Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Tshwanetse go Nna Boitshepo mo Boitshwarong Jotlhe Jwa Rona

Re Tshwanetse go Nna Boitshepo mo Boitshwarong Jotlhe Jwa Rona

“Nnang boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa lona.”—1 PET. 1:15.

1, 2. (a) Go lebeletswe gore batho ba Modimo ba itshware jang? (b) Setlhogo seno se tla araba dipotso dife?

JEHOFA o ne a tlhotlheletsa moaposetoloi Petere go bontsha kafa boitshepo jo bo gatelelwang mo bukeng ya Lefitiko bo amanang ka gone le boitshwaro jo bo boitshepo jo rona Bakeresete re tshwanetseng go nna le jone. (Bala 1 Petere 1:14-16.) “Moitshepi” Jehofa o lebeletse gore batlodiwa le ba “dinku tse dingwe” ba dire bojotlhe go nna boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa bone—e seng fela mo dikarolong dingwe tsa boitshwaro jwa bone.—Joh. 10:16.

2 Fa re tswelela re sekaseka dithuto tsa botlhokwa tse di fitlhelwang mo go Lefitiko, re tla solegelwa molemo thata mme go dirisa se re se ithutang go tla re thusa go itshupa re le boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa rona. Re tla sekaseka dipotso tse di jaaka: Re tshwanetse ra leba jang go itlhokomolosa melao ya Modimo? Lefitiko e re ruta eng malebana le go tlotla bolaodi jwa ga Jehofa? Re ka ithuta eng mo thulaganyong ya go ntsha ditlhabelo?

ITISE GORE O SE KA WA INEELA

3, 4. (a) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go tila go tlhokomologa melao le melaometheo ya Baebele? (b) Ke eng fa re sa tshwanela go ipusolosetsa kgotsa go boloka sekgopi?

3 Fa re batla go itumedisa Jehofa, re tshwanetse go ngaparela melao le melaometheo ya gagwe, re sa nne le mokgwa o o bontshang go sa nne boitshepo wa go e itlhokomolosa. Le fa re se ka fa tlase ga  Molao wa ga Moshe, ditaelo tsa one di re thusa go tlhaloganya gore ke eng se Modimo a se amogelang le se a sa se amogeleng. Ka sekai, Baiseraele ba ne ba laelwa jaana: “O se ka wa ipusolosetsa le fa e le go tshwara bomorwa batho ba gaeno ka pelo; mme o rate mongwe ka wena jaaka o ithata. Ke nna Jehofa.”—Lefi. 19:18.

4 Jehofa o lebeletse gore re se ka ra ipusolosetsa mme o batla gore re se ka ra boloka sekgopi. (Bar. 12:19) Fa re ne re ka tlhokomologa melao le melaometheo ya Modimo, Diabolo o ne a ka itumela mme re ne re tla tlisetsa Jehofa kgobo. Tota le fa mongwe a re utlwisitse botlhoko ka boomo, a re se itetle go nna dijana tse di bolokang sekgopi. Modimo o re neile tshiamelo ya go nna ‘dijana tsa letsopa’ tse di tshotseng letlotlo la bodiredi. (2 Bakor. 4:1, 7) Dijana tse di ntseng jalo ga di a tshwanela go boloka sekgopi se se ka tshwantshiwang le asiti!

5. Re ka ithutang mo pegong ya ga Arone le mo losong lwa bomorwawe? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

5 Sengwe se se ngomolang pelo se se diragaletseng lelapa la ga Arone se kwadilwe mo go Lefitiko 10:1-11. Ba tshwanetse ba bo ba ile ba utlwa botlhoko thata fa molelo o o tswang kwa legodimong o ne o laila bomorwa Arone e bong Nadabe le Abihu kwa motlaaganeng. A bo tumelo ya ga Arone le ba lelapa la gagwe e ne ya lekwa jang ne fa ba ne ba sa hutsafalele ba masika a bone ba ba neng ba sule! A le wena o bontsha go nna boitshepo fa go tliwa mo kgannyeng ya go sa dirisane le ba masika kgotsa batho ba bangwe ba ba kgaotsweng?—Bala 1 Bakorintha 5:11.

6, 7. (a) Fa re dira tshwetso malebana le go nna le seabe mo lenyalong le le tla tshwarelwang kwa kerekeng, re tshwanetse go akanyetsa dintlha dife tse di masisi? (Bona ntlha e e kwa tlase.) (b) Re ka bontshana mabaka jang le ba masika a rona ba e seng Basupi malebana le kgang ya go ya lenyalong kwa kerekeng?

