Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Loeto lo lo Neng Lwa re Bontsha Gore Batho Ba ne Ba Tshela Jang Bogologolo

Loeto lo lo Neng Lwa re Bontsha Gore Batho Ba ne Ba Tshela Jang Bogologolo

 Lekwalo le le Tswang Kwa United States

Loeto lo lo Neng Lwa re Bontsha Gore Batho Ba ne Ba Tshela Jang Bogologolo

AKANYA fela gore go ne go ka nna monate jang go tsaya loeto go ya go bona kafa borragomogologolwane ba neng ba tshela ka gone. Re ne ra tsaya loeto lo lo ntseng jalo. Re ne ra tloga kwa Switzerland mme ra ya kwa United States of America. Batho ba le bantsi ba akanya gore mafelo otlhe mo United States a tlhabologile mme mo loetong lwa rona re ne ra bona dilo dingwe tse di neng tsa re bontsha gore e ne e ntse jang dingwaga di le makgolo a le mabedi a a fetileng. Mma re go tlotlele ka gone.

E re ka re bua Se-Swiss German, re ne ra lalediwa go nna dikgwedi di le tharo kwa Indiana. Malapa a Ba-Amman a re neng re ikaeletse go a rerela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo a ne a sa ntse a bua puo ya borraabonemogologolwane. Bontsi jwa malapa ano bo nna kwa Indiana.

Ba-Amman ke ditlogolwana tsa setlhopha sa lekgolo la bo17 la dingwaga sa Ba-Anabaptist. Leina leno le ba bidiwang ka lone le tswa mo leineng la moeteledipele wa bone e bong Jacob Amman, yo o neng a nna kwa Switzerland. Fa batho bano ba ba boifang Modimo ba ne ba ithuta Baebele, ba ne ba lemoga gore go kolobetsa masea le go tsenela ditirelo tsa bosole go phoso. Puso e ne ya ba bogisa ka ntlha ya se ba neng ba se dumela. Ba le mmalwa ba bone ba ne ba bo ba bolawa. Pogiso e ne ya nna maswe le go feta mme bangwe ba bone ba ne ba patelesega go tshabela kwa dikarolong tse dingwe tsa Switzerland le kwa Fora. Mo bogareng jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, diketekete tsa bone di ne di tshabetse kwa United States. Mme ba ne ba sa ntse ba dirisa setso le puo ya bone ya Se-Swiss German.

Fa re ne re etetse batho bano ba ba bonolo, ba ne ba gakgamadiwa ke go utlwa re bua puo ya bone! Leka go akanya gore go ne go ntse jang.

Ba ne ba botsa jaana ka Se-Swiss German: “Go tla jang gore lo bo lo bua jaaka rona?”

Re ne ra araba jaana: “Ka gonne re tswa kwa Switzerland.”

Ba ne ba gakgametse ba bo ba re raya ba re: “Mme gone ga lo Ba-Amman!”

Batho ba le bantsi ba a re amogela mme re kgona go bona kafa batho ba mo lefelong leno ba neng ba tshela ka gone bogologolo. Ga ba dirise dipone tsa motlakase, ba dirisa dipone tsa lookwane; ga ba dirise dikoloi, ba dirisa dipitse le kolotsana e e gogwang ke pitse; ga ba na dipompo, ba na le sediba le lefetlho le le pompang metsi; ga ba na diradio, ba a opela.

Re kgatlhwa thata ke boikokobetso le boingotlo jwa batho ba re ba etelang. Ba-Amman ba le bantsi ba bala Baebele letsatsi le letsatsi, ba e tsaya e le botlhokwa e bile ba itumelela go fetsa nako ba bua le ba bangwe ka yone. Seno se dira gore re nne le tshono ya go tlotla le bone ka se Modimo a se ikaeletseng ka batho le lefatshe.

Go ise go ye kae, ke fa go setse go itsege gore go na le baeng ba ba tswang Switzerland mo lefelong leo. Ba le bantsi ba ne ba kopa gore re etele ba masika  a bone mme re ne ra dira jalo. Re ne ra itumela tota fa re ne re lalediwa go ya kwa sekolong sa Ba-Amman. Ke eng se se neng se tla direga koo?

Re ne ra kokota mo kgorong ya sekolo. Ka yone nako eo, morutisi o bula kgoro mme baithuti ba le 38 ba ba swegaswegang go utlwa gore baeng bano ba banè ba tlile ka dife, ba re tlhomile matlho. Ditlelase di le robedi di kopane mo phaposing e le nngwe, e le baithuti ba dingwaga tse di simololang ka tse 7 go ya go tse 15. Basetsana ba apere diaparo tse di pududu le dikepese tse ditshweu; basimane bone ba apere marokgwe a mantsho le dihempe tse di bobududu jo bo tseneletseng. Seling ya phaposi eno e kwa godimo. Matlhakore a le mararo a dipota a pentilwe ka bobududu jo bo sa tsenelelang mme mo leboteng le le kwa pele go na le sekwalelo. Mme go bapa le sone go na le dimmapa tse di mennweng le kgolokwe ya lefatshe. Kwa sekhutlong go na le setofo se segolo sa tshipi.

