Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Moya o Supela Moya wa Rona

Moya o Supela Moya wa Rona

“Moya ka boone o supela moya wa rona gore re bana ba Modimo.”—BAROMA 8:16.

PINA: 109, 108

1-3. Ke tiragalo efe e e neng ya dira gore letsatsi la Pentekosete e nne letsatsi le le kgethegileng, mme tiragalo eo e ne ya bontsha jang se Dikwalo di neng tsa se bolelela pele? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

GO MO mosong wa letsatsi la Sontaga kwa Jerusalema. Ke letsatsi le le kgethegileng le le le itumedisang. Batho ba keteka moletlo o o boitshepo wa Pentekosete, o o tshwarwang ka nako ya fa go rojwa korong. Mo mosong oo kwa tempeleng, moperesiti yo mogolo o nna a ntse a ntsha ditlhabelo. Mme ka ura ya borobongwe, o ntsha setlhabelo sa dinkgwe tse pedi tse di bedisitsweng tse di dirilweng ka korong kgotsa mabutswapele a thobo. Moperesiti yo mogolo o isa dinkgwe tseno fa pele ga ga Jehofa. Leno e ne e le letsatsi la Pentekosete ya ngwaga wa 33.—Lefitiko 23:15-20.

2 Mo dingwageng di le makgolokgolo tse di latelang, moperesiti yo mogolo o ne a tla tswelela a ntsha setlhabelo seo. Mme se ne se amana thata le tiragalo nngwe ya botlhokwa thata e e neng ya direga ka Pentekosete ya ngwaga wa 33, fa barutwa ba ga Jesu ba le 120 ba ne ba kopane mo kamoreng e e kwa godimo kwa Jerusalema. (Ditiro 1:13-15) Moporofeti Joele o ne a porofeta ka yone dingwaga di le makgolo a le robedi pele ga moo. (Joele 2:28-32; Ditiro 2:16-21) Go ne ga direga eng se se neng se le botlhokwa thata jaana?

3 Bala Ditiro 2:2-4. Ka Pentekosete ya ngwaga wa 33, Modimo o ne a tshololela Bakeresete bao moya o o boitshepo. (Ditiro 1:8) Boidiidi jwa batho bo ne jwa ba kokoanela mme barutwa bao ba simolola go bua ka dilo tse di gakgamatsang tse ba sa tswang go di bona le go di utlwa. Moaposetoloi Petere o ne a ba tlhalosetsa se se sa tswang go direga le lebaka la go bo se ne se le botlhokwa. Go tswa foo, o ne a raya boidiidi joo a re: “Ikwatlhayeng, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe mo leineng la ga Jesu Keresete gore lo itshwarelwe maleo a lona, mme lo tla amogela mpho ya mahala ya moya o o boitshepo.” Mo letsatsing leo, batho ba ka nna 3 000 ba ne ba kolobediwa mme le bone Modimo a ba tshololela moya o o boitshepo.—Ditiro 2:37, 38, 41.

4. (a) Ke eng fa re tshwanetse go kgatlhegela se se neng sa direga ka Pentekosete? (b) Ke tiragalo efe ya botlhokwa e e ka tswang e ile ya direga mo go lone letsatsi leo dingwaga di le mmalwa tse di fetileng? (Bona ntlha e e kwa bofelong jwa setlhogo.)

4 Moperesiti yo mogolo mmogo le setlhabelo se a neng a se dira ka Pentekosete nngwe le nngwe, di emela eng? Moperesiti yo mogolo o emela Jesu. Dinkgwe di emela barutwa ba ga Jesu ba ba tloditsweng. Barutwa bano ba ile ba tlhophiwa mo bathong ba ba nang le boleo mme ba bidiwa “mabutswapele.” (Jakobe 1:18) Modimo o ba tsaya e le bana ba gagwe mme o ba tlhophile gore ba ye go busa le Jesu kwa legodimong mo Bogosing jwa gagwe. (1 Petere 2:9) Jehofa o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go segofatsa batho botlhe ba ba mo ikobelang. Ka jalo, le fa re ka tswa re ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng la paradaise, Pentekosete ya ngwaga wa 33 ke letsatsi le le botlhokwa thata mo go rona. [1]—Bona ntlha e e kwa bofelong jwa setlhogo.

GO DIREGA ENG FA MOTHO A TLODIWA?

