Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 01

Baebele e ka Tokafatsa Botshelo Jwa Gago Jang?

Baebele e ka Tokafatsa Botshelo Jwa Gago Jang?

Rotlhe re ipotsa dipotso ka botshelo, go boga, loso le ka se se tla diragalang mo nakong e e tlang. Gape re tshwenyegile ka mathata a letsatsi le letsatsi, a a jaaka gore re ka bona jang madi gore re kgone go itlamela le gore re ka nna jang le malapa a a itumetseng. Batho ba le bantsi ba lemogile gore Baebele e ba thusa go araba dipotso tsa botlhokwa tse ba ipotsang tsone mo botshelong e bile e ba naya dikgakololo tse ba ka di dirisang letsatsi le letsatsi. Baebele e ka thusa mongwe le mongwe.

1. Dingwe tsa dipotso tse Baebele e di arabang ke dife?

Baebele e araba dipotso tseno tse di botlhokwa: Botshelo bo simologile jang? Re tshelela eng? Goreng batho ba boga? Go direga eng fa motho a swa? Le fa gone batho ba batla go tshela ka kagiso, goreng go tletse dintwa? Lefatshe le tlile go nna jang mo nakong e e tlang? Ga go phoso go ipotsa dipotso tseno, tota e bile Baebele e thusitse batho ba le bantsi go bona dikarabo tse di kgotsofatsang.

2. Baebele e ka re thusa jang gore re itumelele botshelo?

Baebele e re naya kgakololo e e molemo. Ka sekai, e ruta malapa gore a ka dira eng gore a itumele. Gape e re bolelela gore re dire eng fa re tlhobaela (re na le seterese) le gore re ka dira eng gore re itumelele tiro ya rona. O tla ithuta se Baebele e se buang ka dintlha tseno le tse dingwe gape tse di mo bukeng eno. O tla dumela gore “dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo Dikwalong Tse di Boitshepo [sengwe le sengwe se se mo Baebeleng] . . . di re tswela mosola.”2 Timotheo 3:16.

Kgatiso eno ga se Baebele. Go na le moo, e go thusa gore o ithute Baebele ka kelotlhoko. Ka jalo, re go kgothaletsa gore o bale ditemana tse di tlhagelelang mo thutong nngwe le nngwe o bo o di bapisa le se o se ithutang.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore Baebele e thusitse batho jang, gore ke eng se se ka go thusang gore o itumelele go e bala, le gore ke eng fa go le botlhokwa gore o kope mongwe gore a go thuse go e tlhaloganya.

3. Baebele e kgona go re kaela

Baebele e tshwana le lesedi le le maatla. E ka re thusa gore re dire ditshwetso tse di siameng e bile e ka re bolelela se se tla diregang mo nakong e e tlang.

Bala Pesalema 119:105, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Mokwadi wa pesalema eno o ne a akanya eng ka Baebele?

  • Wena o akanya eng ka Baebele?

4. Baebele e kgona go araba dipotso tse re di ipotsang

Mosadi mongwe o ne a sa bolo go ipotsa dipotso dingwe tsa botlhokwa, mme Baebele e ile ya di araba. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • Mo bidiong eno, ke dipotso dife tse mosadi yono a neng a di ipotsa?

  • Go ithuta Baebele go mo thusitse jang?

Baebele e re kgothaletsa gore re botse dipotso. Bala Mathaio 7:7, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang:

  • Ke dipotso dife tse o di ipotsang tse Baebele e ka di arabang?

5. O ka itumelela go bala Baebele

Batho ba le bantsi ba itumelela go bala Baebele e bile e a ba thusa. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • Mo bidiong eno, basha ba ikutlwa jang ka go bala?

  • Le fa ba sa rate go bala, goreng ba rata go bala Baebele?

Baebele e kgona go re naya dikgakololo tse di re gomotsang le tse di re nayang tsholofelo. Bala Baroma 15:4, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • O ikutlwa jang ka kgomotso le tsholofelo e e tswang mo Baebeleng?

6. Batho ba bangwe ba ka re thusa go tlhaloganya Baebele

Batho ba le bantsi ba lemogile gore ga go motlhofo go bala Baebele ba le nosi, ba thusitswe ke go e rutiwa ke batho ba bangwe. Bala Ditiro 8:26-31, lo bo lo tlotla ka potso eno:

Monna wa Moethiopia o ne a batla go thusiwa go tlhaloganya Dikwalo. Batho ba le bantsi gompieno ba itumelela go rutiwa Baebele

BATHO BANGWE BA RE: “Go ithuta Baebele ke go senya nako.”

  • Wena o a reng? Goreng o bua jalo?

O ITHUTILE ENG?

Baebele e na le dikgakololo tse batho ba ka di dirisang mo botshelong, e araba dipotso tsa botlhokwa e bile e gomotsa batho le go ba naya tsholofelo.

Poeletso

  • Re ka bona kgakololo efe mo Baebeleng?

  • Dingwe tsa dipotso tse Baebele e di arabang ke dife?

  • O ka rata go ithuta eng mo Baebeleng?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Bona gore Baebele e thusitse jang monna mongwe yo o neng a lwantshana le maikutlo go tloga fa a sa le monnye.

Kafa Botshelo Jwa Me jo Bo Itumedisang bo Simologileng ka Gone (2:53)

Bona gore kgakololo ya Baebele e ka thusa malapa jang.

“Dilo Tse 12 Tse di ka Thusang Malapa Gore a Itumele” (Tsogang! No. 2 2018)

Bona gore Baebele e baakanya jang kgopolo e e phoso e batho ba nang le yone ya gore ke mang tota yo o busang lefatshe.

Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele? —Bidio e e Feletseng (3:14)