Johane 21:1-25
21 Morago ga dilo tseno Jesu a iponatsha gape kwa barutweng kwa lewatleng la Tiberia; me a bonala ka tsela eno.
2 Simone Petere le Thomase, yo o neng a bidiwa Lewelana,+ le Nathanaele+ yo o tswang kwa Kana wa Galalea le bomorwa Sebede+ le ba bangwe ba babedi ba barutwa ba gagwe ba ne ba le mmogo.
3 Simone Petere a ba raya a re: “Ke ya go tshwara ditlhapi.” Ba mo raya ba re: “Le rona re ya le wena.” Ba tswa mme ba palama mokoro, mme mo bosigong joo ba se ka ba tshwara sepe.+
4 Le fa go ntse jalo, fela fa go ne go nna moso, Jesu a ema fa lotshitshing, mme legale, barutwa ba se ka ba lemoga gore e ne e le Jesu.+
5 Mme Jesu a ba raya a re: “Bana ba ba botlana, ga lo na sepe se se jewang, ga ke re?” Ba mo araba ba re: “Nnyaa!”
6 A ba raya a re: “Latlhelang letlowa kafa mojeng wa mokoro mme lo tla bona dingwe.”+ Foo ba le latlhela, mme ba se ka ba tlhola ba kgona go le gogela mo teng ka ntlha ya ditlhapi tse dintsi.+
7 Jalo morutwa yole yo Jesu a kileng a bo a mo rata+ a raya Petere+ a re: “Ke Morena!” Ka gone Simone Petere, fa a utlwa gore e ne e le Morena, a ikgatlha ka seaparo sa gagwe sa fa godimo, gonne o ne a sa ikatega, mme a thabuela mo lewatleng.
8 Mme barutwa ba bangwe ba tla ba le mo mokorwaneng, gonne ba ne ba se kgakala le lefatshe, e le fela mo e ka nnang dimitara di le masome a le robongwe go tloga foo, ba goga letlowa la ditlhapi.
9 Le fa go ntse jalo, e rile ba fologela mo lefatsheng ba tswa mo mokorong ba bona fa fatshe foo molelo wa malatlha+ le tlhapi e le mo godimo ga one le senkgwe.
10 Jesu a ba raya a re: “Tlisang dingwe tsa ditlhapi tse lo sa tswang go di tshwara gone fela jaanong.”
11 Jalo, Simone Petere a palama mme a gogela letlowa kwa lefatsheng le tletse ditlhapi tse dikgolo, di le lekgolo le masome a matlhano le boraro. Mme le mororo di ne di le dintsi thata jalo letlowa la se ka la gagoga.
12 Jesu a ba raya a re: “Tlang, jang sefitlholo sa lona.”+ Go ne go se le fa e le a le mongwe wa barutwa yo o neng a na le bopelokgale jwa go mmotsa a re: “O mang?” ka gonne ba ne ba itse gore e ne e le Morena.
13 Jesu a tla mme a tsaya senkgwe a ba a se ba naya,+ le tlhapi ka tsela e e tshwanang.
14 Leno jaanong e ne e le lekgetlo la boraro+ le Jesu a neng a bonala mo barutweng morago ga go tsosiwa ga gagwe mo baswing.
15 E rile, jaanong, ba sena go fitlhola, Jesu a raya Simone Petere a re: “Simone morwa Johane, a o nthata go feta tseno?”+ A mo raya a re: “Ee, Morena, o a itse gore ke a go rata.”+ A mo raya a re: “Fudisa dikwanyana tsa me.”+
16 Gape a mo raya lekgetlo la bobedi a re: “Simone morwa Johane, a o a nthata?”+ A mo raya a re: “Ee, Morena, o a itse gore ke a go rata.” A mo raya a re: “Disa dinkunyana tsa me.”+
17 A mo raya lekgetlo la boraro a re: “Simone morwa Johane, a o a nthata?” Petere a hutsafala ka go bo a ne a mo raya lekgetlo la boraro a re: “A o a nthata?” Jalo a mo raya a re: “Morena, o itse dilo tsotlhe;+ o a lemoga gore ke a go rata.” Jesu a mo raya a re: “Fepa dinku tsa me tse dinnye.+
18 Ammaaruri ammaaruri ke a go raya, fa o ne o le mmotlana, o ne o tle o ikgatlhe o bo o tsamayatsamaya fa o neng o batla gone. Mme fa o tsofala o tla otlolola diatla tsa gago mme motho yo mongwe o tla go gatlha+ mme a go tsholele kwa o sa go eletseng.”+
19 Seno o ne a se bua go kaya gore o ne a tla galaletsa Modimo+ ka loso lwa mofuta ofe. Jalo, e rile a sena go bua seno, a mo raya a re: “Tswelela o ntshale morago.”+
20 Fa Petere a retologa a bona morutwa yo Jesu a kileng a bo a mo rata+ a tla kwa morago, ene yo kwa dijong tsa maitseboa a neng gape a ikaegetse kwa morago mo sehubeng sa gagwe a ba a re: “Morena, ke mang yo o go okang?”
21 Jalo, e rile a tshogana ka a mmona, Petere a raya Jesu a re: “Morena, monna yono o tla dirang?”
22 Jesu a mo raya a re: “Fa e le thato ya me gore a nne go fitlha ke tla,+ seo se go tshwenya ka eng? Wena tswelela o ntshale morago.”
23 Ka lebaka la seo, lefoko leno la tswela kwa bakaulengweng, gore morutwa yoo o ne a se kitla a swa. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a se ka a mo raya a re ga a na go swa, mme o ne a re: “Fa e le thato ya me gore a nne go fitlha+ ke tla, seo se go tshwenya ka eng?”
24 Yono ke morutwa+ yo o nayang bosupi ka dilo tseno le yo o kwadileng dilo tseno, mme re a itse gore bosupi jo a bo nayang bo boammaaruri.+
25 Tota e bile, go na le dilo tse dingwe tse dintsi gape tse Jesu a di dirileng, tse, fa go ne go diregile gore dintlha tsotlhetsotlhe tsa tsone di kwalwe ka botlalo, ke tsaya gore, lefatshe ka bolone le ne le ka se ka la tshola dikwalo tsa momeno tse di kwadilweng.+

