse eng, mme Petere o ne a araba jang? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.) (b) Mo tiragalong eo, ke eng se se neng sa dira gore Petere a nne pelokgale?

MALATSI a se kae morago ga loso lwa ga Jesu, moaposetoloi Petere o ne a lebana le setlhopha se se boifisang le se se galefileng sa banna. E ne e le baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ba nang le taolo—bone ba ba neng ba rulagantse gore Jesu a bolawe. Banna bano ba ne ba mo laela gore a ba tlhalosetse se se diragetseng. Petere o ne a fodisitse monna yo o neng a tshotswe a le segole mme ba ne ba batla go itse gore o ne a tsere kae maatla a go mo fodisa kgotsa gore o ne a dirile jalo ka leina la ga mang. Moaposetoloi yono o ne a araba jaana ka bopelokgale: “Mo leineng la ga Jesu Keresete Monasaretha, yo lo neng lwa mmapola mme yo Modimo a neng a mo tsosa mo baswing, ke ka yono go bo monna yono a eme fano fa pele ga lona a itekanetse sentle.”—Dit. 4:5-10.

2 Pele ga moo, Petere o ne a itatotse Jesu makgetlo a le mararo ka ntlha ya poifo. (Mar. 14:66-72) E re ka jaanong a eme fa pele ga baeteledipele ba bodumedi, o ne a tsaya kae bopelokgale jo bo kana kana? O ne a thusiwa thata ke moya o o boitshepo le ke go tlhomamisega gore Jesu o ne a tsositswe. Ke eng se se neng se dira gore moaposetoloi Petere a tlhomamisege jaana gore Jesu o a tshela? Mme ke ka ntlha yang fa le rona re ka tlhatswega pelo jalo?

3, 4. (a) Ke batho bafe ba ba ileng ba tsosiwa pele baaposetoloi ba ga Jesu ba tsholwa? (b) Jesu o ne a tsosa batho bafe?

 3 Kgang ya gore baswi ba ka tshela gape e ne e se ntšha mo ditsebeng tsa baaposetoloi ba ga Jesu; go ne go kile ga tsosiwa batho pele baaposetoloi bano ba tsholwa. Ba ne ba itse gore Modimo o ne a neile moporofeti Elija le Elisha maatla a go dira dikgakgamatso tse di ntseng jalo. (1 Dikg. 17:17-24; 2 Dikg. 4:32-37) Monna mongwe yo o neng a sule o ne a tsoga fa mmele wa gagwe o sena go latlhelwa mo lebitleng o bo o kgoma marapo a ga Elisha. (2 Dikg. 13:20, 21) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba dumela dipego tseno tsa Dikwalo fela jaaka re dumela gore Lefoko la Modimo le boammaaruri.

4 Rotlhe re ka tswa re ile ra kgothadiwa thata ke go bala dipego tsa fa Jesu a ne a tsosa batho bangwe. Fa a ne a tsosa morwa yo o esi wa mosadi wa motlholagadi, motlhalagadi yoo o tshwanetse a bo a ile a gamarega. (Luke 7:11-15) Mo lekgetlong le lengwe, Jesu o ne a tsosa mosetsana wa dingwaga tse 12. Akanya kafa batsadi ba ba neng ba hutsafetse ba ileng ba itumela le go gakgamala ka teng fa morwadiabone a tsosiwa mo baswing! (Luke 8:49-56) Mme batho ba ba neng ba lebeletse ba tshwanetse ba bo ba ile ba itumela fa ba bona Lasaro a tswa mo lebitleng a tshela e bile a siame!—Joh. 11:38-44.