6 Re ka nna ra se lebane le teko e e boima jaaka e e ileng ya diragalela Arone le ba lelapa la gagwe. Mme go tweng fa re ne re ka lalediwa gore re ye lenyalong la wa losika yo e seng Mosupi le le tla tshwarelwang kwa kerekeng re bo re nne le seabe mo go lone? Ga go na taelo e e tlhamaletseng ya Dikwalo e e re iletsang go ya lenyalong leo, mme gone a go na le melaometheo ya Baebele e e ka re thusang go dira tshwetso e e ntseng jalo? *

7 Go ikemisetsa ga rona go itshupa re le boitshepo mo go Jehofa fa re lebane le seemo se se sa tswang go umakiwa go ka nna ga akabatsa ba masika a rona ba e seng Basupi. (1 Pet. 4:3, 4) Gone ke boammaaruri gore re leka go tila go ba kgopisa mme gantsi go molemo go bua le bone ka tsela e e pelontle mme re sa potapote. Gongwe re ka dira seno go sa le gale. Re ka ba leboga le go ba bolelela gore re itumelela go bo ba re laleditse go nna le seabe mo lenyalong. Go tswa foo, gongwe re ka ba bolelela gore ka ntlha ya kgang e e amanang le se re se dumelang, go nna gone ga rona kwa lenyalong go ka dira gore ba se ka ba itumelela letsatsi la bone le le kgethegileng e bile go ka tlhabisa bone le ba bangwe ba ba tlileng lenyalong ditlhong. Eno ke tsela nngwe e re ka e dirisang go tila go tlola melao ya Modimo.

TLOTLOMATSA BOLAODI JWA GA JEHOFA

8. Buka ya Lefitiko e tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa jang?

8 Buka ya Lefitiko e tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa. E bontsha ka makgetlo a feta 30 gore melao e e mo go yone e tswa kwa go Jehofa. Moshe o ne a dumela seo mme a dira se Jehofa a neng a mo laetse go se dira. (Lefi. 8:4, 5) Ka metlha le rona re tshwanetse go dira se Molaodimogolo Jehofa a batlang re se dira. Phuthego ya Modimo e re thusa go dira jalo. Mme tumelo ya rona e ka lekwa fa re le nosi, fela jaaka ya ga Jesu e ile ya lekwa fa a ne a le kwa nageng. (Luke 4:1-13) Fa re tlhomile mogopolo mo bolaoding jwa Modimo e bile re mo ikanya, ga go ope yo o ka dirang gore re ineele mme re wele mo serung sa poifo ya bogatlapa.—Dia. 29:25.

9. Ke eng fa batho ba Modimo ba tlhoilwe ke ditšhaba tsotlhe?

 9 E re ka re le balatedi ba ga Keresete e bile re le Basupi ba ga Jehofa, re bogisiwa ke ditšhaba go ralala lefatshe. Re tshwanetse go lebelela seno, ka gonne Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Batho ba tla lo isa kwa pitlaganong e bile ba tla lo bolaya, mme lo tla nna ba ba tlhoilweng ke ditšhaba tsotlhe ka ntlha ya leina la me.” (Math. 24:9) Mme gone, le fa re tlhoilwe jalo, re tswelela re dira tiro ya go rera ka Bogosi e bile re itshupa re le boitshepo mo matlhong a ga Jehofa. Le fa re le batho ba ba ikanyegang, ba ba tshelang botshelo jo bo phepa e bile re ikobela melao ya naga, ke ka ntlha yang fa re tlhoilwe jaana? (Bar. 13:1-7) Ka gonne re dirile gore Jehofa e nne Morena Molaodimogolo wa rona! “Ke ene a le esi” yo re mo direlang tirelo e e boitshepo mme le ka motlha re ka se ineele mme ra tlola melao le melaometheo ya gagwe e e siameng.—Math. 4:10.

