Johane 13:1-38
13 Jaanong, ka gonne a ne a itse pele ga moletlo wa tlolaganyo gore nako ya gagwe e ne e tlile+ ya gore a fuduge mo lefatsheng leno a ye kwa go Rara,+ Jesu, ka a ne a ratile ba gagwe ba ba neng ba le mo lefatsheng,+ a ba rata go ya bokhutlong.
2 Jalo, fa go ntse go jewa dijo tsa maitseboa, Diabolo ka a ne a setse a tsentse go mo oka+ mo pelong ya ga Judase Isekariota,+ morwa Simone,
3 ene, ka a ne a itse gore Rara o ne a tsentse dilo tsotlhe mo diatleng tsa gagwe+ le gore o ne a tla a tswa kwa Modimong le gore o ne a ya kwa Modimong,+
4 a nanoga a tlogela dijo tsa maitseboa mme a beela kwa thoko diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle. Mme a tsaya seiphimolo, a ikgatlha.+
5 Morago ga moo a tshela metsi mo mogotšwaneng mme a simolola go tlhapisa dinao+ tsa barutwa le go di phimola ka seiphimolo se a neng a ikgatlhile ka sone.
6 Mme jalo a tla mo go Simone Petere. Ene a mo raya a re: “Morena, a o tlhapisa dinao tsa me?”+
7 Fa Jesu a araba a mo raya a re: “Se ke se dirang ga o se tlhaloganye mo nakong eno, mme o tla se tlhaloganya morago ga dilo tseno.”+
8 Petere a mo raya a re: “Ruri ga o kitla o tlhapisa dinao tsa me.” Jesu a mo araba a re: “Fa ke sa go tlhapise,+ ga o na kabelo epe le nna.”
9 Simone Petere a mo raya a re: “Morena, e seng dinao tsa me fela, mme le diatla tsa me le tlhogo ya me.”
10 Jesu a mo raya a re: “Yo o tlhapileng+ ga a tlhoke go tlhapisiwa sepe kwantle ga dinao, mme o phepa gotlhe. Mme lona lo phepa, mme e seng lotlhe.”
11 Eleruri, o ne a itse motho yo a mo okang.+ Ke gone ka moo a neng a re: “Ga se lona lotlhe ba lo leng phepa.”
12 E rile, jaanong, a sena go tlhapisa dinao tsa bone e bile a sena go apara diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle le go sekama fa tafoleng gape, a ba raya a re: “A lo a itse se ke se dirileng mo go lona?
13 Lo mpitsa, ‘Moruti,’+ le, ‘Morena,’+ mme lo bua sentle, gonne ke ene.+
14 Jalo, fa nna, le mororo ke le Morena le Moruti, ke ne ka tlhapisa dinao tsa lona,+ le lona lo tshwanetse lwa tlhapisana dinao.+
15 Gonne ke lo tlhometse sekao, gore, fela jaaka ke ne ka dira mo go lona, le lona lo tshwanetse lwa dira jalo.+
16 Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, Motlhanka ga a mogolo go feta mong wa gagwe le fa e le ene yo o rometsweng ga a mogolo go feta yo a mo romileng.+
17 Fa lo itse dilo tseno, lo a itumela fa lo di dira.+
18 Ga ke bue ka ga lona lotlhe; ke itse ba ke ba tlhophileng.+ Mme ke gore Lokwalo lo tle lo diragadiwe+ lo lo reng, ‘Yo o neng a tle a je senkgwe sa me o ntsholeleditse serethe.’+
19 Go tswa mo go yone nako eno go ya pele ke lo bolelela pele ga go diragala,+ gore fa ruri go diragala lo tle lo dumele gore ke ene.
20 Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, Yo o amogelang mongwe yo ke mo romang o amogela le nna.+ Mme le yo o amogelang nna, o amogela le yo o nthomileng.”+
21 Morago ga go bua dilo tseno, Jesu a tshwenyega mo moyeng, mme a naya bosupi a re: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, Mongwe wa lona o tla nkoka.”+
22 Barutwa ba simolola go lebana, ba akabaditswe ke gore o ne a bua seno ka ga ofe.+
23 Go ne go na le mongwe wa barutwa ba gagwe a ntse ka go sekama fa pele ga sehuba sa ga Jesu, mme Jesu o ne a mo rata.+
24 Jalo Simone Petere a gwetlha yono ka tlhogo mme a mo raya a re: “Bolela gore o bua ka mang.”
25 Jalo yono a ikaegela kwa morago mo sehubeng sa ga Jesu mme a mo raya a re: “Morena, ke mang?”+
26 Jalo Jesu a araba a re: “Ke ene yoo yo ke tla mo nayang thathana e ke e inang.”+ Mme ka jalo, fa a sena go ina thathana, a e tsaya a e naya Judase, morwa Simone Isekariota.
27 Morago ga thathana foo Satane a tsena mo go yono.+ Jalo, Jesu a mo raya a re: “Se o se dirang se dire ka bonako thata.”
28 Le fa go ntse jalo, go ne go se ope wa ba ba ntseng ka go sekama fa tafoleng yo o neng a itse gore o ne a bua seno le ene ka boikaelelo bofe.
29 Tota e bile, bangwe ba ne ba ithaya ba re, e re ka Judase a ne a tshwara letlole la madi,+ Jesu o ne a mo raya a re: “Reka dilo le fa e le dife tse re di tlhokelang moletlo,” kgotsa gore a neye bahumanegi sengwe.+
30 Jalo, fa a sena go amogela thathana, a tswa ka yone nako eo. Mme go ne go le bosigo.+
31 Ka gone e rile a sena go tswa, Jesu a re: “Jaanong Morwa motho o galaleditswe,+ le Modimo o galaleditswe ka ga gagwe.
32 Mme Modimo ka boene o tla mo galaletsa,+ mme o tla mo galaletsa ka yone nako eo.
33 Bana ba bannye,+ ke na le lona ka lobakanyana. Lo tla mpatla; mme fela jaaka ke ne ka raya Bajuda ka re, ‘Kwa ke yang gone ga lo ka ke lwa tla,’+ le lona ke a lo raya mo nakong eno.
34 Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile,+ gore le lona lo ratane.+
35 Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”+
36 Simone Petere a mo raya a re: “Morena, o ya kae?” Jesu a araba a re: “Kwa ke yang gone ga o ka ke wa ntshala morago jaanong, mme o tla latela morago.”+
37 Petere a mo raya a re: “Morena, ke ka ntlha yang ke se ka ke ka go sala morago mo nakong eno? Ke tla neela moya wa me mo boemong jwa gago.”+
38 Jesu a araba a re: “A o tla neela moya wa gago mo boemong jwa me? Ammaaruri ammaaruri ke a go raya, Mokoko ga o kitla o lela ka gope go fitlha o intatotse makgetlo a le mararo.”+