LEBAKA LA GO BO TSOGO YA GA JESU E NE E TLHOMOLOGILE

5. Tsogo ya ga Jesu e ne e sa tshwane le ya batho ba bangwe ba ba tsositsweng pele ga gagwe ka tsela efe?

5 Baaposetoloi ba ne ba itse gore tsogo ya ga Jesu e ne e sa tshwane le ya batho ba bangwe ba ba tsositsweng pele ga gagwe. Batho ba ba neng ba tsosiwa pele ga gagwe ba ne ba tsoga ka mebele ya senama mme ba ne ba feleletsa ba sule gape. Jesu o ne a tsosiwa ka mmele wa semoya o o neng o ka se swe. (Bala Ditiro 13:34.) Petere a re Jesu o ne “a bolawa mo nameng, mme a tshedisiwa mo moyeng.” Mo godimo ga moo, “o kafa seatleng sa moja sa Modimo, gonne o ne a ya legodimong, mme baengele le balaodi le bathata ba ne ba bewa mo taolong ya gagwe.” (1 Pet. 3:18-22) Batho ba ba neng ba tsositswe pele ga gagwe ba ne ba tsositswe ka ditsela tse di gakgamatsang mme ga go ope yo o neng a tsositswe ka kgakgamatso eno e kgolo go di gaisa.

6. Tsogo ya ga Jesu e ne ya ama barutwa ba gagwe jang?

6 Tsogo ya ga Jesu e ne ya ama barutwa ba gagwe fela thata. O ne a tshela le fa baba ba gagwe ba ne ba dumela gore o sa ntse a sule. Jesu o ne a tshela e le motho wa semoya yo o maatla yo o neng a ka se ntshiwe kotsi ke motho ope. Go tsosiwa ga gagwe go ne go supa gore ke Morwa Modimo, mme go itse seo go ne go dira gore barutwa ba tswe mo khutsafalong e kgolo mme ba itumele thata. Mo godimo ga moo, poifo ya bone e ne ya emisediwa ke bopelokgale. Tsogo ya ga Jesu e ne e le botlhokwa mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa ga Jehofa mme e ne e le yone kgang ya botlhokwa mo gare ga dikgang tse di molemo tse ba neng ba di rera ka bopelokgale go ralala naga.

7. Jesu o dira eng gompieno, mme go tsoga dipotso dife?

7 Rona batlhanka ba ga Jehofa re itse sentle gore Jesu e ne e se fela motho yo o itsegeng. O a tshela e bile o kaela tiro e e amang mongwe le mongwe mo lefatsheng. E re ka Jesu Keresete e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jo bo kwa legodimong, o tla tloga a fedisa bosula jotlhe mo lefatsheng a bo a le fetola paradaise e batho ba tla tshelelang ruri mo go yone. (Luke 23:43) Dilo tseno tsotlhe di ne di ka se direge fa e ne e le gore Jesu o ne a sa tsosiwa. Ka jalo, re na le mabaka afe a go dumela gore o tsositswe mo baswing? Mme go tsosiwa ga gagwe go re ama jang?

 JEHOFA O BONTSHA GORE O NA LE MAATLA A GO FEDISA LOSO

8, 9. (a) Ke ka ntlha yang fa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba re lebitla la ga Jesu le disiwe? (b) Go ne ga diregang fa basadi ba babedi ba ne ba tla fa lebitleng?

8 Fa Jesu a sena go bolawa, baperesiti ba bagolo le Bafarasai ba ne ba tla kwa go Pilato mme ba re: “Rra, re gakologetswe gore leferefere lele fa le ne le sa ntse le tshela le ne la re, ‘Ke tla tsosiwa morago ga malatsi a le mararo.’ Jalo laela gore phupu e disiwe go fitlha ka letsatsi la boraro, gore barutwa ba gagwe ba se ka ba tla ka gope ba mo utswa mme ba raya batho ba re, ‘O ne a tsosiwa mo baswing!’ mme boferefere jono jwa bofelo bo tla nna maswe go gaisa jwa ntlha.” Pilato a ba raya a re: “Lo na le badisa. Tsamayang lo ye go e disa kafa lo itseng ka gone.” Mme ba ne ba dira fela jalo.—Math. 27:62-66.

