Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgosi Dafide le Mmino

Kgosi Dafide le Mmino

Kgosi Dafide le Mmino

FA GO na le leina le le lengwe le le dirang gore o gopole mmino wa mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, ke la ga Dafide, monna yo o tlhomologileng yo o neng a tshela dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng. Tota e bile, bontsi jwa dilo tse re di itseng ka mmino mo metlheng eo di mo rekotong ya Baebele e e kaga ditiro tsa ga Dafide—go tloga ka nako ya fa e ne e le modisa yo mmotlana go fitlha fa e ne e nna kgosi le morulaganyi yo o nang le bokgoni.

Go na le dilo di le dintsi tse re ka di ithutang ka mmino wa mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele mo go Dafide. Ka sekai, go ne go dirisiwa diletswa tsa mofuta ofe tsa mmino e bile go ne go opelwa dipina tse di ntseng jang? Mmino o ne wa nna le seabe sefe se segolo mo setšhabeng sa Iseraele le mo botshelong jwa ga Dafide?

Seabe sa Mmino Kwa Iseraeleng wa Bogologolo

Gantsi mafoko a pina a gopotsa motho molodi wa yone. Baebele e na le mafoko a dipina di le dintsi mme ka maswabi mmino wa one wa diletswa ga o itsiwe. O tshwanetse wa bo o ne o le monate e bile o tlhomologile. Kafa buka ya Dipesalema e kwadilweng ka tsela ya poko ka gone, e bontsha gore mmino wa tsone wa diletswa le one o ne o le monate.

Baebele e tlhalosa diletswa ka bokhutshwane fela. (Bona lebokose le le reng  “Diletswa Tsa Mmino Tsa mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele.”) Tota e bile ga re itse gore Dafide o ne a dirisa harepa ya mofuta ofe. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa go lemoga gore Baiseraele ba ne ba tlhama diletswa di le mmalwa, tse di jaaka diharepa tse di neng di sa tlwaelega le tse di tlhwatlhwakgolo tsa legong.—2 Ditiragalo 9:11; Amose 6:5.

Le fa go ntse jalo, go na le selo se le sengwe fela se re tlhomamisegileng ka sone. Mmino o ne o na le seabe se se botlhokwa mo Bahebereng, segolobogolo fa ba obamela Modimo. Go ne go tshamekiwa mmino fa go tlhomiwa kgosi kgotsa kgosigadi, gape o tshamekiwa mo meletlong ya bodumedi le ka nako ya ntwa. Gape o ne o tshamekiwa mo kgotleng ya segosi, o dira gore go nne monate ka nako ya meletlo ya manyalo le dikokoano tsa malapa le ka nako ya thobo ya morara le dijo tsa ditlhaka. Ka maswabi, mmino o ne o amanngwa gape le mafelo a a sa siamang. Gape fa go nna le loso, mmino o ne o gomotsa batho ba ba hutsafetseng.

Kwa Iseraele, mmino o ne o na le seabe se sengwe gape. O ne o itsege ka go dira gore motho a akanye sentle le go dira gore baporofeti ba bone kaelo ya semoya. Elisha o ne a kaelwa ke Jehofa fa go ne go tshamekiwa seletswa sa megala. (2 Dikgosi 3:15) Mmino o ne o dirisiwa go itsise ditiragalo tse di kgethegileng. Modumo wa diterompeta tse pedi tsa selefera o ne o itsise ka ngwedi o mosha le meletlo. Ka letsatsi la Jubile, modumo wa lenaka o ne o raya gore batlhanka ba ne ba gololesegile le gore batho ba busediwe naga le matlo tse ba neng ba di tseetswe. Ruri bahumanegi ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumela fa ba utlwa mmino o o itsiseng gore ba gololesegile kgotsa ba tla busediwa dithoto tsa bone!—Lefitiko 25:9; Dipalo 10:10.

Baiseraele bangwe ba tshwanetse ba bo ba ne ba itse go tlhama mmino kgotsa go opela. Tota e bile, go ya ka difikantswe tsa Asiria, Kgosi Senakaribe o ne a kopa sehuba sa baopedi ba banna le ba basadi mo go Kgosi Hesekia. Go bonala e ne e le badiragatsi ba maemo a a kwa godimo. Mme Dafide e ne e le mongwe wa baopedi ba ba nang le bokgoni.

