Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlha Tse di Kwa Bofelong

Dintlha Tse di Kwa Bofelong
  1.  Go Lemoga Babelona yo Mogolo

  2.  Mesia O ne A Tla Tlhagelela Leng?

  3.  Mefuta ya Kalafi e go Dirisiwang Madi mo go Yone

  4.  Go Kgaogana ga Banyalani

  5.  Malatsi a Boikhutso le Meletlo

  6.  Malwetse a a Tshelanwang

  7.  Dikgang Tsa Kgwebo le Tsa Molao

 1. Go Lemoga Babelona yo Mogolo

Re itse jang gore “Babelona yo Mogolo” o emela dikereke tsotlhe tse di sa ruteng boammaaruri? (Tshenolo 17:5) Ela tlhoko dintlha tse di latelang:

  • O teng mo lefatsheng lotlhe. Babelona yo Mogolo o tlhalosiwa a ntse mo godimo ga “boidiidi jwa batho le ditšhaba.” O ‘laola dikgosi tsa lefatshe.’—Tshenolo 17:15, 18.

  • A ka se nne mekgatlho ya dipolotiki kgotsa ya kgwebo. “Dikgosi tsa lefatshe” le “bagwebi” ba a falola fa a senngwa.—Tshenolo 18:9, 15.

  • Ga a tlotle Modimo. O bidiwa seaka ka gonne o dirisana le dipuso gore a nne le madi le dilo tse dingwe. (Tshenolo 17:1, 2) O tsietsa batho ba ditšhaba tsotlhe. E bile o na le molato wa batho ba bantsintsi ba ba bolailweng.—Tshenolo 18:23, 24.

Boela kwa kgaolo 13 ntlha 6

 2. Mesia O ne A Tla Tlhagelela Leng?

Baebele e ne ya bolelela pele gore Mesia o ne a tla goroga morago ga dibeke di le 69.—Bala Daniele 9:25.

  • Dibeke tseo tse 69 di ne tsa simologa leng? Ka ngwaga wa 455 B.C.E. Ka nako eo, Mmusi Nehemia o ne a goroga kwa motseng wa Jerusalema gore ‘a o tsosolose a bo a o age sesha.’—Daniele 9:25; Nehemia 2:1, 5-8.

  • Dibeke tseo tse 69 di ne tsa tsaya lobaka lo lo kae? Mo boporofeting bongwe jwa Baebele, letsatsi le emela ngwaga. (Dipalo 14:34; Esekiele 4:6) Ka jalo, beke e le nngwe e emela dingwaga di le supa. Mo boporofeting jono, dibeke tse 69 ke dingwaga di le 483 (dibeke di le 69 x malatsi a le7).

  • Dibeke tseo tse 69 di ne tsa khutla leng? Fa re bala dingwaga di le 483 go simologa ka ngwaga wa 455 B.C.E., re fitlha mo ngwageng wa 29 C.E. * Ono ke ngwaga o Jesu a neng a kolobediwa ka one a bo a nna Mesia!—Luke 3:1, 2, 21, 22.

Boela kwa kgaolo 15 ntlha 5

 3. Mefuta ya Kalafi e go Dirisiwang Madi mo go Yone

Go na le mefuta ya kalafi e go dirisiwang madi a molwetse mo go yone. Bakeresete ga ba dirise mengwe ya mefuta eno. Ka sekai, batho bangwe ba abela ba bangwe madi a bone. Ba bangwe ba boloka madi a bone gore a dirisiwe mo dibekeng tse di latelang ka nako ya karo.—Duteronome 15:23.

Le fa go ntse jalo, go na le mefuta e ba ka e amogelang. Mekgwa eno e akaretsa go tsewa madi gore a tlhatlhobiwe, hemodialysis, hemodilution, kgotsa cell-salvage kgotsa motšhini o o emisetsang pelo kgotsa makgwafo fa di sa ntse di ariwa. * Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso ya gore madi a gagwe a tla dirisiwa jang fa a ariwa, fa go dirwa ditlhatlhobo ka one, kgotsa fa go dirisiwa mekgwa ya gone jaanong e e tshwanang le e e umakilweng fa godimo. Ditsela tse dingaka di dirisang mekgwa eno ka tsone di ka nna tsa farologana. Ka jalo, pele ga Mokeresete a dumela go dirwa karo, a letla gore madi a gagwe a dirisiwe go dira ditlhatlhobo kgotsa a letla gore go dirisiwe mekgwa e e umakilweng fa godimo, o tshwanetse go itse gore ngaka e tla dirisa madi a gagwe jang. Ela tlhoko dipotso tse di latelang:

