Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 06

Botshelo bo Simologile Jang?

Botshelo bo Simologile Jang?

“[Mo Modimong] go na le motswedi wa botshelo.” (Pesalema 36:9) A o dumela seo? Batho bangwe ba akanya gore botshelo bo itlhagetse fela. Fa e le gore seo ke boammaaruri, go raya gore re nnile teng ka phoso. Mme fa e le gore Jehofa Modimo ke ene a bopileng dilo tsotlhe tse di tshelang, go raya gore botshelo bo na le boikaelelo, a ga go jalo? a Bona pego ya Baebele e e bontshang gore botshelo bo simologile jang le mabaka a go bo re ka dumela gore pego eo e boammaaruri.

1. Go tlile jang gore lefatshe le dinaledi di nne gone?

Baebele e a re: “Kwa tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” (Genesise 1:1) Baitsisaense ba le bantsi ba dumela gore lefatshe le dinaledi di na le kwa di simologileng teng. Modimo o di bopile jang? O ne a dirisa “maatla a gagwe,” e leng moya wa gagwe o o boitshepo go dira sengwe le sengwe se se mo lobopong, go akaretsa masagaripa, dinaledi le dipolanete.​—Genesise 1:2.

2. Goreng Modimo a ne a bopa lefatshe?

Jehofa ga a ‘bopela lefatshe lefela, mme o le bopetse gore le nniwe.’ (Isaia 45:​18) O dirile lefatshe gore e nne lefelo le lentle le batho ba ka nnang mo go lone, e bile le na le sengwe le sengwe se batho ba se tlhokang gore ba tshelele ruri. (Bala Isaia 40:​28; 42:5.) Baitsisaense ba re lefatshe le farologane thata le dipolanete tse dingwe. Ke yone fela polanete e e nang le dilo tse batho ba di tlhokang gore ba tshele.

3. Ke eng se se dirang gore batho ba farologane thata le diphologolo?

Fa Jehofa a sena go bopa lefatshe, o ne a bopa dimela le diphologolo. Go tswa foo, “Modimo o ne a bopa motho mo setshwanong sa gagwe.” (Bala Genesise 1:​27.) Ke eng se se dirang gore batho ba farologane le diphologolo? E re ka re dirilwe mo setshwanong sa Modimo, re na le bokgoni jwa go bontsha ba bangwe lorato le go ba direla dilo tse di siameng jaaka ene. Gape o re dirile re na le bokgoni jwa go ithuta dipuo tse di farologaneng, go itumelela dilo tse dintle le mmino. Go farologana le diphologolo, re kgona go obamela Mmopi wa rona.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Bona bosupi jo bo bontshang gore dilo tse di tshelang di bopilwe le gore pego ya Baebele e e buang ka popo e boammaaruri. Ithute gore bokgoni jo batho ba nang le jone bo re ruta eng ka Modimo.

4. Dilo tse di tshelang di bopilwe

Batho ba a tlotlomadiwa ka ntlha ya dilo tse ba di dirileng tse ba di kopisitseng mo popong. Mme tota ke mang yo o tshwanetseng go tlotlomadiwa? Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Ke dilo dife tse batho ba di dirileng tse ba di kopisitseng mo popong?

Ntlo nngwe le nngwe e agilwe ke mongwe. Mme ke mang yo o dirileng dilo tsa tlholego? Bala Bahebera 3:​4, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Ke dilo dife tse di bopilweng tse o di ratang thata?

  • A go a utlwala go dumela gore lobopo le dilo tsotlhe tse di mo go lone di bopilwe? Goreng o akanya jalo?

A o ne o itse?

O ka bona ditlhogo le dibidio tse di buang ka setlhogo seno mo jw.org mo motseletseleng wa “A di Dirilwe ke Mongwe?” le “Botshelo bo Simologile Jang?”

“Ke boammaaruri gore ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe mme dilo tsotlhe di dirilwe ke Modimo”

5. Go na le mabaka a a utlwalang a gore re dumele gore pego ya Baebele e e buang ka popo e boammaaruri

Mo go Genesise kgaolo 1, Baebele e tlhalosa gore go tlile jang gore lefatshe le dilo tse di mo go lone di nne teng. A o ka dumela pego eo kgotsa ke tlhamane fela? Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • A Baebele e ruta gore lefatshe le dilo tse di mo go lone di ne tsa bopiwa ka malatsi a le marataro a diura di le 24?

  • A o akanya gore pego ya Baebele e e buang ka popo e a utlwala? Goreng o bua jalo?

Bala Genesise 1:​1, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Baitsisaense ba re lobopo lo na le kwa le simologileng gone. Se ba se fitlheletseng se dumalana jang le se o fetsang go se bala mo Baebeleng?

Batho bangwe ba akanya gore fa Modimo a bopa ditshedi, o ne a bopa ditshedi tse di kgonang go iphetogela go nna tse dingwe tse di farologaneng (evolution). Bala Genesise 1:​21, 25, 27, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • A Baebele e ruta gore Modimo o ne a dira gore ditshedi tse dingwe tse a di bopileng di fetoge go nna ditlhapi, diphologolo le batho? Kgotsa a o bopile “mefuta” yotlhe ya diphologolo tse di tshelang? b

6. Mo dilong tsotlhe tse Modimo a di bopileng, batho ba tlhomologile thata

Ga re tshwane le diphologolo tse Jehofa a di bopileng. Bala Genesise 1:​26, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • E re ka re bopilwe mo setshwanong sa Modimo, bokgoni jwa rona jwa go bontsha lorato le go utlwela ba bangwe botlhoko bo re bontsha eng ka botho jwa Modimo?

BATHO BANGWE BA RE: “Pego ya Baebele e e buang ka popo ke tlhamane.”

  • Wena o akanya eng? Goreng o rialo?

O ITHUTILE ENG?

Jehofa o bopile lobopo le dilo tsotlhe tse di tshelang.

Poeletso

  • Baebele e ruta gore go tlile jang gore lefatshe le dinaledi di nne gone?

  • A Modimo o ne a dira gore ditshedi tse dingwe tse a di bopileng di fetoge go nna ditlhapi, diphologolo le batho kgotsa a o di bopile tsotlhe fela?

  • Ke eng se se dirang gore batho ba tlhomologe?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Bona dikai tsa dilo tse di bopilweng tse di bontshang gore go na le Mmopi.

“Tlhago e re Ruta Eng?” (Tsogang! September 2006)

Bona gore rre a ka tlhalosetsa jang ngwana wa gagwe pego ya Baebele e e buang ka popo.

“Jehofa o Bopile Dilo Tsotlhe” (2:37)

Bona gore a thuto ya gore ditshedi di iphetogela go nna tse dingwe (evolution) le Baebele di a dumalana.

“A Modimo o Dirisitse Evolution go Dira Ditshedi Tse di Farologaneng?” (Setlhogo se se mo website)

a Mo Thuto 25 re tla ithuta gore boikaelelo jwa Modimo ke eng ka batho.

b Mo Baebeleng, lefoko “mofuta” le kaya setlhopha se segolo sa dilo tse di tshelang.