9 Mmele wa ga Jesu o ne o tsentswe mo lebitleng le le neng le gabilwe mo lefikeng le bo le tswalwa ka leje le legolo. Lebitla leo ke lone le baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba neng ba batla gore Jesu a nnele ruri mo go lone—a sule. Mme Jehofa o ne a ikaeletse go dira sengwe se sele. Fa Marea Magadalena le Marea yo mongwe ba ne ba tla fa lebitleng ka letsatsi la boraro, ba ne ba fitlhela leje le tlositswe foo mme moengele a ntse mo go lone. Moengele o ne a raya basadi bao gore ba tlhodumele mme ba bone gore lebitla ga le na sepe. Moengele o ne a re: “Ga a yo fano, gonne o tsositswe.” (Math. 28:1-6) Jesu o ne a tshela!

10. Paulo o ne a naya bosupi bofe jwa go tsosiwa ga ga Jesu?

10 Dilo tse di neng tsa diragala mo malatsing a le 40 a a latelang di ne tsa bontsha sentle gore Jesu o ne a tsositswe. Moaposetoloi Paulo o ne a sobokanya bosupi jwa seno jaana a kwalela Bakorintha: “Mo dilong tsa ntlha, ke ne ka fetisetsa mo go lona se le nna ke neng ka se amogela, gore Keresete o ne a swela maleo a rona go ya ka Dikwalo; le gore o ne a fitlhwa, ee, gore o tsositswe ka letsatsi la boraro go ya ka Dikwalo; le gore o ne a bonala mo go Kefase, go tswa foo mo go ba ba lesome le bobedi. Morago ga moo o ne a bonala mo bakaulengweng ba ba fetang makgolo a matlhano ka nako e le nngwe, ba bontsi jwa bone bo sa ntseng bo le gone go fitlha jaanong, mme bangwe ba robetse mo losong. Morago ga moo o ne a bonala kwa go Jakobe, go tswa foo kwa baaposetoloing botlhe; mme kwa bofelong a bonala le mo go nna jaaka e kete mo go yo o tsetsweng pele ga nako.”—1 Bakor. 15:3-8.

LEBAKA LA GO BO RE ITSE GORE JESU O TSOSITSWE

11. Ke jang go ka tweng tsogo ya ga Jesu e diragetse “go ya ka Dikwalo”?

11 Lebaka lengwe la go bo re itse gore Jesu o tsositswe mo baswing ke gore o tsositswe “go ya ka Dikwalo.” Lefoko la Modimo le ne le boleletse pele gore o tla tsosiwa. Ka sekai, Dafide o ne a kwala gore “yo o ikanyegang” go ba gaisa botlhe ba Modimo o ne a ka se tlogelelwe ruri mo Lebitleng. (Bala Pesalema 16:10.) Ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E., moaposetoloi Petere o ne a bua jaana a tlhalosa gore boporofeti joo bo ne bo bua ka Jesu: “[Dafide] o ne a bona go sa le pele a ba a bua kaga tsogo ya ga Keresete, gore o ne a sa latlhwa mo Hadese le gone nama ya gagwe e ne ya se ka ya bola.”—Dit. 2:23-27, 31.

12. Ke mang yo o boneng Jesu fa a sena go tsosiwa?

12 Lebaka la bobedi la go bo re itse gore Jesu o ne a tsosiwa mo baswing ke ka gonne re na le bosupi jwa batho ba le bantsi. Mo malatsing a le 40, Jesu yo o tsositsweng o ne a bonala mo barutweng ba gagwe mo tshimong e lebitla le neng le le mo go yone le mo tseleng e e yang kwa Emao le kwa mafelong a mangwe. (Luke 24:13-15) Mo makgetlong ao o ne a bua le batho ba ba farologaneng, go akaretsa Petere le ditlhopha tsa batho. Tota e bile, Jesu yo o tsositsweng o kile a bonala mo boidiiding jwa batho ba feta 500! Bosupi jwa  batho ba le bantsi jalo ba ba boneng seo ka matlho bo ka se tlhokomologiwe.