5. Re itse jang gore batlodiwa botlhe ga ba tlodiwe ka tsela e e tshwanang?

5 Barutwa ba ba neng ba le mo kamoreng e e kwa godimo ga ba kitla ba lebala letsatsi leo. Mongwe le mongwe wa bone o ne a na le se go neng go bonala e kete ke molelo mo tlhogong. Jehofa o ne a dira gore ba kgone go bua dipuo tse di farologaneng. Ba ne ba tlhomamisegile gore ba tloditswe ka moya o o boitshepo. (Ditiro 2:6-12) Mme ga se gore Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba diragalelwa ke se se tshwanang. Ka sekai, Baebele ga e bue sepe ka gore batho ba le diketekete ba ba neng ba tlodiwa moragonyana mo letsatsing leo le bone ba ne ba na le molelo mo ditlhogong. Ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo fa ba sena go kolobediwa. (Ditiro 2:38) Ga se gore Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba tlodiwa ka nako e ba kolobediwang ka yone. Fa Basamarea ba sena go kolobediwa, go ne ga feta nakonyana pele ba tlodiwa. (Ditiro 8:14-17) Mo tiragalong nngwe e e sa tlwaelegang, Korenelio le ba ntlo ya gagwe ba ne ba tlodiwa pele ba kolobediwa.—Ditiro 10:44-48.

6. Ke eng se Bakeresete botlhe ba se newang mme se ba tlhomamisetsa eng?

6 Go a bonala gore Bakeresete ba lemoga ka ditsela tse di farologaneng gore ba tloditswe. Bangwe ba ka nna ba bo ba ile ba lemoga seo ka bonako fela. Ba bangwe go ile ga feta lobakanyana pele ba lemoga. Mme moaposetoloi Paulo o tlhalosa se se diragalelang mongwe le mongwe wa bone. A re: “Fa lo sena go dumela, lo ne lwa tshwaiwa ka moya o o boitshepo o o solofeditsweng, o e leng sesupo sa go sa le gale sa boswa jwa rona.” (Baefeso 1:13, 14) Jehofa o dirisa moya o o boitshepo go tlhomamisetsa Bakeresete bano gore o ba tlhophile gore ba ye go tshela kwa legodimong. Ka jalo, moya o o boitshepo ke “sesupo sa go sa le gale” kgotsa bosupi jwa gore mo nakong e e tlang ba tla tshela ka bosakhutleng kwa legodimong e seng mo lefatsheng.—Bala 2 Bakorintha 1:21, 22; 5:5.

Mokeresete yo o tloditsweng ga a tshwanela go letla sepe gore se mo tlogedise go direla Jehofa

7. Ke eng se Mokeresete yo o tloditsweng a tshwanetseng go se dira gore a newe tuelo ya gagwe?

7 Fa Mokeresete a tlodiwa, a seo se raya gore o setse a amogetse tuelo ya gagwe? Nnyaa. O tlhomamisegile gore o laleditswe go ya go tshela kwa legodimong. Mme o tla newa tuelo fa fela a nna a ikanyega mo go Jehofa. Petere o ne a tlhalosa seo jaana: “Ka lebaka leno, bakaulengwe, tswelelang lo dira bojotlhe jwa lona gore lo itlhomamisetse go bidiwa le go tlhophiwa ga lona; gonne fa lo nna lo dira dilo tseno le ka motlha ga lo kitla lo palelwa ka gope. Tota e bile, ka tsela eno lo tla newa ka bogolo go tsena mo bogosing jo bo sa khutleng jwa Morena wa rona le Mmoloki Jesu Keresete.” (2 Petere 1:10, 11) Ka jalo, Mokeresete yo o tloditsweng ga a tshwanela go letla sepe gore se mo tlogedise go direla Jehofa. Tota le fa a laleditswe go ya go tshela kwa legodimong, fa a sa ikanyege, ga a kitla a newa tuelo ya gagwe.—Bahebera 3:1; Tshenolo 2:10.

MOTHO O ITSE JANG GORE O LALEDITSWE?

8, 9. (a) Ke eng fa go le thata gore batho ba le bantsi ba tlhaloganye se se diregang fa motho a tlodiwa ka moya o o boitshepo? (b) Motho o itse jang gore o laleditswe go ya go tshela kwa legodimong?