10. Nako nngwe go ne ga diragalang fa mokaulengwe mongwe a ne a tsaya letlhakore?

10 Gape ‘ga re karolo ya lefatshe.’ Ka jalo, ga re tseye letlhakore mo dintweng tsa lefatshe le mo dikgannyeng tsa dipolotiki. (Bala Johane 15:18-21; Isaia 2:4.) Batho bangwe ba ba ineetseng mo Modimong ba ile ba tsaya letlhakore. Bontsi jwa batho bao ba ile ba ikwatlhaya mme ba boa ba nna le kamano e ntle le Rraarona yo o kwa legodimong yo o kutlwelobotlhoko. (Pes. 51:17) Ba se kae ga ba a ka ba ikwatlhaya. Ka sekai, ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya II, badiredi ba puso ba ne ba phutha bakaulengwe ba rona ba le 160 ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 45 ba ba tsentsweng mo kgolegelong e se kafa molaong go tswa mo dikgolegelong tsotlhe tsa Hungary mme ba ba phuthela mo toropong e le nngwe fela. Fa ba le koo, ba ne ba ba laela go tsenela tirelo ya bosole. Bakaulengwe ba ba ikanyegang ba ne ba nna ba gana mme ba le robonngwe mo setlhopheng seo ba ne ba dumela go tsenela sesole le go apara diaparo tsa sesole. Dingwaga di le pedi moragonyana, mongwe wa ba ba neng ba dumela go tsenela sesole o ne a iphitlhela e le mongwe wa masole a a neng a abetswe go ya go thuntsha Basupi ba ba ikanyegang. Morwarraagwe e ne e le mongwe wa ba ba neng ba tla thuntshiwa! Mme matshosetsi ao a polao ga a ka a diragala.

DIRELA JEHOFA KA BOJOTLHE JWA GAGO

11, 12. Tsela e Jehofa a neng a batla gore ditlhabelo di dirwe ka yone kwa Iseraele wa bogologolo e kayang mo Bakereseteng gompieno?

11 Go ya ka Molao wa ga Moshe, Baiseraele ba ne ba tshwanetse go ntsha ditlhabelo tse di rileng. (Lefi. 9:1-4, 15-21) Ba ne ba tshwanetse go ntsha ditlhabelo tse di se nang selabe ka gonne di ne di tshwantshetsa setlhabelo se se itekanetseng sa ga Jesu. Mo godimo ga moo, mofuta mongwe le mongwe wa tshupelo kgotsa setlhabelo o ne o ntshiwa go latelwa thulaganyo e e rileng. Ka sekai, ela tlhoko se go neng go lebeletswe gore mmè yo o sa tswang go tshola ngwana a se ntshe. Lefitiko 12:6 ya re: “Fa malatsi a go itshekisa ga gagwe ka ntlha ya ngwana wa mosimane kgotsa ka ntlha ya ngwana wa mosetsana a wela o tla tlisa phelefu e potlana e e mo ngwageng wa yone wa ntlha ya tshupelo e e fisiwang le lephoi le lennye kgotsa leeba la tshupelo ya boleo kwa kgorong ya mogope wa bokopanelo kwa moperesiting.” Go ne go na le dilo tse di rileng tse Modimo a neng a di lebeletse, mme go bonala sentle mo Molaong oo gore o ne a na le lorato e bile a le tekatekano. Fa mmè a ne a sa kgone go reka nku, o ne a letleletswe go ntsha setlhabelo sa maeba a mabedi kgotsa maphoi a mannye a le mabedi. (Lefi. 12:8) Le fa moobamedi yono a ne a humanegile, Modimo o ne a mo rata e bile a anaanela setlhabelo sa gagwe fela jaaka a ne a anaanela sa yo o ntshang setlhabelo sa madi a mantsi. Re ka ithutang mo go seno?

12 Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa badumedi ka ene gore ba ntshetse Modimo ‘setlhabelo sa pako.’ (Baheb. 13:15) Dipounama tsa rona di tshwanetse go bolela phatlalatsa leina le le boitshepo la ga Jehofa. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba sa utlweng mo  ditsebeng ba dirisa puo ya diatla go baka Modimo. Bakeresete ba ba sa kgoneng go tswa mo ntlong ka ntlha ya bokoa bongwe ba baka Modimo ka go naya bosupi ka go kwala makwalo le ka founo e bile ba rerela batho ba ba ba thusang le ba ba ba etelang. Setlhabelo sa rona sa pako—go baka Jehofa ka go itsise leina la gagwe le go rera dikgang tse di molemo—se tshwanetse go tsamaisana le maemo a rona a botsogo le bokgoni jwa rona. Re tshwanetse go dira bojotlhe jwa rona.—Bar. 12:1; 2 Tim. 2:15.

13. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go bega tirelo ya rona ya tshimo?

