Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A go tla bo go le botlhale gore Mokeresete wa boammaaruri a ye kwa phitlhong kana kwa lenyalong le le tshwarelwang kwa kerekeng?

Go inaakanya le mofuta le fa e le ofe wa bodumedi jwa maaka ke selo se se sa itumediseng Jehofa mme re tshwanetse go se tila. (2 Bakorintha 6:14-17; Tshenolo 18:4) Phitlho e e tshwarelwang kwa kerekeng ke tirelo ya bodumedi e e ka nnang ya akaretsa thero e e rotloetsang megopolo e e seng ya Dikwalo e e jaaka gore moya ga o swe le gore batho botlhe ba ba siameng ba tla duelwa ka go ya legodimong. E ka nna ya akaretsa le dilo tse di jaaka go dira letshwao la sefapaano le go kopanela mo thapelong e e dirwang ke moruti. Dithapelo le dilo tse dingwe tsa bodumedi tse di sa dumalaneng le thuto ya Baebele le tsone di ka dirwa mo moletlong wa lenyalo o o tshwarelwang mo kerekeng. Fa Mokeresete a le mo gare ga setlhopha se mo go sone mongwe le mongwe a dirang sengwe sa bodumedi jwa maaka, a ka nna a fitlhela go le boima go emelana le kgatelelo ya go kopanela le bone. A bo go se botlhale jang ne go ipaya mo seemong se o ka gatelelwang jalo mo go sone!

Go tweng fa e le gore Mokeresete o ikutlwa a patelesega go ya phitlhong kana lenyalong le le tshwarelwang mo kerekeng? Ka sekai, monna yo o sa dumeleng a ka nna a kopa mosadi wa gagwe wa Mokeresete gore a tsamaye le ene fa a ya koo. A o ne a ka tsamaya le ene fela mme a sa kopanele mo go sepe se se dirwang? E re ka mosadi a akanyetsa kopo ya monna wa gagwe, a ka nna a swetsa ka gore o tla tsamaya le ene mme a ikemiseditse gore a ka se kopanele mo meetlong epe ya bodumedi. Kafa letlhakoreng le lengwe, a ka nna a swetsa ka gore a se ka a ya, a akanya gore boemo jwa koo bo ka nna jwa dira gore a fekeediwe ke maikutlo mme gongwe seo sa dira gore a tlhokomologe melaometheo ya bomodimo. Ke ene a tshwanetseng go dira tshwetso. Ga go na pelaelo gore a ka batla go ikutlwa a ritibetse maikutlo, a na le segakolodi se se phepa.—1 Timotheo 1:19.

Le fa go ntse jalo, go ka mo solegela molemo fa a ka tlhalosetsa monna wa gagwe gore segakolodi sa gagwe se ka se mo letle go kopanela mo meetlong epe ya bodumedi kana go opela fa go opelwa difela kana go oba tlhogo fa go rapelwa. Fa monna a utlwa tlhaloso ya gagwe, a ka nna a swetsa ka gore fa mosadi wa gagwe a le teng a ka nna a se ka a gololesega. A ka nna a tlhopha gore a tsamaye a le nosi ka go bo a rata mosadi wa gagwe, kana ka go bo a tlotla se mosadi wa gagwe a se dumelang kana a batla fela gore a se ka a tlhabiwa ke ditlhong ka tsela epe. Mme fa a pateletsa gore mosadi wa gagwe a tsamaye le ene, mosadi a ka nna a tsamaya fela mme a sa ye go kopanela mo go sepe se se dirwang.

Selo se re sa tshwanelang go se lebala ke kafa badumedi ka rona ba ka nnang ba amega ka teng fa re nna gone kwa tirelong nngwe e e tshwarelwang mo kagong ya bodumedi. A go ka gobatsa digakolodi tsa ba bangwe? A go ka koafatsa boikemisetso jwa bone jwa go batla go tila go kopanela mo kobamelong ya medingwana? Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa jaana: “Lo tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata, gore lo nne lo se na molato e bile lo sa kgopise ba bangwe go ya go fitlha mo letsatsing la ga Keresete.”—Bafilipi 1:10.

Fa e le gore tiragalo eno e ama mongwe wa losika yo o gaufi, ba lelapa ba ka nna ba gatelela ka ditsela tse dingwe gape. Le fa boemo e ka tswa e le bofe, Mokeresete o tshwanetse go sekaseka mabaka otlhe ka kelotlhoko. Mo mabakeng mangwe a ka nna a swetsa ka gore go ka se ka ga nna le mathata ape fa a ya phitlhong kana lenyalong le le tshwarelwang mo kerekeng mme a sa kopanele mo go sepe se se dirwang. Le fa go ntse jalo, go ka nna ga direga gore fa a ya a gobatse segakolodi sa gagwe kgotsa sa ba bangwe mme a bo a fitlhela gore go nna gone ga gagwe ga go a nna mosola go le kalo. Le fa boemo e ka tswa e le bofe, Mokeresete o tshwanetse go tlhomamisa gore tshwetso e a e dirang ga e mo kgoreletse go boloka segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo le batho.