Seopedi se se Tlhomologileng

Dafide o ne a tlhomologile ka gonne e ne e le seopedi e bile e le mmoki. Halofo ya dipesalema e kwadilwe ke ene. Fa e ne e le mosimanyana, e ne e le modisa mme o ne a tlhola a lebile mafulo a mantsi a mantle a kwa Bethelehema. O ne a itumelela go reetsa modumo wa melatswana le dikwana tse di neng di lela fa di utlwa lentswe la gagwe. E re ka a ne a kgatlhiwa ke dilo tseno, o ne a tsaya harepa ya gagwe mme a opelela Modimo dipako. Ruri e tshwanetse ya bo e ne e le selo se se tlhotlheletsang go utlwa mmino o Dafide a neng a o tlhama wa Pesalema 23!

Fa Dafide e ne e le lekawana, o ne a itse go tshameka harepa bontle mo e leng gore o ne a buelelwa mo go kgosi Saulo, yo o neng a mo tsaya gore a mo direle. Fa Saulo a ne a le mo tlalelong e kgolo e bile a tshwenyegile, Dafide o ne a tla kwa go ene mme o ne a opela dipina tse di ritibatsang pelo ya kgosi ka harepa ya gagwe. Dikakanyo tse di sa siamang tse di neng di tshwenya Saulo di ne tsa nyelela mme a tlogela go tshwenyega.—1 Samuele 16:16.

Ka dinako dingwe, mmino o Dafide a neng a o rata thata e bile o mo itumedisa o ne o baka mathata. Letsatsi lengwe, fa Dafide le Saulo ba ne ba tswa go tlhabana le Bafilisitia le go ba fenya, kgosi e ne ya utlwa go opelwa pina ya phenyo le ya boitumelo. Basadi ba ne ba opela jaana: “Saulo o kgemethile dikete tsa gagwe, mme Dafide dikete tsa gagwe di le masome.” Ka nako eo, Saulo o ne a galefa thata le go fufega mo a neng a “se ka a kgaotsa go leba Dafide ka pelaelo go tloga mo letsatsing leo go ya pele.”—1 Samuele 18:7-9.

Mmino O ne Wa Tlhotlheletsa Dafide

Dipina tse di tlhamilweng ke Dafide tse di neng di tlhotlheleditswe ke Modimo di ne di gaisa tse dingwe ka ditsela di le dintsi. Dipina tsa gagwe di ne di akaretsa dipesalema tse di ritibatsang le tsa bodisa. Di akaretsa tsa pako le tse di buang ka dilo tsa bogologolo, go itumelela thobo ya morara le moletlo wa go tlhoma mongwe mo pusong, dilo tsa bogologolo le tsholofelo, dikopo le thapelo. (Bona Pesalema 32; 23; 145; 8; 30; 38; 72; 51; 86 le mafoko a a tlhagang fa godimo ga dikgaolo tseno.) Ka loso lwa ga Saulo le morwawe e bong Jonathane, Dafide o ne a tlhama pina ya khutsafalo e e bidiwang “Bora,” e e simololang ka mafoko a a reng: “Wena Iseraele, bontle bo bolailwe setlhogo mo mafelong a gago a a kwa godimo.” O ne a opela a hutsafetse. Dafide o ne a itse go bontsha maikutlo a a farologaneng, ka mafoko le ka harepa.—2 Samuele 1:17-19.

E re ka Dafide a ne a nna a itumetse e bile a le matlhagatlhaga, o ne a rata mmino o o itumedisang o o nang le moribo o o kwa godimo. Fa a ne a tlisa letlole la kgolagano kwa Siona, o ne a tlola e bile a bina ka maatla otlhe a gagwe go keteka tiragalo eo. Pego ya Baebele e bontsha gore mmino oo o tshwanetse wa bo o ne o tlhotlheletsa. A o kgona go bona tiragalo eo ka leitlho la mogopolo? E ne ya dira gore mosadi wa gagwe e bong Mikale a mo latofatse. Mme seo ga se a ka sa tshwenya Dafide. O ne a rata Jehofa mme mmino ono, o o neng o dira gore a ipele, o ne wa dira gore a tlole fa pele ga Modimo.—2 Samuele 6:14, 16, 21.

