Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bothokgami bo Kaela Batho ba ba Thokgameng

Bothokgami bo Kaela Batho ba ba Thokgameng

 Bothokgami bo Kaela Batho ba ba Thokgameng

“MOTHO yo o tsetsweng ke mosadi, o botshelo bokhutshwane e bile o tletse matshwenyego,” go rialo Baebele. (Jobe 14:1) Go bonala botshelo jwa batho bo tletse ka bohutsana le matshwenyego. Aitsane, le botshelo fela jwa letsatsi le letsatsi bo ka tlala ditlhobaelo le dikhuduego! Ke eng se se tla re kaelang gore re lebane ka katlego le maemo a a lekang se bo se re thusa go nna re ntse re na le boemo jo bo siameng le Modimo?

Akanya ka sekai sa monna mongwe wa mohumi yo o bidiwang Jobe, yo o tshetseng dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng kwa lefelong le gone jaanong e leng Arabia. Eleruri Satane o ne a tlisetsa monna yono yo o boifang Modimo masetlapelo a se kana ka sepe! O ne a swelwa ke diruiwa tsotlhe tsa gagwe a ba a swelwa ke bana ba gagwe ba a ba ratang. Ka bonako fela morago ga moo, Satane o ne a ntsha Jobe ditlhagala tse di kotsi go tswa tlhogong go fitlha kwa dinaong. (Jobe, kgaolo 1, 2) Jobe o ne a sa itse lebaka la go bo a ne a diragalelwa ke dilo tse di bosula. Le fa go ntse jalo, “Jobe o ne a se ka a leofa ka dipounama tsa gagwe.” (Jobe 2:10) O ne a re: “Nka se tlose bothokgami jwa me mo go nna go fitlha ke swa!” (Jobe 27:5) Ee, Jobe o ne a kaelwa ke bothokgami jwa gagwe fa a ne a lebane le diteko.

Bothokgami bo tlhalosiwa e le go nna le boitsholo jo bo siameng ka ditsela tsotlhe e bile bo akaretsa go se nne le sepe se o ka tshwaiwang phoso mo go sone le go tlhoka molato mo matlhong a Modimo. Le fa go ntse jalo, ga bo reye go itekanela mo puong le mo ditirong ga batho ba ba sa itekanelang, ba ba ka se kang ba kgona go fitlhelela ditekanyetso tsa Modimo ka botlalo. Go na le moo, bothokgami jwa batho bo raya go ineela mo go Jehofa ka pelo yotlhe le go ineela go dira thato ya gagwe le go dira tumalanong le maikaelelo a gagwe. Boineelo jo bo ntseng jalo jwa bomodimo bo kaela bathokgami kgotsa bo ba etelela pele mo maemong otlhe le ka dinako tsotlhe. Karolo ya ntlha ya kgaolo 11 ya buka ya Baebele ya Diane e bontsha kafa bothokgami jwa rona bo ka re kaelang ka gone mo dikarolong tse di farologaneng tsa botshelo, gape e re tlhomamisetsa ka masego a re tla nnang le one fa re latela kaelo eo. Jaanong, a re baleng ka kgatlhego e kgolo se se kwadilweng mo go yone.

Bothokgami bo Dira Gore re Ikanyege mo Kgwebong

Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo o bolela jaana fa a bontsha molaomotheo wa boikanyegi, a dirisa mafoko a poko go na le go dirisa a semolao: “Sekale se se tsietsang ke selo se se makgapha mo go Jehofa, mme selekanyabokete se se feletseng sa leje se a mo ipedisa.” (Diane 11:1) Leno ke lekgetlho la ntlha mo go a le manè mo bukeng ya Diane a mo go one go dirisiwang sekale le selekanyabokete go bontsha gore Jehofa o batla gore  baobamedi ba gagwe ba ikanyege mo ditirong tsa bone tsa kgwebo.—Diane 16:11; 20:10, 23.

Go huma ga batho ba ba dirisang sekale sa tsietso—kgotsa ba ba sa ikanyegeng—go ka raela. A mme gone re ka batla go tlola melao ya Modimo malebana le se se molemo le se se bosula ka go dira ditiro tse di sa siamang mo kgwebong? Nnyaa, e seng fa re kaelwa ke bothokgami. Re tila go se ikanyege ka gonne Jehofa o itumedisiwa ke selekanyabokete se se feletseng sa leje, e leng selekanyabokete se se siameng se se bontshang boikanyegi.

“Botlhale Bo na Le ba Ba Boingotlo”

Kgosi Solomone o tswelela pele jaana: “A boikgodiso bo tlile? Foo tlontlologo e tla tla; mme botlhale bo na le ba ba boingotlo.” (Diane 11:2) Boikgodiso—e ka ne bo bontshiwa ka boikgogomoso, go tlhoka kutlo kgotsa lefufa—bo tlisa matlhabisaditlhong. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go botlhale gore ka boikokobetso re lemoge makoa a re nang le one. A bo dikai tse di mo Dikwalong di bontsha boammaaruri jwa seane seno sentle jang ne!

Molefi mongwe yo o lefufa e bong Kora o ne a dira gore segopa se a neng a se eteletse pele sa batsuolodi se tsogologele taolo ya batlhanka ba ba neng ba tlhomilwe ke Jehofa e bong Moshe le Arone. Boikgodiso joo bo ne jwa felela ka eng? ‘Lefatshe le ne la bula molomo mme la kometsa’ bangwe ba batsuolodi bao, fa ba bangwe bone, go akaretsa le Kora, ba ne ba lailwa ke molelo. (Dipalo 16:1-3, 16-35; 26:10; Duteronome 11:6) A tlontlologo ruri! Akanya le ka Usa, yo ka boikgodiso a neng a ntsha seatla mme a tshwara letlole la kgolagano gore le se ka la wa. O ne a bolawa gone fela foo. (2 Samuele 6:3-8) A bo go le botlhokwa jang ne gore re tile go nna boikgodiso!

Motho yo o boikokobetso le yo o boingotlo ga a tlontlologe le fa a dira diphoso. Le mororo Jobe a ne a tlhoma sekao se se molemo ka ditsela tse dintsi, o ne a sa itekanela. Diteko tsa gagwe di ne tsa senola bokoa bongwe jo bo masisi mo dilong dingwe tse a neng a di akanya. Fa Jobe a ne a iphemela fa pele ga balatofatsi ba gagwe, o ne a bontsha go tlhoka tekatekano ka tsela nngwe. O ne a ba a kaya gore o ne a siame go feta Modimo. (Jobe 35:2, 3) Jehofa o ne a thusa Jobe jang gore a nne le kakanyo e e siameng?

Jehofa o ne a ruta Jobe kafa motho a leng monnye ka gone fa a bapisiwa le bogolo jwa Modimo ka go bua ka lefatshe, lewatle, magodimo a a tletseng dinaledi, diphologolo dingwe le dilo tse dingwe tse di gakgamatsang tsa popo. (Jobe, kgaolo 38-41) Ga go na gope mo puong ya ga Jehofa mo a ileng a bolela lebaka la go bo Jobe a ne a boga. O ne a sa tlhoke go dira jalo. Jobe o ne a le boingotlo. Ka boikokobetso, o ne a lemoga kafa a farologaneng thata ka gone le Modimo, kafa bosaitekanelang jwa gagwe le makoa a gagwe di farologaneng ka gone le tshiamo le maatla a ga Jehofa. O ne a re, “Ke [boa] ka morago mo mafokong a me, mme ke a ikwatlhaya mo loroleng le mo moloreng.” (Jobe 42:6) Bothokgami jwa ga Jobe bo ne jwa dira gore a amogele kgalemelo kwantle ga go okaoka. Go tweng ka rona? E re ka re kaelwa ke bothokgami, a re ne re tla amogela kgalemelo kgotsa kotlhao kwantle ga go okaoka fa re tlhoka go e newa?