  • Ke tla dira eng fa e le gore mangwe a madi a me a tla bo a tsamaisiwa kwa ntle ga mmele mme gongwe e bile a sa tlhole a elela ka nako e e rileng? A ke sa ntse ke tla tsaya madi ano e le karolo ya mmele wa me, kgotsa a segakolodi sa me se tla batla gore ‘a tshololelwe fa fatshe’?—Duteronome 12:23, 24.

  • Ke tla dira eng fa e le gore ka nako ya fa ke ariwa go tla tsewa mangwe a madi a me, a bo a fetolwa ka tsela nngwe, go tswa foo a bo a busediwa gape mo mmeleng wa me? A segakolodi sa me se se katisitsweng ka Baebele se tla ntshwenya, kgotsa a ke tla amogela mokgwa ono?

Boela kwa kgaolo 39 ntlha 3

 4. Go Kgaogana ga Banyalani

Baebele e laela monna le mosadi ba ba nyalaneng gore ba se ka ba kgaogana e bile e tlhalosa gore go kgaogana ga go neye ope ya wa bone tetla ya go nyala gape. (1 Bakorintha 7:10, 11) Le fa go ntse jalo, go na le maemo a a ileng a dira gore Bakeresete bangwe ba kgaogane le balekane ba bone.

  • Go sa tlamele lelapa ka boomo: Monna ga a batle go tlamela ba lelapa la gagwe ka dilo tse ba di tlhokang, mo e leng gore lelapa le feleletsa le se na dilo tsa botlhokwa tse le ka itshedisang ka tsone.—1 Timotheo 5:8.

  • Go sotliwa mo go feteletseng: Go sotliwa go ka dira gore botsogo kgotsa botshelo jwa molekane yo o sotliwang bo nne mo kotsing.—Bagalatia 5:19-21.

  • Go senya kamano ya motho le Jehofa gotlhelele: Molekane o dira gore yo mongwe a se ka a kgona go direla Jehofa.—Ditiro 5:29.

5. Malatsi a Boikhutso le Meletlo

 Bakeresete ga ba nne le seabe mo malatsing a boikhutso a a sa itumediseng Jehofa. Mme Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go dirisa segakolodi sa gagwe se se katisitsweng ka Baebele go dira tshwetso ya gore o tla dira eng fa ba bangwe ba keteka malatsi ao. Ela tlhoko dikai tse di latelang.

Mongwe o go dumedisa ka tsela e e dirisiwang ka letsatsi le le ketekiwang. O ka nna wa mo raya o re, “Ke a leboga.” Fa motho yoo a batla go itse mo go oketsegileng, o ka nna wa mo tlhalosetsa gore ke eng fa o sa keteke letsatsi leo.

  • Molekane wa gago yo e seng Mosupi o go laletsa gore lo ye go itumelela dijo le ba masika ka letsatsi la boikhutso. Fa segakolodi sa gago se go letla go tsamaya, o ka mo tlhalosetsa go sa le gale gore fa e le gore go tla dirwa ditlwaelo dingwe tsa boheitane, ga o kitla o nna le seabe mo go tsone.

  • Mothapi wa gago o go naya bonase ka nako ya malatsi a boikhutso. A o tshwanetse go e gana? Ga o tlhoke go e gana. A mothapi wa gago o tsaya bonase eo e le karolo ya letsatsi le le ketekiwang, kgotsa a o e tsaya e le tsela ya go lebogela tiro ya bonatla e o e dirang?

  • Mongwe o go naya mpho ka nako ya malatsi a boikhutso. Motho yoo a ka nna a re: “Ke a itse gore ga o keteke letsatsi leno, mme ke batla go go naya mpho eno.” Gongwe o go bontsha bopelontle. Ka fa letlhakoreng le lengwe, a go na le lebaka le le dirang gore o akanye gore o leka tumelo ya gago kgotsa o batla gore o keteke letsatsi leo? Fa o sena go akanyetsa dintlha tseno, o tla itirela tshwetso ya gore a o amogela mpho eo kgotsa jang. Mo ditshwetsong tsotlhe tse re di dirang, re batla go sala re na le segakolodi se se phepa, e bile re ikanyega mo go Jehofa.—Ditiro 23:1.