Baithuti bano ba re tlhoma matlho fa re nnela kwa pele mo phaposing. Mongwe le mongwe wa barutabana o bitsa bana ba tlelase ya gagwe a bo a ba botsa ka tiro e e direlwang kwa gae e a neng a e ba neile mo letsatsing le le fetileng. Re ne ra gakgamala fa morutisi a botsa bana ka dithaba tsa Swiss Alps. Dibuka tsa go ithuta tse ba di dirisang ke tsa bogologolo mme morutabana o ne a re botsa gore a Switzerland e sa ntse e le kafa e tlhalosiwang ka gone mo dibukeng tsa gagwe. A dikgomo di sa ntse di ya mafulong ka selemo, kgotsa a dithaba di sa ntse di apesiwa ke kapoko? Fa re mmontsha dinepe tsa rona tse di nang le mmala tsa dithaba tse di nang le kapoko tse di tshwanang le tse di leng mo bukeng ya gagwe tsa mmala o mosweu le o montsho, o ne a nyenya.

Mosadi wa morutabana yono, yo gape e leng mothusi wa gagwe, o ne a botsa potso eno e e bodiwang ke batho ba le bantsi, “A lo kgona go opelela kwa godimo lo ntse lo fetofetola lentswe?” Re ne re sa kgone. Le fa go ntse jalo, e re ka re itse gore Ba-Amman ba kgona go opela, re ne ra ba kopa gore ba re opelele. Ba ne ba dira jalo mme ra itumelela go reetsa khwaere ya batho ba le 40 ba opela. Morago ga foo, morutabana o ne a re bana ba ye go tshameka kwa ntle ka nakwana.

Mosadi wa morutabana o ne a re kopa gore re ba opelele. E re ka re itse dipina di le mmalwa tsa Se-Swiss German, re ne ra ba opelela. Fa bana ba utlwa gore re a opela, ba ne ba boela ka bonako mo phaposing. Re ne ra ntsha ga tshwene re eme kwa pele mo phaposing mme ra ba opelela.

Moragonyana re ne ra lalediwa go ja dijo tsa motshegare le lelapa la Ba-Amman la batho ba le 12. Mo tafoleng e telele ya logong go beilwe dijo tse di rokotsang mathe—ditapole tse di ritilweng, ham, mmidi, senkgwe, tšhisi, merogo, dikuku le phuding. Pele go jewa, mongwe le mongwe o a ithapelela. Fa re ntse re ja, re ne re tlotla ka Switzerland, motse wa borraabonemogologolwane mme ba ne ba re lotlegela ka botshelo jwa bone jwa kwa masimong. Bana ba ne ba sebaseba e bile ba khinkhinyega fa go ntse go jewa. Fa rotlhe re fetsa go ja, go rapelwa gape go supa gore bana ba ka tsamaya mme e seng gore ba ye go tshameka. Mongwe le mongwe o na le tiro e a e dirang go thusa go tlosa dilo mo tafoleng le go tlhatswa dijana, mo go rayang gore ba tshwanetse go ga metsi le go a bedisa.

Fa bana ba ntse ba tlhatswa dijana, rona le batsadi re ne ra nna mo phaposing ya bonno. Ga go na disofa mme gone re ne ra nna monate mo ditulong tsa logong. Ba ntsha Baebele ya Sejeremane mo khaboteng mme go ise go ye kae, jaaka go tlwaelegile mo malapeng a Ba-Amman, ra tlotla ka dilo tsa semoya. Jehofa Modimo o ikaeletse eng ka lefatshe le batho? Jesu o ne a kaya eng fa a ne a re batho ba ba bonolo ba tla rua lefatshe? A Modimo o ikaeletse go tlhokofatsa batho ba ba boikepo ka bosakhutleng mo molelong wa dihele? Ke bomang ba ba diragatsang taelo ya ga Jesu ya go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng le le nang le banni? Go tlotla ka dipotso tseno tsotlhe—le tse dingwe tse dintsi—le batho ba ba ratang dilo tsa semoya e bile ba na le Baebele go a re itumedisa.

Re itumela thata fa re akanya ka loeto lono lo re lo tsereng lo lo neng lwa re bontsha gore batho ba bogologolo ba ne ba tshela jang, lo mo go lone go diragetseng dilo dingwe tse di itumedisang. Re solofela le go rapela gore maeto a rona kwa Swiss German le metlotlo e re nnileng le yone le batho ba teng e amile dipelo tsa bone gore ba le bantsi ba amogele boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo, Baebele.