Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mokete wa Ngwaga o Mosha wa Ba-China—A Bakeresete ba Tshwanetse go o Keteka?

Mokete wa Ngwaga o Mosha wa Ba-China—A Bakeresete ba Tshwanetse go o Keteka?

Mokete wa Ngwaga o Mosha wa Ba-China—A Bakeresete ba Tshwanetse go o Keteka?

NGWAGA le ngwaga ka kgwedi ya January kgotsa ya February, batho ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe ba ya kwa Asia. Batho ba le dimilione di le makgolo ba ba tswang kwa Asia ba boela kwa malapeng a bone go ya go keteka Ngwaga o Mosha wa Ba-China. *

Mokete wa Ngwaga o Mosha wa Ba-China ke wa botlhokwa thata mo khalendareng ya kwa Asia. Mokwadi mongwe wa Moamerika a re mokete ono “o ntse jaaka e kete Letsatsi la Ngwaga o Mosha, Letsatsi la Bonè la July, Letsatsi la Ditebogo (Thanksgiving Day) le la Keresemose, a kopantswe go nna selo se le sengwe.” Mokete ono o simolola mo letsatsing la ntlha la ngwedi o mosha mo khalendareng ya China kgotsa fa gare ga January 21 le February 20 mo dikhalendareng tsa kwa Bophirima. O ketekwa malatsi a le mmalwa go ya go dibeke di le pedi.

Boikaelelo jo bogolo jwa go keteka Ngwaga o Mosha ke go simolola dilo sesha, go tswala ngwaga o o fetileng le go amogela o mosha. Go ipaakanyetsa mokete ono, batho ba phepafatsa matlo a bone le go a kgabisa, ba reka diaparo tse disha, ba apaya dijo tse di bidiwang ka maina a a tsamaisanang le “letlhogonolo” kgotsa “katlego,” ba duela dikoloto tsa bone le go rarabolola dikgotlhang tse ba ka tswang ba na le tsone le ba bangwe. Ka Letsatsi la Ngwaga o Mosha, ba ka nna ba abelana dimpho le go eleletsana dilo tse di molemo, tse gantsi e leng go huma le go atlega, go ntshiwa diphuthelwana tse dikhibidu tse go tweng di na le madi a a leretseng batho masego, go jewa dijo tse di kgethegileng, go thuntshiwa dikerikete, go lebiwa metantsho e e farologaneng ya batho ba apere diaparo tse di dirilweng ka setshwantsho sa kgogela kgotsa sa tau kgotsa go itumelelwa malatsi a boikhutso le ba malapa le ditsala.

Meetlo eno e na le bokao jo bogolo tota. Buka ya Mooncakes and Hungry Ghosts: Festivals of China ya re: “Selo se ba malapa, ditsala le ba masika ba tshwenyegileng thata ka sone ke go tlhomamisa gore batho ba a tlhogonolofala, go tlotla medimo le meya le go eleletsana masego a ngwaga o mosha.” E re ka go dirwa dilo tse dintsi tse di amanang le ngwao le bodumedi, Bakeresete ba tshwanetse go leba jang mokete ono? A ba tshwanetse go o keteka fela ka gonne o tlwaelegile?

‘Itse Kwa o Simologileng Gone’

Seane se se itsegeng sa Se-China sa re: “Pele o nwa metsi, itse kwa a tswang gone.” Seno se bontsha kafa batho ba le bantsi ba kwa Asia ba tlotlang batsadi le bagologolwane ba bone thata ka gone. Karolo e e botlhokwa thata ya mokete ono ke ya gore bana ba bontshe gore ba tlotla batsadi ba bone ka gonne ke bone ba dirileng gore ba nne teng.

Letsatsi le malapa a le mantsi kwa Asia a le ratang thata ke le le tlang pele ga Ngwaga o Mosha. Mo bosigong jwa letsatsi leo, malapa a le mantsi a kopana mmogo go tla go ja dijo tse di monate. Eno ke nako e malapa a kopanang ka yone mo e leng gore batho ba kwa nageng eo ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba se fetwe ke nako eo. Go dikologa tafole, go na le ditulo tse di sa beelwang fela maloko a lelapa a a leng gone mme le ba ba tlhokafetseng, ba go dumelwang gore meya ya bone e teng moo. Buka nngwe ya tshedimosetso ya re fa go jewa, “ba lelapa ba buisana le bagologolwane ba bone ba ba tlhokafetseng.” Buka e nngwe ya ditshupiso yone ya re: “E re ka kamano e e leng teng fa gare ga ba ba tshelang le ba ba suleng e tsosolosiwa, bagologolwane ba tla sireletsa lelapa leo ngwaga otlhe.” Bakeresete ba tshwanetse go leba jang ngwao eno?

Go botlhokwa gore Bakeresete le bone ba rate batsadi ba bone le go ba tlotla. Ba ikobela taelo eno ya Modimo: “Reetsa rrago yo o dirileng gore o tsholwe, mme o se ka wa nyatsa mmago fela ka gonne a tsofetse.” (Diane 23:22) Gape ba ikobela taelo eno ya Baebele: “‘Tlotla rrago le mmago’; se e leng taelo ya ntlha e e nang le tsholofetso: ‘Gore dilo di go tsamaele sentle le gore o tle o tshele nako e telele mo lefatsheng.’” (Baefeso 6:2, 3) Ee, Bakeresete ba boammaaruri ba batla go rata batsadi ba bone le go ba tlotla!

Gape Baebele e bua sentle ka dikokoano tsa lelapa tse di agang. (Jobe 1:4; Luke 15:22-24) Le fa go ntse jalo, Jehofa o laela jaana: “Ga go a tshwanela go nna le ope mo go lona yo o . . . buisanang le badimo le meya, kgotsa yo o buang le batho ba ba suleng.” (Duteronome 18:10, 11, The Jerusalem Bible) Ke eng fa Jehofa a ne a dira thibelo eno? Ka gonne Baebele e tlhalosa boemo jwa mmatota jwa baswi. Ya re: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” E re ka baswi ba sa itse sepe, ba ka se nne le seabe mo dilong tse di dirwang ke batho ba ba tshelang; e bile ba ka se kgone go re thusa kgotsa go re utlwisa botlhoko. (Moreri 9:5, 6, 10) Morwa Modimo e bong Jesu Keresete o ne a tshwantsha loso le boroko jo bogolo, mme batho ba ba suleng ba tla tsoga mo borokong jono fela ka nako ya tsogo ya baswi e e tlang.—Johane 5:28, 29; 11:11, 14.

Mo godimo ga moo, Baebele e bontsha gore “badimo” le “meya” ya batho ba ba suleng totatota ke dibopiwa tse di boikepo tsa semoya tse di itirang batho ba ba suleng. Boikaelelo jwa bone ke bofe? Ke go tsietsa batho le go ba laola ka tsela e e bosula! (2 Bathesalonika 2:9, 10) Ruri ditaelo tsa Modimo di re sireletsa gore re se ka ra utlwisiwa botlhoko. E re ka Bakeresete ba rata Jehofa e bile ba eletsa go nna ba sireletsegile, ka botlhale ba tila dingwao dipe fela tse di amanang le kobamelo ya “meya” kgotsa tse di amanang le go batla tshireletso mo go yone.—Isaia 8:19, 20; 1 Bakorintha 10:20-22.

Gape Bakeresete ba batla go tlotla ‘Rara, yo lelapa lengwe le lengwe kwa legodimong le mo lefatsheng le bidiwang ka ene.’ (Baefeso 3:14, 15) Rara yono ke mang? Ke Mmopi wa rona le Moneibotshelo e bong Jehofa Modimo. (Ditiro 17:26) Ka jalo, fa re akanya ka dingwao tse di amanang le Ngwaga o Mosha wa Ba-China, re tshwanetse go ipotsa jaana: Jehofa o leba jang dingwao tseno? A o a di amogela?—1 Johane 5:3.

Go Tlotla Medimo ya mo Ntlong

Mekete ya Ngwaga o Mosha wa Ba-China e akaretsa meetlo e le mentsi e e itsegeng thata ya go tlotla medimo le medingwana e mentsi ya mo ntlong, e e jaaka modimo wa kgoro, modimo wa lefatshe kgotsa moya wa motlhokomedi, modimo wa khumo le matlhogonolo le modimo wa kitšhini kgotsa wa setofo. Ela tlhoko ngwao eno ya go tlotla modimo wa kitšhini. * Go dumelwa gore malatsi a le mmalwa pele ga Ngwaga o Mosha, modimo yono o tsaya loeto go ya kwa legodimong go isa pego ya lelapa kwa go Mmusimogolo Jade, e leng modimo yo mogolo go feta medimo yotlhe ya China. E re ka lelapa le solofetse gore modimo yono o tla isa pego e e itumedisang, ba mo naya dijo tse di kgethegileng le ditshupelo tsa dimonamone le dikuku tse di botshe. Gore modimo yono a goroge ka bonako kwa a yang gone, lelapa le ntsha setshwantsho sa gagwe, ka dinako dingwe ba tshasa dipounama tsa sone ka dimonamone, go tswa foo ba bo ba se fisa kwa ntle. Letsatsi pele ga Ngwaga o Mosha, ba baya setshwantsho se sesha sa modimo yono mo godimo ga setofo se se mo kitšhining, ba mo laletsa gore a boele mo ntlong mo ngwageng o mosha o o latelang.

Le fa bontsi jwa dingwao tseno di ka tswa di lebega di se phoso, Bakeresete ba batla go latela kaelo ya Lefoko la Modimo mo kgannyeng ya kobamelo. Jesu Keresete o ne a bua jaana malebana le kgang eno: “Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.” (Mathaio 4:10) Eleruri Modimo o batla gore re obamele ene fela. Ka ntlha yang? Akanya ka seno: Jehofa ke Rraarona yo o kwa legodimong. Rre o ne a ka ikutlwa jang fa ngwana wa gagwe a ne a sa mo reetse go na le moo a reetsa rre yo mongwe? A o ne a ka se utlwe botlhoko thata?

Jesu o ne a itse gore Rraagwe yo o kwa legodimong ke ene fela “Modimo yo o esi wa boammaaruri,” mme Jehofa o ne a bolelela baobamedi ba gagwe ka tlhamalalo gore ba ne ba sa tshwanela go “nna le medimo epe e sele” ntle le ene. (Johane 17:3; Ekesodo 20:3) Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba batla go itumedisa Jehofa, e seng go mo swabisa kgotsa go mo utlwisa botlhoko ka go direla medimo e mengwe.—1 Bakorintha 8:4-6.

Tumelobotlhodi le Tirisabadimo

Ngwaga o Mosha wa Ba-China o amanngwa thata le tepodinaledi. Mo khalendareng ya Ba-China, ngwaga mongwe le mongwe o bidiwa ka leina la nngwe ya diphologolo tse 12 tse di mo tšhateng ya dinaledi ya Se-China—kgogela, nkwe, tshwene, mmutla le tse dingwe. Go bolelwa fa phologolo e tlhalosa botho le boitshwaro jwa batho ba ba tshotsweng mo ngwageng oo kgotsa e bontsha gore sengwe le sengwe se ba batlang go se dira mo ngwageng oo se tla atlega. Dingwao tse dintsi tsa Ngwaga o Mosha wa Ba-China, go akaretsa go tlotla modimo wa khumo kgotsa wa letlhogonolo, di diretswe go dira gore motho a nne “lesego.” Bakeresete ba tshwanetse go leba jang dingwao tseno?

Mo Lefokong la Modimo e leng Baebele, Jehofa o ne a kgala “baobamedi ba magodimo, ba ba lebang dinaledi, ba ba nayang kitso ka bongwedi ba basha malebana le dilo tse di tla [ba] diragalelang.” Gape o ne a kgala le kobamelo ya “modimo wa Masego” le “modimo wa Bokamoso.” (Isaia 47:13; 65:11, 12) Go na le gore baobamedi ba boammaaruri ba ikanye masaitsiweng mangwe kgotsa tlhotlheletso nngwe e e sa bonaleng e e amanang le lefelo la semoya kgotsa dinaledi, ba bolelelwa jaana: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” (Diane 3:5, 6) Ee, tumelobotlhodi e dira gore batho e nne makgoba, mme Baebele yone e a ba golola.—Johane 8:32.

Bontsha Gore o Rata Modimo

Go itse fela gore dingwao le ditumelo tsa mekete ya Ngwaga o Mosha wa Ba-China di simologile kae ga go a lekana; o tshwanetse go dira tshwetso ya gore a o tla nna le seabe mo go tsone kana jang. Fa e le gore o nna mo lefelong le batho ba lone ba tlwaetseng go keteka moletlo wa ngwaga le ngwaga wa Ngwaga o Mosha wa Ba-China kgotsa lelapa la gaeno le tlwaetse go keteka mekete ya Ngwaga o Mosha, o tshwanetse go dira tshwetso e e boima tota.

Ke boammaaruri gore o tshwanetse go nna pelokgale le go ema o nitame fa o gatelelwa. Mosadi mongwe wa Mokeresete yo o nnang kwa Asia a re: “Ke ne ke boifa tota ka gonne batho botlhe ba ke neng ke tshela le bone ba ne ba keteka moletlo wa Ngwaga o Mosha, mme nna ke sa o keteke.” Ke eng se se ileng sa mo thusa? “Ke ne ka kgona go nna ke nitame ka ntlha ya go rata Jehofa ka lorato lo logolo.”—Mathaio 10:32-38.

A le wena o rata Jehofa ka lorato lo logolo jalo? O na le mabaka a le mantsi a go mo rata. Ga o a newa botshelo ke modimo mongwe wa masaitsiweng mme o bo neilwe ke Jehofa Modimo, yo Baebele e buang jaana ka ene: “O na le motswedi wa botshelo; re kgona go bona lesedi ka lesedi le le tswang mo go wena.” (Pesalema 36:9) Jehofa ke ene a go tlhokomelang le go dira gore o itumelele botshelo, e seng modimo mongwe wa letlhogonolo kgotsa modimo wa kitšhini. (Ditiro 14:17; 17:28) A le wena o tla mo rata? O ka tlhomamisega gore fa o rata Jehofa, o tla go segofatsa fela thata.—Mareko 10:29, 30.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Gape mokete ono o bidiwa Lunar New Year, Mokete wa Dikgakologo, Chun Jie (kwa China), Tet (kwa Vietnam), Solnal (kwa Korea) kgotsa Losar (kwa Tibet).

^ ser. 14 Dingwao tse go buiwang ka tsone mo setlhogong seno di farologane go ralala Asia yotlhe mme di theilwe mo dikgopolong tse di tlwaelegileng tsa kwa tshimologong. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona makasine wa Tsogang! ya December 22, 1986, tsebe 20-21 le Tsogang! ya January 8, 1970, tsebe 9-11 (ka Seesemane).

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]

Go Tlhomamisetsa Ditsala le ba Losika Gore O a Ba Rata

Ke boammaaruri gore fa leloko lengwe la lelapa le sa tlhole le keteka moletlo wa Ngwaga o Mosha wa Ba-China, ba masika le ditsala ba ka nna ba gakgamala fela thata. Ba ka nna ba tenega, ba utlwa botlhoko kgotsa ba nna le boikutlo jwa gore o ba tlhanogetse. Le fa go ntse jalo, go na le dilo di le dintsi tse di ka dirwang gore o nne le kamano e e itumedisang le ba lelapa. Ela tlhoko dikakgelo tseno tse di builweng ke Bakeresete ba ba nnang mo dinageng tse di farologaneng tsa Asia:

Jiang: “Nakonyana pele ga Ngwaga o Mosha, ke ne ka etela ba losika mme ka botlhale ka ba tlhalosetsa lebaka la go bo ke sa tlhole ke tla nna le seabe mo dingwaong dingwe tse di tlwaelegileng. Ke ne ka nna kelotlhoko gore ke se ka ka nyatsa dilo tse ba di dumelang mme ka araba dipotso tsa bone ka tlotlo ke dirisa Baebele. Seno se ile sa dira gore re nne le metlotlo e e molemo ya dilo tsa semoya.”

Li: “Pele ga Ngwaga o Mosha wa Ba-China, ka botlhale le ka tlotlo ke ne ka bolelela monna wa me gore ke tshwanetse go reetsa segakolodi sa me gore ke nne ke itumetse. Gape ke ne ka mo solofetsa gore nka se mo tlhabise ditlhong fa re etetse ba lelapa la gaabo ka nako ya malatsi a boikhutso. Ke ne ka gakgamadiwa ke gore ka letsatsi lengwe fa ba lelapa la gaabo ba ne ba obamela bagologolwane ba bone, o ne a nkisa kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa lefelong lengwe.”

Xie: “Ke ne ka tlhomamisetsa ba lelapa la gaetsho gore ke a ba rata mme ka ba bolelela gore tumelo ya me e tla ntira motho yo o botoka. Go tswa foo, ke ne ka leka ka natla go bontsha dinonofo tsa Bokeresete tse di jaaka go nna bonolo, go akanyetsa maikutlo a ba bangwe le go nna lorato. Fa nako e ntse e tsamaya, ba ne ba tlotla bodumedi jwa me. Moragonyana monna wa me o ne a ithuta Baebele mme le ene a nna Mokeresete wa boammaaruri.”

Min: “Ke ne ka bua ka bonolo le ka tlotlo le batsadi ba me. Go na le gore ke ba eleletse ‘matlhogonolo,’ ke ne ka ba bolelela gore ke ba rapelela mo Mmoping wa rona, Jehofa, gore a ba segofatse le go ba bontsha tsela ya go bona kagiso le boitumelo.”

Fuong: “Ke ne ka bolelela batsadi ba me gore ga ke tlhoke go leta go fitlha ka nako ya Ngwaga o Mosha gore ke etele ba lelapa la gaetsho. Ke ne ke ba etela gangwe le gape. Seno se ne sa ba itumedisa fela thata, mme ba tlogela go ntshwayatshwaya diphoso. Nnake le ene o ne a simolola go kgatlhegela go ithuta boammaaruri jo bo mo Baebeleng.”

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 20]

Panorama Stock/age Fotostock