8 Batlhanka ba le bantsi ba Modimo ba ka tswa ba sa tlhaloganye se se diregang fa Modimo a tlotsa mongwe ka moya o o boitshepo. Ga go gakgamatse ka gonne bone ka bobone ga se batlodiwa. Modimo o bopile motho gore a nnele ruri mo lefatsheng e seng kwa legodimong. (Genesise 1:28; Pesalema 37:29) Mme go na le batho ba a ba tlhophileng gore ba ye go nna dikgosi le baperesiti kwa legodimong. Ka jalo, fa Bakeresete bano ba tlodiwa, tsholofelo ya bone mmogo le tsela e ba akanyang ka yone di a fetoga mme ba lebile pele go ya go tshela kwa legodimong.—Bala Baefeso 1:18.

9 Motho o itse jang gore o laleditswe go ya go tshela kwa legodimong? Ela tlhoko se Paulo a neng a se bolelela Bakeresete ba kwa Roma, ba ba neng ba ‘biditswe gore ba nne baitshepi.’ O ne a ba raya a re: “Lo ne lwa se ka lwa amogela moya wa botlhanka o o bakang poifo gape, mme lo ne lwa amogela moya wa go tsholwa jaaka bana, moya o re goang ka one re re: ‘Aba, Rara!’ Moya ka boone o supela moya wa rona gore re bana ba Modimo.” (Baroma 1:7; 8:15, 16) Modimo o dirisa moya o o boitshepo go tlhomamisetsa motho gore o laleditswe go ya go busa e le kgosi kwa legodimong mmogo le Jesu.—1 Bathesalonika 2:12.

10. Baebele e kaya eng mo go 1 Johane 2:27 fa e re Mokeresete yo o tloditsweng ga a tlhoke go rutwa ke motho yo mongwe?

10 Motho yo Modimo a mo laleditseng go ya go tshela kwa legodimong ga a tlhoke go bolelelwa ke batho ba bangwe gore o tloditswe. Jehofa ke ene a mo tlhomamisetsang. Moaposetoloi Johane o ne a raya Bakeresete ba ba tloditsweng a re: “Lo na le go tlodiwa mo go tswang kwa go yo o boitshepo; lotlhe lo na le kitso.” Gape o ne a re: “Mme lona, go tlodiwa mo lo neng lwa go amogela mo go ene go nnetse ruri mo go lona, mme ga lo tlhoke gore ope a lo rute; mme, e re ka go tlodiwa mo go tswang kwa go ene go lo ruta kaga dilo tsotlhe, mme go le boammaaruri e bile go se maaka, mme fela jaaka go lo rutile, nnang lo le seoposengwe le ene.” (1 Johane 2:20, 27) Bakeresete ba ba tloditsweng ba tlhoka go rutwa ke Jehofa fela jaaka mongwe le mongwe wa rona. Mme ga ba tlhoke gore mongwe a ba tlhomamisetse gore ke batlodiwa. Jehofa o dirisitse moya o o boitshepo go ba tlhomamisetsa gore ba laleditswe go ya go tshela kwa legodimong!

BA ‘TSETSWE SESHA’

11, 12. Ke eng se Mokeresete yo o tloditsweng a ka tswang a ipotsa sone mme ke eng se a tlhomamisegileng ka sone?

11 Fa Mokeresete a tlodiwa ka moya o o boitshepo, o fetoga fela thata. Tota e bile, Jesu o ne a re o ‘tsalwa gape’ kgotsa “o tsalwa go tswa kwa godimo.” (Johane 3:3, 5; ntlha e e kwa tlase mo NW) Go tswa foo, Jesu o ne a re: “O se ka wa gakgamala ka gonne ke ne ka go raya ka re, lo tshwanetse go tsalwa gape. Phefo e fokela kwa e batlang go fokela gone, mme o utlwa modumo wa yone, mme ga o itse kwa e tswang gone le kwa e yang gone. Mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke moya o ntse jalo.” (Johane 3:7, 8) Seno se bontsha sentle gore go thata go tlhalosetsa motho yo o iseng a tlodiwe gore motho yo o tloditsweng o ikutlwa jang. [2]—Bona ntlha e e kwa bofelong jwa setlhogo.