  • Boela kwa kgaolo 44 ntlha 1

6. Malwetse a a Tshelanwang

 E re ka re rata batho, re nna kelotlhoko gore re se ka ra ba tshela malwetse. Re nna kelotlhoko thata fa re itse gore re tshwaetsegile kgotsa fa re akanya gore re ka tswa re tshwaetsegile mme re ka tshwaetsa ba bangwe. Re dira seo ka gonne Baebele e re laela jaana: “O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.”—Baroma 13:8-10.

Motho yo o tshwaetsegileng a ka bontsha jang gore o rata ba bangwe? Ga a tshwanela go bontsha lorato loo ka go ba tlamparela kgotsa go ba suna. Ga a tshwanela go kgopisega fa ba bangwe ba sa mo laletse kwa magaeng a bone, ka gonne ba batla go sireletsa ba malapa a bone. Mme pele ga a kolobediwa, o tshwanetse go bolelela morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane gore o na le bolwetse jo bo tshelanwang, gore a kgone go kolobediwa ka tsela e e tla sireletsang ba bangwe ba ba tlileng go kolobediwa. Pele ga motho yo o nang le bolwetse jo bo tshelanwang a ratana, o tshwanetse go ithaopela go dira ditlhatlhobo tsa madi. Fa o dira jalo, o tla bo o bontsha gore o amega ka batho ba bangwe ‘mme ga o tshwenyege ka dilo tse di amang wena fela.’—Bafilipi 2:4.

Boela kwa kgaolo 56 ntlha 2

7. Dikgang Tsa Kgwebo le Tsa Molao

 Re ka tila mathata a mantsi ka go kwala ditumalano tse re di dirang tse di amanang le madi le dikgang tsa kgwebo, tota le fa re dira tumalano eo le Mokeresete yo mongwe. (Jeremia 32:9-12) Mme gone, ka dinako tse dingwe Bakeresete ba ka nna le dikgotlhang tse di sa reng sepe tse di amanang le madi le dikgang tse dingwe. Ba tshwanetse go rarabolola dikgotlhang tseo ka bonako, ka kagiso mme ba na le batho ba ba amegang fela.

Mme gone, re ka rarabolola jang dikgang tse di masisi, tse di jaaka go tsietsa kgotsa go senya ba bangwe leina? (Bala Mathaio 18:15-17.) Jesu o ile a bontsha dikgato tse tharo tse re ka di latelang:

1. Lekang go rarabolola kgang lo le babedi fela.—Bona temana 15.

  1. Fa go sa berekege, kopa mongwe kgotsa ba le babedi ba ba nang le maitemogelo mo phuthegong gore ba tsamaye le wena.—Bona temana 16.

  2. Fa kgang ya lona e sa rarabologe, ke gone o ka buang le bagolwane.—Bona temana 17.

  3.   Le fa go ntse jalo, go na le maemo a a ka tlhokang go rarabololwa kwa kgotlatshekelong: dikgang tsa tlhalo, tshwanelo ya go tlhokomela ngwana, dikgang tsa go tlamela molekane le fa lo tlhalane, dikgang tsa inshorense, dikgang tsa go kolota banka, kgotsa dikgang tse di amanang le diwili. Mokeresete yo o tlhophang go ya kgotlatshekelong go rarabolola dikgang tseno ka kagiso, ga a tlole kgakololo ya Baebele.

Fa go dirilwe molato o mogolo o o jaaka go betelela, go sotla bana, go itewa, bogodu kgotsa go bolaya motho, foo Mokeresete yo o begang seo kwa balaoding ba bagolo, ga a tlole kgakololo ya Baebele.

Boela kwa kgaolo 56 ntlha 3

^ ser. 19 Go simologa ka 455 B.C.E. go fitlha ka 1 B.C.E., ke dingwaga di le 454. Go simologa ka 1 B.C.E. go fitlha ka 1 C.E., ke ngwaga o le mongwe (go ne go se na ngwaga wa 0). Mme go simologa ka 1 C.E. go fitlha ka 29 C.E., ke dingwaga di le 28. Fa di kopane ke dingwaga di le 483.

^ ser. 23 Fa o batla go bona tsela e mefuta eno e tlhalosiwang ka yone, bona “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya October 15, 2000.