13. Tlhagafalo ya barutwa e ne e bontsha jang gore ba ne ba tlhomamisegile gore Jesu o tsositswe?

13 Lebaka la boraro la go bo re itse gore Jesu o tsositswe ke tsela e barutwa ba gagwe ba neng ba tlhagafetse ka yone fa ba itsise batho ka gone. Go naya bosupi ka tlhagafalo gore Keresete o tsositswe go ne ga dira gore ba bogisiwe ba bo ba bolawe. Fa e le gore Jesu o ne a sa tsosiwa—mme e ne e le maaka fela—ke ka ntlha yang fa Petere a ne a ka tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka go bua ka tsogo ya ga Keresete mo baeteledingpele ba bodumedi ba ba neng ba tlhoile Jesu e bile ba logile maano a gore a bolawe? E ne e le ka gonne Petere le barutwa ba bangwe ba ne ba tlhomamisegile gore Jesu o ne a tshela e bile a kaela tiro e Modimo a neng a batla gore e dirwe. Mo godimo ga moo, tsogo ya ga Jesu e ne e tlhomamisetsa balatedi ba gagwe gore le bone ba ne ba tla tsosiwa. Ka sekai, Setefane o ne a swa a tlhatswegile pelo gore go tla nna le tsogo ya baswi.—Dit. 7:55-60.

14. Ke eng fa o dumela gore Jesu o a tshela?

14 Lebaka la bonè la go bo re itse gore Jesu o tsositswe ke gore re na le bosupi jwa gore jaanong o busa e le Kgosi e bile ke Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete. Ka ntlha ya seo, Bokeresete jwa boammaaruri bo a ata. A seno se ka bo se ile sa direga fa Jesu a ka bo a sa tsosiwa mo baswing? Tota e bile, gongwe re ka bo re sa itse sepe ka ene fa a ka bo a sa tsosiwa. Mme re na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore Jesu o a tshela e bile o a re kaela fa re ntse re rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe.

KAFA TSOGO YA GA JESU E RE AMANG KA TENG

15. Ke ka ntlha yang fa tsogo ya ga Jesu e re naya bopelokgale jwa go rera?

15 Tsogo ya ga Keresete e re naya bopelokgale jwa go rera. Ka dingwaga di le 2 000, baba ba Modimo ba ntse ba dirisa sebetsa sa mofuta mongwe le mongwe—botlhanogi, kgobo, go tlhaselwa ke digongwana, dithibelo, pogiso le dipolao—go fedisa dikgang tse di molemo. Le fa go ntse jalo, ga go ‘sebetsa le fa e ka nna sefe se se bopilweng kgatlhanong le rona’ se se kgonneng go emisa tiro ya rona ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. (Isa. 54:17) Ga re boife batlhanka ba ga Satane. Jesu o na le rona, o re eme nokeng fela jaaka a solofeditse. (Math. 28:20) Ka jalo, re na le mabaka a a utlwalang a go nna pelokgale ka gonne le fa baba ba rona ba ka leka jang, ba ka se kgone go re didimatsa!

Tsogo ya ga Jesu e re naya bopelokgale jwa go rera (Bona serapa 15)

16, 17. (a) Tsogo e tlhomamisa jang se Jesu a neng a se ruta? (b) Go ya ka Johane 11:25, Modimo o neile Jesu maatla a go dira eng?

16 Tsogo ya ga Jesu e tlhomamisa sotlhe se a se rutileng. Paulo o ne a kwala a re fa Keresete a ka bo a sa tsosiwa mo baswing, tumelo ya Bakeresete le go rera ga bone e ne e ka nna ga lefela. Mokanoki mongwe wa Baebele o ne a kwala a re: “Fa e le gore Keresete ga a tsosiwa mo baswing, . . . go raya gore Bakeresete ba tsieditswe mo go botlhoko ke leano le legolo la boferefere.” Fa Jesu a ne a sa tsosiwa mo baswing, dipego tsa Efangele e ne e tla bo e le polelo fela e e hutsafatsang ya monna yo o botlhale yo o neng a bolawa ke baba ba gagwe. Mme gone, Keresete o ne a tsosiwa, a tlhomamisa boammaaruri jwa dilo tsotlhe tse a neng a di ruta, go akaretsa se a neng a se bua ka isagwe.—Bala 1 Bakorintha 15:14, 15, 20.

17 Jesu o ne a re: “Ke nna tsogo le botshelo. Yo o supang tumelo mo go nna, le mororo aa swa, o tla tshela.” (Joh. 11:25) Ruri mafoko ao a a monate a tla diragadiwa. Jehofa o neile Jesu maatla a go tsosa e seng fela ba ba tla tshelang kwa legodimong mme gape le dibilione tse di tla tsogelang mo botshelong jo bo sa khutleng mo lefatsheng. Setlhabelo sa ga Jesu sa tetlanyo le tsogo ya gagwe di kaya gore loso lo ka se tlhole lo nna teng. A go itse seno ga go go nonotshe gore o itshokele teko le fa e le efe o bo o lebane le loso ka bopelokgale?

18. Tsogo ya ga Jesu e tlhomamisa eng?

 18 Tsogo ya ga Jesu e re tlhomamisetsa gore batho ba ba mo lefatsheng ba tla atlholwa go ya ka melao e e lorato ya ga Jehofa. Paulo o ne a bua jaana le setlhopha sa banna le basadi ba kwa Athena wa bogologolo: ‘[Modimo] o ikaelela go atlhola lefatshe le le nang le banni ka tshiamo ka monna yo a mo tlhomileng, e bile o tlhomamiseditse batho botlhe ka seno ka a mo tsositse mo baswing.’ (Dit. 17:31) Ee, Jesu ke Moatlhodi yo o tlhomilweng ke Modimo mme re ka tlhomamisega gore o tla atlhola ka tshiamo le ka lorato.—Bala Isaia 11:2-4.

19. Go dumela mo tsogong ya ga Keresete go re ama jang?

19 Go dumela mo tsogong ya ga Jesu go re tlhotlheletsa go dira thato ya Modimo. Fa e ne e se ka loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo le ka tsogo ya gagwe e e neng ya latela, re ne re tla nna re le mo katlholong ya boleo le loso. (Bar. 5:12; 6:23) Fa Jesu a ka bo a sa tsosiwa, re ne re ka re: “A re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.” (1 Bakor. 15:32) Mme ga re tlhome mogopolo mo menateng ya lefatshe. Go na le moo, re tseela tsholofelo ya tsogo kwa godimo mme re na le mabaka a a utlwalang a go ikobela kaelo ya ga Jehofa mo dilong tsotlhe.

20. Tsogo ya ga Jesu e naya bosupi jang jwa gore Modimo o mogolo?

20 Tsogo ya ga Keresete e naya bosupi jo bo utlwalang sentle jwa gore Jehofa o mogolo e bile “o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Baheb. 11:6) A bo Jehofa a ile a bontsha maatla le botlhale jang ne ka go tsosetsa Jesu mo botshelong jwa bosasweng kwa legodimong! Mo godimo ga moo, ka go dira jalo, Modimo o ne a bontsha gore o kgona go diragatsa ditsholofetso tsa Gagwe tsotlhe. Seno se akaretsa tsholofetso ya Modimo ya boporofeti e e bontshang gore “losika” lo lo kgethegileng lo ne lo tla nna le seabe sa botlhokwa mo go rarabololeng kgang ya bolaodi jwa lobopo lotlhe. Go diragadiwa ga tsholofetso eno go ne ga tlhoka gore Jesu a swe a bo a tsosiwe mo baswing.—Gen. 3:15.

21. Tsholofelo ya tsogo e go ama jang?

21 A ga o leboge Jehofa yo o re neileng tsholofelo e e tlhomameng ya tsogo? Dikwalo di re tlhomamisetsa jaana: “Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” Tsholofelo eo e e itumedisang e ne ya bolelelwa moaposetoloi Johane yo o ikanyegang go twe: “Kwala, ka gonne mafoko ano a a ikanyega e bile a boammaaruri.” Ke mang yo o neng a naya Johane tshenolo eno e e tlhotlheleditsweng? Ke Jesu Keresete yo o tsositsweng.Tshen. 1:1; 21:3-5.