Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Intsha Setlhabelo go re Leretse Masego a ga Jehofa

Go Intsha Setlhabelo go re Leretse Masego a ga Jehofa

“Thuso Ya me E Tswa Kwa go Jehofa”

Go Intsha Setlhabelo go re Leretse Masego a ga Jehofa

MONNA mongwe o tsamaya ka baesekele mo gare ga sekgwa sa Cameroon. O tsamaya diura di le dintsi mo ditseleng tse di tletseng metsi a merwalela le mo diretseng, a ntse a lebana le dikotsi e le gore a ye go nonotsha ba bangwe. Bakaulengwe bangwe ba kwa Zimbabwe ba tsamaya dikilometara di le 15, ba kgabaganya dinoka tse di tletseng thata ba rwele diaparo tsa bone le ditlhako mo tlhogong gore di se ka tsa koloba e le gore ba ye go ruta batho ba setlhopha sengwe se se kwa thoko. Kwa nageng e nngwe, mosadi mongwe o tsoga ka ura ya bonè mo mosong gore a etele mooki mongwe yo o kgonang go bona ura e le nngwe fela ya go ithuta Baebele mo mosong.

Dikai tseno tse tharo tsa batho ba ba dirang maiteko a a kanakana di tshwana ka eng? Botlhe ke badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba ba tshwaregileng ka tiro ya go ruta batho boammaaruri jwa Baebele. Ba akaretsa babulatsela ba ka metlha le ba ba kgethegileng, barongwa, balebedi ba ba etang le diketekete tsa baithaopi ba ba nnang kwa magaeng a Bethele lefatshe ka bophara. Mme sengwe se re ba itseng ka sone ke moya wa bone wa go intsha setlhabelo. *

Ba Dira ka Boitlhomo jo bo Siameng

Basupi ba ga Jehofa ba utlwa kgakololo eno e moaposetoloi Paulo a neng a e neela Timotheo: “Dira bojotlhe jwa gago go itlhagisa o amogelwa ke Modimo, modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong, o tshwere lefoko la boammaaruri sentle.” (2 Timotheo 2:15) Mme gone ke eng se se tlhotlheletsang Basupi ba le makgolo a le diketekete gore ba nne badiredi ba nako e e tletseng?

Fa badiredi ba nako e e tletseng ba bodiwa gore ke eng se se dirang gore ba dire ka natla mo tirelong ya ga Jehofa, ba araba ka gore ke lorato lo ba ratang Modimo le batho ba bangwe ka lone. (Mathaio 22:37-39) Seno se a tshwanela ka gonne go sa kgathalesege gore ba dira ka natla go le kae, fa ba se na lorato, maiteko a bone e ne e tla nna a lefela.—1 Bakorintha 13:1-3.

Tiro ya go Intsha Setlhabelo

Bakeresete botlhe ba ba ineetseng ba amogetse taletso eno ya ga Jesu: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso mme a ntshale morago a sa kgaotse.” (Mathaio 16:24) Go iitatola go raya go ineela ka go rata gore re nne batho ba ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete le go kaelwa ke bone. Mo go ba le bantsi, seno se dirile gore ba intshe setlhabelo mo bodireding jwa nako e e tletseng.

Basupi ba le bantsi ba leka ka natla gore ba atolose tsela e ba direlang Jehofa ka yone. Akanya ka Júlia yo o nang le dingwaga di le 56 yo e leng mmulatsela wa ka metlha yo o nnang kwa São Paulo, kwa Brazil. O bolela jaana: “Mokaulengwe mongwe wa Mo-China o ne a founa mme a mpotsa gore a nka rata go ithuta puo ya Se-China. E re ka ke setse ke godile, ke ne ke ise ke akanyetse go ithuta puo e ntšha. Le fa go ntse jalo, morago ga malatsi a se kae ke ne ka amogela kgwetlho eo. Gompieno ke kgona go buisana le batho ka Dikwalo ka puo ya Se-China.”

Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Peru e bega jaana: “Mo dingwageng tsa bosheng jaana, babulatsela ba ka metlha ba le makgolokgolo ba fudugetse kwa ditshimong tse di sa abiwang e le go bontsha moya wa bopelokgale le wa go intsha setlhabelo. Ba fudugela kwa ditoropong tse di kgakala kwa maemo a teng a botshelo a leng kwa tlase thata e bile go na le ditshono di le dinnye tsa go bona tiro. Bakaulengwe bano le bokgaitsadi ba ikemiseditse go dira sengwe le sengwe se ba ka se kgonang gore ba nne mo dikabelong tsa bone. Mme sa botlhokwa le go feta, tiro e ba e dirang mo bodireding e lere matswela a a molemo mo mafelong a le mantsi. Balebedi ba ba etang ba bega gore babulatsela bano ba ka metlha ba ba intshang setlhabelo ba thusitse gore go tlhongwe ditlhopha tse disha.”

Bakeresete bangwe ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba thuse badumedi mmogo le bone. (Baroma 16:3, 4) Molebedi mongwe yo o etang yo o kwa lefelong lengwe le le tlhasetsweng ke ntwa kwa Afrika o bega jaana: “Pele re fitlha mo maparegong a bofelo re tswa kwa lefelong le le laolwang ke puso mme re ya kwa go le le neng le laolwa ke dirukhutlhi, nna le mosadi wa me re ne ra dikologwa ke balaodi ba le banè ba masole a dirukhutlhi le badisa ba bone ba ba neng ba batla go itse gore re bomang. Fa ba ntse ba sekaseka dikarata tsa rona tsa boitshupo ba ne ba bona gore re tswa kwa lefelong le le laolwang ke puso, mme seno se ne sa dira gore ba simolole go re belaela. Ba ne ba ntatofatsa ka go re ke setlhola. Ka jalo, ba ne ba swetsa ka gore ba ntatlhele mo teng ga khuti. Ke ne ka ba tlhalosetsa gore re bomang, mme kgabagare ba re golola gore re tsamaye.” Diphuthego tse banyalani bano ba ba intshitseng setlhabelo ba neng ba ya kwa go tsone di ne tsa leboga tota gore ba kgonne go ba etela!

Go sa kgathalesege mathata a ba kopanang le one, badiredi bano ba nako e e tletseng ba ntse ba oketsega lefatshe ka bophara. (Isaia 6:8) Badiri bano ba ba tlhoafetseng ba rata tshiamelo e ba nang le yone ya go direla Jehofa. Ba bangwe ba le dimilione ba le bone ba nang le moya o o tshwanang wa go intsha setlhabelo, ba ntse ba baka Jehofa. Mme ka ntlha ya seo, o ba segofatsa fela thata. (Diane 10:22) E re ka ba tlhomamisegile gore Jehofa o tla nna a ba segofatsa le go ba tshegetsa, badiri bano ba ba dirang ka thata ba na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa mopesalema yo o neng a opela jaana: “Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa.”—Pesalema 121:2.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Bona 2005 Calendar of Jehovah’s Witnesses, November/December.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

“Batho ba gago ba tla ithaopa ka go rata mo letsatsing la mophato wa gago wa sesole.”—PESALEMA 110:3

[Lebokoso mo go tsebe 8]

JEHOFA O RATA BATLHANKA BA GAGWE BA BA INEETSENG

“Nitamang, lo sa tshikhinyege, ka metlha lo na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena, ka lo itse gore tiro ya lona e lo e dirang ka natla ga se ya lefela mo Moreneng.”—1 Bakorintha 15:58.

“Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.”—Bahebera 6:10.