13 Ditlhabelo tsa rona tsa pako ke dilo tse re ithaopelang go di direla Modimo ka gonne re mo rata. (Math. 22:37, 38) Mme re laetswe go bega tirelo ya rona ya tshimo. Ka jalo, re tshwanetse go ikutlwa jang ka thulaganyo eno? Pego e re e isang kgwedi le kgwedi e amana le boineelo jwa rona mo Modimong. (2 Pet. 1:7) Gone ke boammaaruri gore ga go ope wa rona yo o tshwanetseng go ikutlwa a patelesega go fetsa nako e ntsi mo bodireding e le fela gore a bege diura di le dintsi tsa tirelo ya tshimo. Ke ka lebaka leo mmoledi wa Bogosi yo o kwa lefelong le go tlhokomelwang bagodi kwa go lone kgotsa yo o nang le bokoa bongwe a ka nnang a bega tirelo ya gagwe ya tshimo ka dikarolwana tsa metsotso e le 15 (sekai: 15, 30, 45 jalo le jalo) go na le go bega diura tse di feletseng. Jehofa o anaanela metsotso eo ka gonne mmoledi yoo wa Bogosi o mo neile sotlhe se a se kgonang e bile o bontsha gore o a mo rata le gore o anaanela tshiamelo e e di gaisang tsotlhe ya go mo direla e le mongwe wa Basupi ba Gagwe. Fela jaaka Baiseraele ba maemo a bone a neng a sa ba letle gore ba ntshe ditlhabelo tse di jang madi a mantsi, batlhanka ba ba rategang ba ga Jehofa ba ba nang le makoa mangwe ba sa ntse ba ka bega tiro ya bone. Mme pego ya mongwe le mongwe wa rona e nna karolo ya pego ya lefatshe lotlhe e e thusang phuthego go rulaganya go sa le gale tiro ya go rera ka Bogosi. Ka jalo, a re a bo re rwesiwa morwalo fa re kopiwa go bega nako e re e feditseng re le mo tirong ya go rera?

MEKGWA YA RONA YA GO ITHUTA LE DITLHABELO TSA PAKO

14. Tlhalosa gore ke ka ntlha fa re tshwanetse go sekaseka mekgwa ya rona ya go ithuta.

14 Fa o sena go sekaseka dithuto di le mmalwa tsa botlhokwa tse di mo bukeng ya Lefitiko, o ka akanya jaana, ‘jaanong ke tlhaloganya botoka mabaka a go bo buka eno e akareditswe mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo.’ (2 Tim. 3:16) Jaanong o ka tswa o ikemiseditse le go feta go itshupa o le boitshepo, e seng fela ka gonne Jehofa a batla gore o dire jalo mme ka gonne a tshwanelwa ke gore o dire bojotlhe jwa gago go mo itumedisa. Gongwe se o se ithutileng ka buka ya Lefitiko mo ditlhogong tseno tse pedi se dirile gore o eletse le go feta go ithuta Dikwalo mo go tseneletseng. (Bala Diane 2:1-5.) Sekaseka ka thapelo mekgwa ya gago ya go ithuta. Ga go pelaelo gore o batla gore Jehofa a amogele ditlhabelo tsa gago tsa pako. A o lemogile gore o letla dithulaganyo tsa thelebishene, metshameko ya bidio, metshameko e mengwe kgotsa ditiro tsa boitlosobodutu go go itaya tsebe kgotsa go go kgoreletsa go gatela pele semoyeng? Fa go le jalo, o ka nna wa fitlhela go thusa thata go tlhatlhanya ka mafoko mangwe a ga moaposetoloi Paulo a a kwadilweng mo bukeng ya Bahebera.

A o dira gore go ithuta Baebele le dinako tsa Kobamelo ya Lelapa e nne tsone di tlang pele mo botshelong jwa gago? (Bona serapa 14)

15, 16. Ke eng fa Paulo a ne a bua puo phaa fa a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera?

 15 Paulo o ne a bua puo phaa fa a ne a kwalela Bakeresete ka ene ba Bahebera. (Bala Bahebera 5:7, 11-14.) Moaposetoloi yono o ne a sa potapote! O ne a ba raya a re ba “kabetse ditsebe.” Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a bua puo phaa jaana e bile a sa potapote? Fela jaaka Jehofa, o ne a bontsha gore o rata Bakeresete bao ba ba neng ba leka go tshela fela ka mashi a semoya le gore o amega ka bone. Go itse dithuto tsa motheo tsa Bokeresete go botlhokwa. Le fa go ntse jalo, go tlhokega “dijo tse di tiileng” gore motho a gole semoyeng.

