Johane 17:1-26

17  Jesu a bua dilo tseno, mme, e rile a tlhatlosetsa matlho kwa legodimong,+ a re: “Rara, nako e tlile; galaletsa morwao, gore morwao a tle a go galaletse,+  fela jaaka o mo neile taolo mo nameng yotlhe,+ gore, ka ga palo yotlhe ya ba o ba mo neileng,+ a tle a ba neye botshelo jo bo sa khutleng.+  Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng,+ go tsenya kitso ka ga gago, Modimo+ yo o esi wa boammaaruri,+ le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.+  Ke go galaleditse+ mo lefatsheng, ka ke weditse tiro e o e nneileng go e dira.+  Jalo jaanong wena Rara, nkgalaletse gaufi le wena ka kgalalelo e ke neng ke na le yone gaufi le wena pele lefatshe le nna gone.+  “Ke bonaditse leina la gago mo bathong ba o ba nneileng ba tswa mo lefatsheng.+ E ne e le ba gago, mme wa ba nnaya, mme ba bolokile lefoko la gago.  Jaanong ba a itse gore dilo tsotlhe tse o di nneileng di tswa kwa go wena;  ka gonne mafoko a o a nneileng ke ba a neile,+ mme ba a amogetse e bile eleruri ba a itse jaanong gore ke tlile ke le moemedi wa gago,+ e bile ba dumetse gore o nthomile.+  Ke kopa ka ga bone; ke a kopa, e seng ka ga lefatshe, fa e se ka ga ba o ba nneileng; ka gonne ke ba gago, 10  mme dilo tsotlhe tsa me ke tsa gago le tsa gago ke tsa me,+ mme ke galaleditswe mo gare ga tsone. 11  “Gape, ga ke tlhole ke le mo lefatsheng, mme bone ba mo lefatsheng+ mme nna ke tla kwa go wena. Rara yo o Boitshepo, ba tlhokomele+ ka ntlha ya leina la gago le o le nneileng, gore ba tle ba nne mongwe fela jaaka re ntse.+ 12  Fa ke ne ke na le bone ke ne ke tle ke ba tlhokomele+ ka ntlha ya leina la gago le o le nneileng; e bile ke ba bolokile, mme ga go na le fa a le mongwe wa bone yo o sentsweng+ fa e se morwa tshenyego,+ gore lokwalo lo tle lo diragadiwe.+ 13  Mme jaanong ke tla kwa go wena, mme ke bua dilo tseno mo lefatsheng gore ba tle ba nne le boipelo jwa me ka botlalo+ mo go bone. 14  Ke ba neile lefoko la gago, mme lefatshe le ba tlhoile, ka gonne ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.+ 15  “Ke a go kopa, e seng gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba tlhokomele ka ntlha ya yo o boikepo.+ 16  Ga ba karolo ya lefatshe,+ fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.+ 17  Ba itshepise+ ka boammaaruri; lefoko la gago+ ke boammaaruri.+ 18  Fela jaaka o nthometse mo lefatsheng, le nna ke ba rometse mo lefatsheng.+ 19  Mme ke iitshepisa mo boemong jwa bone, gore le bone ba tle ba itshepisiwe+ ka boammaaruri. 20  “Ke a kopa, e seng kaga bano fela, mme le ka ga ba ba dumelang mo go nna ka lefoko la bone;+ 21  gore botlhe ba tle ba nne mongwe fela,+ fela jaaka wena, Rara, o le seoposengwe le nna le nna ke le seoposengwe le wena,+ gore le bone ba tle ba nne seoposengwe le rona,+ gore lefatshe le dumele gore o nthomile.+ 22  Gape, ke ba neile kgalalelo e o e nneileng, gore ba tle ba nne mongwe fela jaaka rona re le mongwe fela.+ 23  Nna ke le seoposengwe le bone mme wena o le seoposengwe le nna, gore ba tle ba itekanedisiwe mo go nneng mongwe,+ gore lefatshe le tle le itse gore o nthomile le gore o ba ratile fela jaaka o nthatile. 24  Rara, ka ga se o se nneileng, ke eletsa gore, kwa ke gone, le bone ba tle ba nne le nna,+ gore ba bone kgalalelo ya me e o e nneileng, ka gonne o nthatile pele lefatshe+ le thaiwa+. 25  Rara yo o siameng,+ eleruri lefatshe, ga le ise le bo le go itse; mme nna ke a go itse, le bano ba a go itse gore o nthomile.+ 26  Mme ke ba itsisitse leina la gago+ e bile ke tla dira gore le itsiwe, gore lorato lo o nthatileng ka lone lo tle lo nne mo go bone le nna ke le seoposengwe le bone.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase