Johane 20:1-31
20 Mo letsatsing la ntlha+ la beke Marea Magadalena a tla kwa lebitleng la kgakologelo go le phakela, go sa ntse go le lefifi, mme a bona leje le setse le tlositswe mo lebitleng la kgakologelo.+
2 Jalo a taboga mme a tla kwa go Simone Petere le kwa morutweng yo mongwe,+ yo Jesu a neng a mo rata, mme a ba raya a re: “Ba tsere Morena mo lebitleng la kgakologelo,+ mme ga re itse kwa ba mo laditseng gone.”
3 Foo Petere+ le morutwa yo mongwe ba tswa mme ba tsamaela kwa lebitleng la kgakologelo.
4 Ee, ba babedi bano mmogo ba simolola go taboga; mme morutwa yo mongwe a tabogela kwa pele ga ga Petere ka lobelo lo logolo mme a fitlha pele kwa lebitleng la kgakologelo.
5 Mme, fa a okomela, a bona dihapo di le fa fatshe,+ le fa go ntse jalo a se ka a tsena.
6 Go tswa foo Simone Petere le ene a tla a mo setse morago, mme a tsena mo lebitleng la kgakologelo. Mme a bona dihapo di le fa fatshe,+
7 le letsela le le neng le le mo tlhogong ya gagwe le se fa fatshe le dihapo mme le phuthetswe fa thoko kwa lefelong le lengwe.
8 Jalo, ka nako eo, morutwa yo mongwe yo o neng a fitlhile pele kwa lebitleng la kgakologelo le ene a tsena, mme a bona a ba a dumela.
9 Gonne ba ne ba ise ba lemoge lokwalo lo lo reng o tshwanetse go tsoga mo baswing.+
10 Mme jalo barutwa ba boela kwa magaeng a bone.
11 Le fa go ntse jalo, Marea a nna a eme kwa ntle gaufi le lebitla la kgakologelo, a lela. Fa a ntse a lela, a okomela go leba mo lebitleng la kgakologelo
12 mme a bona baengele ba babedi+ ba apere bosweu ba ntse mongwe kwa tlhogong mme yo mongwe kwa dinaong fa mmele wa ga Jesu o neng o letse gone.
13 Mme ba mo raya ba re: “Mosadi, o lelelang?” A ba raya a re: “Ba tsere Morena wa me, mme ga ke itse kwa ba mo laditseng gone.”
14 Morago ga go bua dilo tseno, a leba kwa morago a bona Jesu a eme, mme a se ka a lemoga gore e ne e le Jesu.+
15 Jesu a mo raya a re: “Mosadi, o lelelang? O batla mang?”+ Ene, e re ka a ithaya a re e ne e le motlhokomedi wa tshingwana, a mo raya a re: “Rra, fa o mo tsere, mpolelela kwa o mo laditseng gone, mme ke tla mo tsaya.”
16 Jesu a mo raya a re: “Marea!”+ Fa a retologa, a mo raya, ka Sehebera, a re: “Raboni!”+ (mo go rayang “Moruti!”)
17 Jesu a mo raya a re: “Tlogela go ntlamparela. Gonne ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rara. Mme tsamaya o ye kwa go bomorwarre+ o ba reye o re, ‘Ke tlhatlogela kwa go Rre+ le Rraalona le kwa Modimong+ wa me le Modimo wa lona.’”+
18 Marea Magadalena a tla mme a tlisetsa barutwa dikgang tseno: “Ke bone Morena!” le gore o ne a bua dilo tseno le ene.+
19 Jalo, e rile go le lotlatlana mo letsatsing leo, la ntlha la beke,+ e bile, le mororo ditswalo di ne di lotletswe kwa barutwa ba neng ba le gone ka ntlha ya go boifa+ Bajuda, Jesu a tla+ a ema mo gare ga bone a ba raya a re: “A kagiso e nne le lona.”+
20 Mme fa a sena go bua seno a ba bontsha diatla tsa gagwe mmogo le letlhakore la gagwe.+ Mme barutwa ba ipela+ fa ba bona Morena.
21 Jalo, Jesu a ba raya gape a re: “A kagiso e nne le lona. Fela jaaka Rara a nthomile,+ le nna ke a lo roma.”+
22 Fa a sena go bua seno a ba budulela a ba a ba raya a re: “Amogelang moya o o boitshepo.+
23 Fa lo itshwarela maleo a batho bangwe,+ ba nna ba a itshwaretswe; fa lo tshwara a batho bangwe, a nna a tshwerwe.”+
24 Mme Thomase,+ mongwe wa ba ba lesome le bobedi, yo o neng a bidiwa Lewelana, o ne a se na le bone fa Jesu a tla.
25 Ka gone barutwa ba bangwe ba mo raya ba re: “Re bone Morena!” Mme a ba raya a re: “Fa ke sa bone mo diatleng tsa gagwe lobadi lwa dimapo mme ka tsenya monwana wa me mo lobading lwa dimapo ka ba ka tsenya seatla sa me mo letlhakoreng la gagwe,+ eleruri ga ke na go dumela.”+
26 Ebu, malatsi a le robedi moragonyana barutwa ba gagwe ba bo ba le mo teng ga ntlo gape, le Thomase a na le bone. Jesu a tla, le mororo ditswalo di ne di lotletswe, mme a ema mo gare ga bone a re: “E kete lo ka nna le kagiso.”+
27 Morago ga moo a raya Thomase a re: “Tsenya monwana wa gago fano, o bone diatla tsa me, o bo o tseye seatla sa gago o se tsenye mo letlhakoreng la me, o tlogele go nna yo o sa dumeleng mme o nne yo o dumelang.”
28 Fa Thomase a araba a mo raya a re: “Morena wa me le Modimo wa me!”+
29 Jesu a mo raya a re: “Ka gonne o mpone a o dumetse? Go itumela ba ba sa boneng mme le fa go ntse jalo ba dumela.”+
30 Eleruri, Jesu o ne a dira le ditshupo tse dingwe tse dintsi fa pele ga barutwa, tse di sa kwalwang mo lokwalong lono lwa momeno.+
31 Mme tseno di kwadilwe+ gore lo tle lo dumele gore Jesu ke Keresete Morwa Modimo, le gore, ka ntlha ya go dumela,+ lo tle lo nne le botshelo ka leina la gagwe.