16 Go na le gore Bahebera ba gatele pele go fitlha ba ruta ba bangwe, ba ne ba tlhoka mongwe yo o ka ba rutang. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne ba tlhokomologa “dijo tse di tiileng.” Ipotse jaana: ‘A ke leba dijo tsa semoya tse di tiileng ka tsela e e siameng? A ke a di ja? Kgotsa a ke tila go rapela le go ithuta Baebele ka tsela e e tseneletseng? Fa go le jalo, a gongwe bothata e ka tswa e le mekgwa e ke ithutang ka yone?’ Ga re rerele batho fela go na le moo re a ba ruta le go ba dira barutwa.—Math. 28:19, 20.

17, 18. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ja dijo tse di tiileng tsa semoya ka metlha? (b) Re ka leba jang kgang ya go nwa dino tse di nang le bojalwa fa re ya dipokanong tsa Bokeresete?

17 Go ka tswa go se motlhofo gore bontsi jwa rona re ithute Baebele. Gone ke boammaaruri gore Jehofa ga a leke go tlhotlheletsa batho ba gagwe gore ba ithute ka go ba dira gore ba ikutlwe ba le molato fa ba sa dire jalo. Le fa go ntse jalo, le fa re ka tswa re na le dingwaga kgotsa re na le nako e khutshwane re le batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo, re tshwanetse go tswelela re ja dijo tse di tiileng tsa semoya. Go dira jalo go botlhokwa gore re tswelele re le boitshepo.

18 Gore re nne boitshepo, re tshwanetse go sekaseka Dikwalo ka kelotlhoko le go dira se Modimo a se batlang. Ela tlhoko sekai sa bomorwa Arone e bong Nadabe le Abihu, ba ba neng ba bolawa ka ntlha ya go “isa molelo o o seng kafa molaong,” gongwe ba tagilwe. (Lefi. 10:1, 2) Utlwa se Modimo a ileng a se bolelela Arone morago ga moo. (Bala Lefitiko 10:8-11.) A mafoko ao a kaya gore ga re a tshwanela go nwa sepe se se nang le bojalwa pele ga re ya dipokanong tsa Bokeresete? Akanya ka dintlha tseno: Ga re mo tlase ga Molao. (Bar. 10:4) Kwa dinageng dingwe, badumedi ka rona ba nwa dino tse di nang le bojalwa ka tekanyetso ka nako ya dijo pele ba ya dipokanong. Ka nako ya Tlolaganyo, go ne go dirisiwa dinwelo di le nnè tsa beine. Fa Jesu a ne a tlhoma Segopotso, ene le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba nwa beine e e neng e tshwantshetsa madi a gagwe. (Math. 26:27) Baebele e kgala go nwa bobe le botagwa. (1 Bakor. 6:10; 1 Tim. 3:8) Mme Bakeresete ba le bantsi ba tlhotlhelediwa ke digakolodi tsa bone go tila gotlhelele dino dipe tse di nang le bojalwa pele ba nna le seabe mo mofuteng ope fela wa tirelo e e boitshepo. Le fa go ntse jalo, maemo a farologana go ya ka dinaga, mme selo sa botlhokwa ke gore Bakeresete ba “dire pharologanyo fa gare ga selo se se boitshepo le se se seng boitshepo,” gore ba itshware ka tsela e e boitshepo e e itumedisang Modimo.

19. (a) Re tshwanetse go nna re gopotse eng malebana le kobamelo ya lelapa le go ithuta re le nosi? (b) O ikemiseditse go dira eng gore o itshupe o le boitshepo?

19 O ka ithuta dithuto di le dintsi tsa botlhokwa tsa semoya fa o di senka mo Lefokong la Modimo. Dirisa didirisiwa tsa go dira dipatlisiso go tokafatsa kobamelo ya lelapa le fa o ithuta o le nosi. Oketsa kitso ya gago ka Jehofa le maikaelelo a gagwe. Atamalana thata le ene. (Jak. 4:8) Rapela Modimo fela jaaka mopesalema a ne a dira fa a ne a opela a re: “Bipolola matlho a me, gore ke lebe dilo tse di gakgamatsang tse di tswang mo molaong wa gago.” (Pes. 119:18) Le ka motlha o se ka wa tlhokomologa melao le melaometheo ya Baebele. Ikobele ka go rata melao ya maemo a a kwa godimo ya “Moitshepi” Jehofa, mme o nne le seabe ka tlhagafalo mo “tirong e e boitshepo ya dikgang tse di molemo tsa Modimo.” (1 Pet. 1:15; Bar. 15:16) Itshupe o le boitshepo mo malatsing ano a a thata a bofelo. E kete rotlhe re ka nna boitshepo mo ditirong tsa rona mme re tlotlomatse bolaodi jwa Modimo wa rona yo o boitshepo, Jehofa.

^ ser. 6 Bona “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 15, 2002.