Moshe le ene o ne a le boingotlo e bile a le boikokobetso. Fa a ne a tsenwa ke letsapa ka ntlha ya go rarabolola mathata a ba bangwe, mogogwadiagwe e bong Jethero o ne a tla ka tharabololo e e mosola: Gore a abele banna ba bangwe ba ba tshwanelegang maikarabelo a mangwe. E re ka Moshe a ne a lemoga makoa a gagwe, o ne a bontsha botlhale ka gore a amogele kakantsho eno. (Ekesodo 18:17-26; Dipalo 12:3) Monna yo o boingotlo ga a okaoke go naya ba bangwe maikarabelo, e bile ga a akanye gore ka tsela nngwe o  latlhegelwa ke taolo e a nang le yone fa a naya banna ba bangwe ba ba tshwanelegang maikarabelo mangwe a ba ka a dirang. (Dipalo 11:16, 17, 26-29) Go na le moo, o batla thata go ba thusa gore ba gatele pele semoyeng. (1 Timotheo 4:15) A le rona ga re a tshwanela go dira jalo?

‘Tsela Ya yo O se Nang Molato e Tlhamaletse’

E re ka Solomone a ne a lemoga gore ga se ka metlha bothokgami bo sireletsang motho yo o thokgameng mo kotsing kgotsa mo masetlapelong, o ne a bolela jaana: “Bothokgami jwa ba ba thokgameng bo a ba goga, mme go dira ka tshokamo ga ba ba dirang ka boferefere go tla ba thopa.” (Diane 11:3) Eleruri bothokgami bo kaela motho yo o thokgameng gore a dire se se siameng mo matlhong a Modimo, tota le fa a le mo maemong a a thata, mme kgabagare bo mo tlisetse melemo. Jobe o ne a gana go tlogela bothokgami jwa gagwe, mme Jehofa “a segofatsa bokhutlo jwa ga Jobe morago ga moo go feta tshimologo ya gagwe.” (Jobe 42:12) Ba ba dirang ka boferefere ba ka nna ba akanya gore ba tokafatsa maemo a bone a botshelo ka go utlwisa ba bangwe botlhoko mme go ka lebega dilo di ba tsamaela sentle ka nakwana. Mme kgabagare, ba tla jewa ke tsietso ya bone ka namana.

Kgosi e e botlhale e bolela jaana: “Dilo tse di tlhwatlhwakgolo ga di na go nna le mosola mo letsatsing la tšhakgalo mme tshiamo e tla golola mo losong.” (Diane 11:4) A bo e le boeleele jang ne gore motho a kgaratlhele go nna le dikhumo mme a sa iphe nako ya go ithuta ka namana, go rapela, go nna teng kwa dipokanong le go ya bodireding jwa tshimo—e leng tsone ditiro tse di nonotshang lorato lo re ratang Modimo ka lone le boineelo jwa rona mo go ene! Le fa khumo e ka nna kana kang ga e ka ke ya golola motho mo pitlaganong e kgolo e e tlang. (Mathaio 24:21) Go siama ga batho ba ba thokgameng ke gone fela go tla ba gololang. (Tshenolo 7:9, 14) Ka jalo, re tla bo re le botlhale fa re tsaya tsia kgothatso ya ga Sefania e e reng: “Pele letsatsi la bogale jwa ga Jehofa le tla mo go lona, batlang Jehofa, lona lotlhe ba ba pelonolo ba lefatshe, ba lo dirileng tshwetso ya Gagwe ya boatlhodi. Batlang tshiamo, batlang bopelonolo.” (Sefania 2:2, 3) Go sa ntse go ntse jalo, a re go direng mokgele wa rona go ‘tlotla Jehofa ka dilo tsa rona tse di tlhwatlhwakgolo.’—Diane 3:9.

Solomone o gatelela go ya pele mosola wa go latelela tshiamo ka go bontsha pharologanyo gareng ga matswela a a tlelang motho yo o se nang molato le a a tlelang motho yo o boikepo a re: “Tshiamo ya yo o se nang molato ke yone e tla tlhamalatsang tsela ya gagwe, mme moikepi o tla wa mo boikepong jwa gagwe. Tshiamo ya bathokgami ke yone e tla ba gololang, mme ba ba dirang ka boferefere ba tla tshwarwa ke keletso ya bone. Fa motho yo o boikepo a swa, tsholofelo ya gagwe e a nyelela; le tebelelo e e theilweng mo maatleng e nyeletse. Mosiami ke yo o namotsweng mo matshwenyegong, mme go tsena moikepi mo boemong jwa gagwe.” (Diane 11:5-8) Motho yo o se nang molato ga a we mo ditseleng tsa gagwe e bile ditiro tsa gagwe ga di mo tsenye mo mathateng. Tsela ya gagwe e tlhamaletse. Kwa bokhutlong, bathokgami ba gololwa mo matshwenyegong. Baikepi ba ka nna ba lebega ba nonofile, mme ga ba kitla ba gololwa jalo.

‘Motse o a Itumela’

Bothokgami jwa batho ba ba thokgameng le boikepo jwa badirabosula bo ama le batho ba bangwe. Kgosi ya Iseraele e bolela jaana: “Yo e leng motlhanogi o senya mongwe ka ene ka molomo wa gagwe, mme basiami ba namolwa ka kitso.” (Diane 11:9) Ke mang yo o ka ganelang gore go senya motho yo mongwe leina, tshebo e e senyang, puo ya matlhapa le puo ya lefela di ka utlwisa ba bangwe botlhoko? Ka fa letlhakoreng le lengwe, puo ya mosiami yone e itshekile, e akanyeditswe sentle e bile e buiwa ka tsela e e bontshang go akanyetsa. O namolwa ka kitso ka gonne bothokgami jwa gagwe bo naya dintlha tse di tlhokegang go supa gore balatofatsi ba gagwe ba bua maaka.

Kgosi e tswelela pele jaana: “Motse o itumela ka  ntlha ya molemo wa basiami, mme go na le mokgosi wa boipelo fa baikepi ba nyelela.” (Diane 11:10) Gantsi basiami ba ratwa ke batho ba bangwe, mme ba dira gore baagelani ba bone ba itumele. Tota ga go na ope yo o ratang “baikepi.” Fa baikepi ba swa, gantsi ga ba hutsafalelwe ke batho botlhe. Ruri ga go kitla go nna le kutlobotlhoko epe fa Jehofa a ‘kgaola baikepi mo lefatsheng le go kumola maferefere mo go lone.’ (Diane 2:21, 22) Go na le moo, go tla itumelwa ka gonne ba tla bo ba sa tlhole ba le gone. Mme go tweng ka rona? Re tla bo re dira sentle fa re sekaseka gore a tsela e re itshwarang ka yone e dira gore ba bangwe ba itumele.

‘Motse o a Godisiwa’

Solomone o tswelela pele go bontsha pharologanyo fa gare ga ditsela tse motho yo o thokgameng le yo o boikepo ba amang setšhaba ka tsone ka go bolela jaana: “Motse o godisiwa ka ntlha ya tshegofatso ya bathokgami, mme o rutlololwa ka ntlha ya molomo wa baikepi.”Diane 11:11.

Batho ba motse ba ba dirang ka bothokgami ba dira gore batho ba nne le kagiso le botshelo jo bontle e bile ba aga ba bangwe mo setšhabeng. Ka gone, motse o a godisiwa—o a atlega. Ba ba senyang ba bangwe leina, ba bua dilo tse di ba utlwisang botlhoko le tse di sa siamang, ba baka tlhakatlhakano, go sa itumele, go tlhoka kutlwano le mathata. Go ntse jalo segolobogolo fa batho bano e le bone ba eteletseng pele. Mo motseng oo, go nna le tlhakatlhakano, boferefere, go senyega ga boitsholo gongwe le ga ikonomi.

