Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tota o Dumela Gore Diabolo o Teng?

A Tota o Dumela Gore Diabolo o Teng?

A Tota o Dumela Gore Diabolo o Teng?

DIKWALO di tlhalosa gore Diabolo ke motho wa mmatota. Batho ga ba kgone go mmona fela jaaka ba sa kgone go bona Modimo. Baebele ya re: “Modimo ke Moya.” (Johane 4:24) Diabolo ke sebopiwa sa moya. Le fa go ntse jalo, go farologana le Mmopi, Diabolo ene o na le tshimologo.

Bogologolo pele ga Jehofa Modimo a bopa batho, o ne a bopa dibopiwa tse dintsintsi tsa moya. (Jobe 38:4, 7) Mo Baebeleng meya eno e bidiwa baengele. (Bahebera 1:13, 14) Modimo o ne a ba bopa ba itekanetse botlhe—ga go na ope wa bone yo e neng e le diabolo kana a na le mokgwa o o bosula. Ka jalo, go tlile jang gore Diabolo a nne teng? Mo dipuong tsa ntlhantlha tsa Baebele, lefoko “diabolo” le raya “motho yo o senyang ba bangwe leina” mme ka jalo le raya motho yo o buang maaka a a maswe ka batho ba bangwe. “Satane” o raya “Moganetsi.” Fela jaaka motho yo pele a neng a ikanyega a itira legodu ka go utswa, mongwe wa barwa ba Modimo ba moya yo o itekanetseng o ne a diragatsa keletso e e sa siamang mme a itira Satane Diabolo. Baebele e tlhalosa jaana kafa motho a ka itirang motho yo o bosula ka teng: “Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe. Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo; boleo le jone, fa bo sena go diragadiwa, bo tsala loso.”—Jakobe 1:14, 15.

Go diregile fela jalo. Fa Jehofa Modimo a ne a bopa batho ba ntlha ba babedi, Adame le Efa, moengele yo o neng a tlile go tsuologela Modimo o ne a lebile. O ne a itse gore Jehofa o ne a laetse Adame le Efa gore ba tlatse lefatshe ka batho ba ba siameng, ba ba neng ba tla obamela Mmopi. (Genesise 1:28) Moengele yono o ne a lemoga gore go ne go ka direga gore a newe tlotlo le go tsewa a le botlhokwa. Ka gonne a ne a tlhotlhelediwa ke bopelotshetlha, o ne a eletsa sengwe se se tshwanetseng Mmopi fela—go obamelwa ke batho. Go na le gore a kgaphele keletso eno e e sa siamang kwa thoko, morwa yono wa Modimo wa moya o ne a tswelela pele a na le keletso eo go fitlha e dira gore a bue maaka mme a tsuologe. Sekaseka ka kelotlhoko se a neng a se dira.

Moengele wa setsuolodi o ne a dirisa noga go bua le mosadi wa ntlha, Efa. Noga e ne ya botsa Efa jaana: “A tota go ntse jalo gore Modimo o rile lo se ka lwa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana?” Fa Efa a ne a tlhalosa taelo ya Modimo le kotlhao e ba tla e bonang fa ba sa e ikobele, noga e ne ya re: “Ruri ga lo kitla lo swa. Gonne Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo go sone [setlhare se se mo gare ga tshingwana] ka lone ruri matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.” (Genesise 3:1-5) Mafoko ao a ne a raya gore Modimo o ne a sa bolelela Adame le Efa boammaaruri. Go ne go twe fa Efa a ka ja leungo la setlhare seo o tla tshwana le Modimo, a kgona go dira tshwetso ya se se molemo le se se bosula. Ao e ne e le one a maaka a ntlha a a kileng a buiwa. Go a bua go ne ga dira moengele yoo motho yo o senyang batho leina. Gape o ne a nna moganetsi wa Modimo. Ka jalo Baebele e bitsa mmaba yono wa Modimo e re ke “noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane.”—Tshenolo 12:9.

“Disang”

Maaka a Diabolo a neng a a bolelela Efa a ne a atlega fela jaaka a ne a batla. Baebele ya re: “Ka gone mosadi a bona fa setlhare se le molemo go ka jewa le gore e ne e le selo se se eletsegang mo matlhong, ee, setlhare se ne se eletsega go lejwa. Ka jalo a tsaya leungo la sone mme a le ja. Morago ga moo a le naya le monna wa gagwe fa a ne a na le ene mme a le ja.” (Genesise 3:6) Efa o ne a dumela Satane mme a se ka a utlwa Modimo. O ne a kgona go dira gore Adame le ene a se ka a ikobela molao wa Modimo. Diabolo o ne a atlega jalo ka go dira gore banyalani ba ntlha ba tsuologele Modimo. Fa e sa le go tloga ka nako eo, ka tsela e e sa bonaleng, Satane o ntse a tlhotlheletsa dilo tse batho ba di dirang. Maikaelelo a gagwe ke eng? Ke go faposa batho gore ba se ka ba obamela Modimo wa boammaaruri mme ba obamele ene. (Mathaio 4:8, 9) Go a utlwala, he, go bo Dikwalo di tlhagisa jaana: “Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, disang. Mmaba wa lona, Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.”—1 Petere 5:8.

Baebele e bontsha sentle gore Diabolo ke motho wa mmatota wa moya—moengele yo o neng a nna bosula a bo a nna kotsi! Kgato ya ntlha ya botlhokwa e re ka e tsayang gore re nne re disitse ke gore re lemoge gore tota o teng. Mme go nna re thantse le go nna re disitse go akaretsa dilo tse dintsi. Gape go botlhokwa gore re se ka ra tlhoka kitso ka “maano” a ga Satane le mekgwa e a tsietsang batho ka yone. (2 Bakorintha 2:11) Maano a gagwe ke afe? Re ka ema jang re tiile kgatlhanong le one?

Diabolo o Dirisa Sengwe se ka Tlholego Batho ba se Tlhokang

Diabolo ga a bolo go ela batho tlhoko fa e sa le ba bopiwa. O itse mekgwa ya batho—dilo tse ba di tlhokang, dilo tse ba di ratang le dilo tse ba di kgatlhegelang. Satane o itse sentle gore batho ba bopilwe ba tlhoka go obamela mongwe, mme ka botlhajana Diabolo o ne a dirisa boemo jono ka tsela e e sa siamang. Jang? Ka go ruta batho dithuto tsa maaka tsa bodumedi. (Johane 8:44) Dithuto tse dintsi tsa bodumedi ka Modimo di a ganetsana e bile di tlhakanya tlhogo. O akanya gore seno se itumedisa mang? Dithuto tse di ganetsanang di ka se nne boammaaruri tsotlhe. A go ka se direge gore Satane o dirile dithuto tse dintsi tsa bodumedi e bile o di dirisa go tsietsa batho? Tota e bile, Baebele e mmitsa “modimo wa tsamaiso eno ya dilo,” yo o foufaditseng megopolo ya batho.—2 Bakorintha 4:4.

Boammaaruri jwa Modimo ke tshireletso mo dithutong tsa maaka tsa bodumedi. Baebele e tshwantsha boammaaruri jwa Lefoko la Modimo le moitlamo o lesole la bogologolo le neng le ikgatlha ka one go sireletsa lotheka lwa lone. (Baefeso 6:14) Fa o ithuta Baebele o bo o dirisa molaetsa wa yone jaaka e kete o ikgatlhile ka one, Lefoko la Modimo le tla go sireletsa gore o se ka wa tsiediwa ke dithuto tsa maaka le tse di phoso tsa bodumedi.

Keletso e batho ba nang le yone ya go obamela mongwe e dirile gore ba batle go itse masaitsiweng. Seno se dirile gore Satane a kgone go ba tsietsa ka maano a mangwe gape a tsietso. E re ka batho ba kgatlhegela go itse dilo tse di sa tlwaelegang le tsa masaitsiweng, Satane o dirisa bodimona go laola batho ba bantsi. Jaaka motsomi a dirisa sengwe go gogela se a se tsomang mo seraing, Satane o dirisa maano a a tshwanang le go bolelelapele isagwe, bolepadinaledi, go tshereanya, boloi, go laola ka meralo ya seatla, le maselamose go gogela le go tshwara batho mo lefatsheng lotlhe.—Lefitiko 19:31; Pesalema 119:110.

O ka itshireletsa jang gore o se ka wa raelwa ke bodimona? Duteronome 18:10-12 ya re: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope yo o ralatsang morwawe kgotsa morwadie molelo, ope yo o dirisang boitseanape, yo o dirang maselamose kgotsa ope yo o batlang ditshupo dipe kgotsa moloi, kgotsa yo o dirisang lefoko la maselamose go kolopa ba bangwe kgotsa ope yo o lopang kgakololo mo go yo o buang le meya kgotsa yo o dirang tiro ya go bolelela ditiragalo pele kgotsa ope yo o botsang baswi. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang dilo tseno o makgapha mo go Jehofa, mme Jehofa Modimo wa gago o ba leleka fa pele ga gago ka ntlha ya dilo tse di makgapha tseno.”

Kgakololo ya Dikwalo e tlhamaletse: O se ka wa ikamanya ka gope le bodimona. O ka dirang fa e le gore o ntse o dirisa mofuta mongwe wa bodimona mme jaanong o batla go o tlogela? O ka latela sekao sa Bakeresete ba bogologolo kwa motseng wa Efeso. Fa ba ne ba amogela “lefoko la ga Jehofa,” Baebele ya re “ba le bantsi thata ba bao ba neng ba dira ditiro tsa maselamose ba ne ba phutha dibuka tsa bone ba bo ba di ja ka molelo fa pele ga mongwe le mongwe.” Dibuka tseo di ne di tura. Di ne di ja dipapetlana tsa selefera di le 50 000. (Ditiro 19:19, 20) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba kwa Efeso ga ba ka ba okaoka go di senya.

Satane o Dirisa Makoa a Batho

Moengele yo o itekanetseng o ne a nna Satane Diabolo ka gonne o ne a ineela mo keletsong ya go itlotlomatsa. Gape o ne a tsosa mo go Efa keletso ya boikgogomoso ya bopelotshetlha ya go batla go tshwana le Modimo. Gompieno Satane o laola batho ba bantsi ka go dira gore ba nne le maikutlo a boikgogomoso. Ka sekai, batho bangwe ba akanya gore morafe, lotso kana setšhaba sa gabone se botoka go feta tsa ba bangwe. Mme seo se fapaane thata le se Baebele e se rutang! (Ditiro 10:34, 35) Baebele e bua jaana ka tlhamalalo: “[Modimo] o dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe.”—Ditiro 17:26.

Go nna boikokobetso ke gone go ka re thusang go emelana le maiteko a ga Satane a go dira gore re ikgantshe. Baebele e re gakolola gore re ‘se ka ra ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone.’ (Baroma 12:3) Ya re: “Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa ba tshwanelang.” (Jakobe 4:6) Tsela e e ka go thusang go emelana le maiteko a ga Satane ke go nna boikokobetso mo botshelong jwa gago le go nna le dinonofo tse dingwe tse Modimo a di amogelang.

Diabolo gape o batla go dirisa bokoa jo batho ba nang le jone jwa go ineela mo dikeletsong tsa senama tse di sa tshwanelang. Jehofa Modimo o ne a batla gore batho ba itumelele botshelo. Fa dikeletso di kgotsofadiwa go ya ka tsela e Modimo a reng e siame, seno se felela ka boitumelo jwa mmatota. Mme Satane o raela batho gore ba kgotsofatse dikeletso tsa bone ka go dira boitsholo jo bo sa siamang. (1 Bakorintha 6:9, 10) Go botoka go tlhoma mogopolo mo dilong tse di itshekileng le tse di molemo. (Bafilipi 4:8) Seno se tla go thusa gore o laole dikakanyo le maikutlo a gago tota.

Tswelela o Ganetsa Diabolo

A o ka atlega go ganetsa Diabolo? Ee, o ka kgona. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.” (Jakobe 4:7) Le fa o ganetsa Satane, ga a na go itlhoboga ka bonako a bo a tlogela go go tshwenya fa o ntse o ithuta ka Modimo. Nnyaa, Diabolo o tla leka gape ka “nako e nngwe e e mo siametseng.” (Luke 4:13) Le fa go ntse jalo, ga o a tshwanela go tshaba Diabolo. Fa o tswelela o mo ganetsa, a ka se kgone go go faposa mo Modimong wa boammaaruri.

Le fa go ntse jalo, gore o kgone go ganetsa Diabolo go tlhokega gore o itse gore ke mang le gore o tsietsa batho jang le kafa o ka itshireletsang ka teng mo maanong a gagwe. Go na le motswedi o le mongwe fela wa boammaaruri o o ka go nayang kitso eo—Lefoko la Modimo, Baebele. Ka jalo ititeye sehuba gore o tla ithuta Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng, mme o dirise se o se ithutang mo go tsone mo botshelong jwa gago. Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong le o nnang mo go lone ba tla itumelela go go thusa mahala ka go ithuta le wena ka nako e e go siametseng. Tsweetswee o se ka wa ipona tsapa go ikgolaganya le bone kana go kwalela bagatisi ba makasine ono.

Jaaka fa o tla bo o ithuta Baebele, o tshwanetse go lemoga gore Satane o ka nna a dirisa kganetso le pogiso go dira gore o tlogele go ithuta boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Bangwe ba baratiwa ba gago ba ka nna ba go galefela ka gonne o ithuta Baebele. Ba ka nna ba dira jalo ka gonne ba sa itse dithuto tse di molemolemo tse di mo Baebeleng. Ba bangwe ba ka nna ba go ja ditshego. Mme a go ineela mo dikgatelelong tseo ruri go ka itumedisa Modimo? Diabolo o batla go go kgoba marapo gore o tlogele go ithuta ka Modimo wa boammaaruri. O se ka wa letla Satane gore a fenye. (Mathaio 10:34-39) Ga o mo kolote sepe. Mme o kolota Jehofa botshelo jwa gago. Ka jalo, ititeye sehuba go ganetsa Diabolo le go ‘ipedisa pelo ya ga Jehofa.’—Diane 27:11.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Ba ba neng ba nna Bakeresete ba ne ba fisa dibuka tsa bone tsa bodimona

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ititeye sehuba gore o ithute Baebele