Mo godimo ga moo, Dafide o ne a dira gore a itsege ka go tlhama diletswa tse disha tsa mmino. (2 Ditiragalo 7:6) Gape, go bonala Dafide e ne e le seopedi se se nang le bokgoni, a dira diletswa tsa mmino, e le mmoki, motlhami le modiragatsi. Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a dira le dilo tse dingwe tse dikgolo.

Go Opela le Mmino Kwa Tempeleng

Bokgoni jwa ga Dafide e ne e le go rulaganya mmino le gore go opelwe mo ntlong ya ga Jehofa. Kwa pele ga baopedi ba le 4 000 le batshameki ba diletswa, o ne a baya Asafe, Hemane le Jeduthune (gape go bonala a ne a bidiwa Ethane). Dafide o ne a ba kopanya le batho ba le 288 ba ba ditswerere, ba ba neng ba thapisa le go okamela setlhopha sotlhe. Baopedi ba le 4 000 le batshameki ba diletswa ba ne ba le gone kwa tempeleng ka nako ya meletlo e meraro e megolo ya ngwaga le ngwaga. Akanya ka tsela e ntle e setlhopha seo se neng se opela ka yone!—1 Ditiragalo 23:5; 25:1, 6, 7.

Go ne go opela banna fela kwa tempeleng. Mafoko a a tlhagang fa godimo ga Pesalema 46 a a reng “mo Barweetsaneng,” a kaya lentswe la segalo se se kwa godimo kgotsa seletswa. Ba ne ba opela ka nako e le nngwe, jaaka go bontshitswe mo go 2 Ditiragalo 5:13: “Baopedi ba ne ba le seoposengwe.” Dipina tseo e ne e le tse di jaaka tse di mo go Pesalema 3 le dipesalema tse dingwe tse dintsi tsa ga Dafide mme ka dinako tse dingwe e le khorase, jaaka e e mo go Pesalema 42:5, 11 le 43:5. Go ne go ratwa thata dipina tse di opelwang ke ditlhopha tse pedi di tla di refosana, tse mo go tsone dikhwaere le/kgotsa seopedi se le sengwe se opelang pina. Go ntse jalo ka Pesalema 24, e kwantle ga pelaelo e tlhamilweng ka nako ya fa Dafide a ne a tlisa letlole la kgolagano kwa Siona.—Pesalema 24; 2 Samuele 6:11-17.

Le fa go ntse jalo, Balefi e ne e se bone fela ba ba opelang. Fa batho ba ya kwa Jerusalema kwa meletlong ya ngwaga le ngwaga ba ne ba opela. Gongwe mafoko a a reng “Pina ya Ditlhatlogo” a kaya sone seo. (Pesalema 120 go ya go 134) Ka sekai, mo go Pesalema 133, Dafide o tlotlomatsa bokaulengwe jo Baiseraele ba neng ba bo itumelela ka dinako tseo. O simolola ka mafoko ano: “Bona! Abo go le molemo jang e bile go itumedisa jang ne fa barwarramotho ba nna mmogo ka kutlwano!” Leka go akanya gore mmino wa diletswa wa pina eno o ne o ntse jang!

Mmino le Kobamelo ya ga Jehofa

Nngwesomeng ya Baebele e na le dipina mme buka ya Dipesalema e kgothaletsa batho botlhe go baka Jehofa. (Pesalema 150) Mmino o kgona go dira gore motho a lebale ka mathata a botshelo e bile go opela go tshwana le setlolo se se tshasiwang mo dinthong. Gape Baebele ya re batho ba ba moya o thamileng ba opele dipesalema.—Jakobe 5:13.

Motho a ka bontsha gore o dumela mo Modimong le gore o a mo rata ka go opela. Bosigo jwa pele Jesu a bolawa, ene le baaposetoloi ba ne ba opela fa ba se na go ja. (Mathaio 26:30) Ruri Morwa wa ga Dafide o tshwanetse a bo a ne a itse go opela—ene yo o neng a itse go opela ga lolwapa lwa Modimo kwa legodimong le mo galaletsa! Go ka direga gore ba ne ba opela Hallel, Pesalema 113 go ya go 118. Fa go ntse jalo, Jesu a na le baaposetoloi ba ba neng ba sa itse ditiragalo tsotlhe tse di neng di tloga di direga, o ne a ka opelela kwa godimo jaana: “Ke a rata, ka gonne Jehofa o utlwa Lentswe la me, dikopo tsa me. . . . Megala ya loso e ne ya ntikanyetsa le maemo a a tshwenyang thata a Sheole a ne a ntshwara. . . . ‘Ao, Jehofa, a ko o falotse moya wa me!’”—Pesalema 116:1-4.