Molaomotheo o o boletsweng mo go Diane 11:11 o dira ka tsela e e tshwanang mo bathong ba ga Jehofa fa ba kopana mmogo mo diphuthegong tsa bone tsa sekamotse. Phuthego e e eteletsweng pele ke batho ba semoya—bathokgami ba ba kaelwang ke bothokgami jwa bone—ke setlhopha sa batho ba ba itumetseng, ba ba tlhagafetseng le ba ba thusang ba bangwe, ka go rialo ba tlotla Modimo. Jehofa o segofatsa phuthego e e ntseng jalo, mme e atlega semoyeng. Ka dinako tse dingwe, ba le mmalwa ba ba ka tswang ba sa itumela e bile ba sa kgotsofala, ba ba tshwayatshwayang diphoso e bile ba bua bosula ka tsela e dilo di dirwang ka yone, ba tshwana le ‘modi o o nang le botlhole’ o o ka namang o bo o tsenya ba bangwe botlhole, ba pele ba neng ba se na jone. (Bahebera 12:15) Ba ba ntseng jalo gantsi ba batla go nna le taolo e e oketsegileng le maemo. Ba tsosa dipuopuo tsa gore maloko a phuthego kgotsa bagolwane ga ba na tshiamiso, ba tlhaola batho ka lotso lwa bone, kgotsa ba dira dilo tse dingwe tse di tshwanang le tseo. Ruri molomo wa bone o ka kgaoganya phuthego. A ga re a tshwanela go gana go reetsa dipuo tsa bone mme ra leka go nna batho ba semoya ba ba thusang gore go nne le kagiso le kutlwano mo phuthegong?

Fa Solomone a tswelela pele, o bolela jaana: “Yo o seng botlhale o nyaditse mongwe ka ene, mme motho wa temogo e kgolwane ke yo o didimalang. Yo o tsamayatsamayang a senya batho leina o bipolola puo ya sephiri, mme yo o ikanyegang mo moyeng o bipa kgang.”Diane 11:12, 13.

A bo motho yo o se nang temogo, kgotsa “yo o seng botlhale” a baka mathata a magolo jang ne! O tswelela pele fela a sa laole puo ya gagwe go fitlha a senya batho leina kgotsa a ba gobolola. Bagolwane ba ba tlhomilweng ba tshwanetse go nna bonako go fedisa tlhotlheletso e e ntseng jalo e e bosula. Motho yo o nang le temogo o farologane le “yo o seng botlhale” ka gonne ene o itse nako ya go didimala. Go na le gore a bipolole kgang ya sephiri, o a e bipa. E re ka motho yo o nang le temogo a itse gore loleme lo lo sa laolweng lo ka baka mathata a se kana ka sepe, o a ‘ikanyega mo moyeng.’ O ikanyega mo badumeding ka ene mme ga a senole dikgang tsa sephiri tse di ka nnang tsa ba tsenya mo kotsing. A bo batho bano ba ba bolokang bothokgami e le tshegofatso jang ne mo phuthegong!

Go re thusa go tsamaya mo tseleng ya ba ba se nang molato, Jehofa o re naya letlotlo la dijo tsa  semoya tse di baakantsweng ka kaelo ya “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45) Gape re thusiwa thata ke bagolwane ba Bakeresete mo diphuthegong tsa rona tsa sekametse. (Baefeso 4:11-13) Eleruri re itumelela go bo re na le bone, ka gonne “fa go se na kaelo e e botswerere, batho ba a wa; mme go na le poloko mo bagakoloding ba bantsi.” (Diane 11:14) Le fa go ka diragalang, a re ititeyeng sehuba gore re tla ‘tsamaya mo bothokgaming jwa rona.’—Pesalema 26:1.

[Mafoko a a mo go tsebe 26]

A bo e le boeleele jang ne gore motho a kgaratlhele go nna le dikhumo mme a tlhokomologa ditiro tsa puso ya modimo!

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Jobe o ne a kaelwa ke bothokgami jwa gagwe, mme Jehofa a mo segofatsa

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Usa o ne a bolawa ke boikgodiso jwa gagwe