Mokeresete yo o tloditsweng ga a belaele gore Jehofa o mo tlhophile

12 Mokeresete yo o tloditsweng a ka nna a ipotsa go re: ‘Ke eng fa Jehofa a ile a tlhopha nna e seng mongwe o sele?’ A ka nna a bo a ipotsa gore a o tla kgona go sikara maikarabelo ano. Mme ga a belaele gore Jehofa o mo tlhophile go na le moo o itumetse fela thata e bile o leboga Jehofa go bo a mo neile mpho eno. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ikutlwa ka tsela e Petere a neng a ikutlwa ka yone fa a ne a re: “A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, gonne go ya ka kutlwelobotlhoko e kgolo ya gagwe o ne a re tsala sesha gore re nne le tsholofelo e e tshelang ka tsogo ya ga Jesu Keresete mo baswing, go ya bosweng jo bo sa senyegeng le jo bo sa leswafalang le jo bo sa nyeleleng. Bo beetswe lona kwa magodimong.” (1 Petere 1:3, 4) Fa Mokeresete yo o tloditsweng a bala mafoko ano, o tlhatswegile pelo gore Jehofa o bua le ene.

13. Tsela e motho a akanyang ka yone e fetoga jang fa a tlodiwa ka moya o o boitshepo mme ke eng se se dirang gore a akanye jalo?

13 Pele Jehofa a laletsa Bakeresete bano go ya go tshela kwa legodimong, ba ne ba na le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng. Ba ne ba lebile pele go bona fa Jehofa a fetola lefatshe leno go nna paradaise le go fedisa bosula jotlhe. Gongwe ba ne ba ipona ba kopana gape le ba malapa kgotsa ditsala tsa bone tse di tlhokafetseng. Kgotsa ba ne ba lebile pele go ya go ikagela matlo kgotsa go lema ditlhare le go ja maungo a tsone. (Isaia 65:21-23) Go tla jang gore jaanong ba simolole go akanya ka tsela e nngwe e sele? A ba tlogetse go akanya ka dilo tseo ka gonne ba gateletswe mo maikutlong kgotsa ba imetswe ke mathata? A ba tsogile fela mo mosong ba bo ba ikutlwa ba sa tlhole ba batla go tla go tshelela ruri mo lefatsheng le go akanya gore ba ka se itumelele go tshela mo go lone? Kgotsa a ba swegaswega pelo go itse gore go tshelwa jang kwa legodimong? Nnyaa. Modimo ke ene a dirang tshwetso ya gore ba tla tshela kae. Fa a ba laletsa, o dirisa moya o o boitshepo go fetola tsela e ba akanyang ka yone le tuelo e ba lebileng pele go e bona.

14. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ikutlwa jang ka go tshela mo lefatsheng?

14 A seno se raya gore batlodiwa ba eletsa go swa? Paulo o ne a tlhalosa tsela e batlodiwa ba ikutlwang ka yone. O ne a tshwantsha mebele ya bone le ‘mogope’ mme a re: “Tota e bile, rona ba re leng mo mogopeng ono re a fegelwa, gonne re a imelwa; ka gonne ga re batle go o apola, mme re batla go apara o mongwe, gore se se swang se tle se komediwe ke botshelo.” (2 Bakorintha 5:4) Bakeresete bano ga ba eletse go swa. Ba itumelela botshelo e bile letsatsi le letsatsi ba batla go direla Jehofa ba na le ba malapa a bone le ditsala. Mme go sa kgathalesege se ba se dirang, ga ba lebale se Modimo a ba solofeditseng sone.—1 Bakorintha 15:53; 2 Petere 1:4; 1 Johane 3:2, 3; Tshenolo 20:6.

A JEHOFA O GO LALEDITSE?