Motho ga se ene a tlhamileng mmino. Baebele e tlhalosa mmino le go opela kwa legodimong, kwa dibopiwa tsa semoya di tshamekang diharepa ka tsela ya tshwantshetso le go opela dipako go dikologa setulo sa bogosi sa ga Jehofa. (Tshenolo 5:9; 14:3; 15:2, 3) Jehofa Modimo o ne a naya batho mmino, a tsenya mo dipelong tsa bone lorato lwa mmino le keletso ya go tlhalosa maikutlo a bone ka go tshameka seletswa sa mmino kgotsa ka go opela. Mo bathong ba ba nang le tumelo, mmino ke mpho e e tswang kwa Modimong.—Jakobe 1:17.

[Mafoko a a mo go tsebe 27]

‘Mo letsatsing la go ipela ga lona le mo dipakeng tsa lona tsa moletlo, lo letse diterompeta.’—DIPALO 10:10

[Mafoko a a mo go tsebe 28]

“Jehofa ke Modisa wa me. Ga ke na go tlhoka sepe. O nthapamisa mo mafulong a a tletseng bojang; o nkisa fa mafelong a boikhutso a a nang le metsi a mantsi.”—PESALEMA 23:1, 2

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

“Ba le . . . dikete tse nnè ba ba nayang Jehofa pako ka diletswa tse Dafide a neng a re ‘Ke di diretse go ntsha pako.’”—1 DITIRAGALO 23:4, 5

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

Dafide o ne a bontsha maikutlo a a farologaneng, ka mafoko le ka mmino

[Mafoko a a mo go tsebe 30]

“Bakang Jah! Mmakeng ka moropana le ka go bina lo le sediko. Sengwe le sengwe se se hemang —a se bake Jah.”—PESALEMA 150:1, 4, 6

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 28]

 Diletswa Tsa Mmino Tsa mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele

Diletswa tsa megala e ne e le llute, harepa le seletswa sa megala e e lesome. (Pesalema 92:3) Di ne di ntsha molodi wa Alamothe le Sheminithe, gongwe e le mafoko a a neng a dirisiwa fa go buiwa ka nnoto e e kwa godimo le e e kwa tlase. (1 Ditiragalo 15:20, 21, ntlha e e kwa tlase mo NW) Dingwe tsa diletswa tse di butswelwang moya e ne e le lotlhaka, folouto, lonaka le diterompeta tse di neng di ‘lelela kwa godimo.’ (2 Ditiragalo 7:6; 1 Samuele 10:5; Pesalema 150:3, 4) Fa go ne go kgakolwa tempele, baletsi ba diterompeta le baopedi ba ne ba ‘dira gore go utlwale modumo o le mongwe fela.’ (2 Ditiragalo 5:12, 13) Go bonala seno se ne se kaya gore ba ne ba opela ka melodi e e tshwanang go se na ope yo o tlailang. Diletswa tse di itewang di ne di akaretsa meropa le disiseterame, e leng mofuta wa seletswa sa mmino se se kgotlhokgotswang le “mefuta yotlhe ya diletswa tsa logong.” Gape go ne go na le disemebala—tse dinnye “tsa modumo o o molodi” le tse dikgolo tse di bidiwang “disemebala tse di opanngwang.”—2 Samuele 6:5; Pesalema 150:5.

[Ditshwantsho]

Fa godimo: Setshwantsho sa Arch of Titus, kwa Roma, kwa Italy, se se bontshang diterompeta tse di tserweng kwa tempeleng e e kwa Jerusalema ka 70 C.E. Madi a tshipi a mo e ka nnang ka 130 C.E., a a bontshang diletswa tsa mmino tsa Bajuda

[Motswedi wa Setshwantsho]

Coins: © 2007 by David Hendin. All rights reserved.