15. Ke dilo dife tse di sa bontsheng gore motho o tloditswe ka moya o o boitshepo?

15 Gongwe o ipotsa gore a Jehofa o go laleditse go ya go tshela kwa legodimong. Fa e le gore o tsaya gore o go laleditse, ipotse dipotso tseno tsa botlhokwa: A o tlhagafetse thata mo tirong ya go rera? A o itumelela go ithuta Baebele le go ithuta “dilo tse di boteng tsa Modimo”? (1 Bakorintha 2:10) A o akanya gore Jehofa o segofatsa bodiredi jwa gago? A o leka ka thata go ikobela Jehofa mo go sengwe le sengwe? A o rata batho go tswa pelong le go ikutlwa o patelesega go ba thusa go direla Jehofa? A o bone bosupi jwa gore Jehofa o ile a go thusa ka ditsela dingwe tse di kgethegileng? Fa e le gore o araba dipotso tseno tsotlhe ka ee, a seno se raya gore Jehofa o go laleditse? Nnyaa, ga go jalo. Ke eng fa re rialo? Ka gonne batlhanka botlhe ba Modimo ba ikutlwa ka tsela eo go sa kgathalesege gore a ba ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng. Mme Jehofa o naya motlhanka mongwe le mongwe wa gagwe moya o o boitshepo. Tota e bile, fa e le gore o sa ntse o ipotsa gore a o ya go tshela kwa legodimong kana jang, go raya gore ga o a lalediwa. Batho ba Jehofa a ba tlhophileng ga ba belaele! Ba a itse!

16. Re itse jang gore ga se batho botlhe ba Modimo a ba neileng moya o o boitshepo ba ba tla yang go tshela kwa legodimong?

16 Baebele e na le dikai tsa batho ba le bantsi ba Jehofa a neng a ba naya moya o o boitshepo mme gone ba sa lalediwa go ya kwa legodimong. Mongwe wa bone ke Johane Mokolobetsi. Jesu o ne a re ga go na motho ope yo o tshwanang le Johane mme go tswa foo o ne a re Johane ga a kitla a ya go busa le ene kwa legodimong. (Mathaio 11:10, 11) Dafide le ene o ne a kaelwa ke moya o o boitshepo. (1 Samuele 16:13) Moya o o boitshepo o ne wa mo thusa gore a tlhaloganye dilo tse di boteng tsa ga Jehofa le go mo kaela gore a kwale dibuka dingwe tsa Baebele. (Mareko 12:36) Mme moaposetoloi Petere o ne a re Dafide “o ne a se ka a tlhatlogela kwa magodimong.” (Ditiro 2:34) Jehofa o ne a naya banna bano moya o o boitshepo gore ba dire dilo tse di gakgamatsang mme ga a o dirisa go ba laletsa gore ba ye go tshela kwa legodimong. A seno se raya gore ba ne ba sa ikanyege kgotsa gore ba ne ba sa tshwanelege go ya go tshela kwa legodimong? Nnyaa. Se raya fela gore Jehofa o tla ba tsosa gore ba tle go tshela mo lefatsheng la Paradaise.—Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15.

17, 18. (a) Batlhanka ba le bantsi ba Modimo ba na le tsholofelo efe? (b) Re tla araba dipotso dife mo setlhogong se se latelang?

17 Batlhanka ba le bantsi ba Modimo ga ba ye kwa legodimong go na le moo, fela jaaka Aborahame, Dafide, Johane Mokolobetsi mmogo le banna le basadi ba le bantsi ba go buiwang ka bone mo Baebeleng, le bone ba lebile pele go tla go tshela mo lefatsheng fa puso ya Modimo e tla bo e le yone e busang. (Bahebera 11:10) Go na le batho ba le 144 000 fela ba ba yang go busa le Jesu kwa legodimong. Mme Baebele ya re go na le batlodiwa “ba ba setseng” mo lefatsheng. (Tshenolo 12:17) Ka jalo, bontsi jwa batlodiwa ba setse ba le kwa legodimong.

18 Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba tshwanetse go tsiboga jang fa Mokeresete yo mongwe a re o tloditswe ka moya o o boitshepo? O tshwanetse go tsiboga jang fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe mo phuthegong ya lona a simolola go ja le go nwa ditshwantshetso ka nako ya Segopotso? O tshwanetse go tsiboga jang fa palo ya batlodiwa e ntse e tlhatlogela kwa godimo? A o tshwanetse go tshwenyega? Re tla araba dipotso tseno mo setlhogong se se latelang.

^ [1] (serapa 4) Go ka direga gore Moletlo wa Pentekosete o ne o ketekwa ka letsatsi le le tsamaisanang le le Modimo a neng a naya Moshe Molao ka lone kwa Sinai. (Ekesodo 19:1) Ka jalo, Moshe a ka tswa a ile a dira kgolagano ya Molao le Baiseraele ka letsatsi le le tsamaisanang le le Jesu a neng a dira kgolagano le batlodiwa ka lone.

^ [2] (serapa 11) Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le se se kaiwang ke go tsalwa gape, bala Tora ya Tebelo ya April 1, 2009, tsebe 3-11.