Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dilo Tse di Gakgamatsang Tsa Popo di Tlotlomatsa Jehofa

Dilo Tse di Gakgamatsang Tsa Popo di Tlotlomatsa Jehofa

Dilo Tse di Gakgamatsang Tsa Popo di Tlotlomatsa Jehofa

JEHOFA MODIMO o tlotlometse go feta kafa batho ba ba sa itekanelang ba ka akanyang ka gone. Dilo tse a di bopileng kwa legodimong le mo lefatsheng di dira gore a bakwe mme di re jesa kgakge.—Pesalema 19:1-4.

Jehofa, yo e leng Mmopi le Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe, ruri go botlhokwa gore re mo utlwe fa a bua le rona. Mme re ne re ka gakgamala tota fa a ne a ka bua le rona batho ba e seng ba sepe ba mo lefatsheng! A re re gongwe o bua le wena a dirisa moengele. Ga go pelaelo gore o ne o tla reetsa ka kelotlhoko. Monna yo o siameng, e bong Jobe, o tshwanetse a bo a ne a reeditse ka kelotlhoko dingwaga di le 3 500 tse di fetileng fa Modimo a ne a bua le ene. Re ka ithuta eng mo mafokong a Modimo a neng a a bolelela Jobe malebana le lefatshe le legodimo le re le bonang?

Ke Mang yo o Theileng Lefatshe, Le yo O Laolang Lewatle?

Modimo, a le mo sefefong, o ne a botsa Jobe ka lefatshe le lewatle. (Jobe 38:1-11) Ga go motho ope yo e leng motlhami wa dipolane yo o neng a dira tshwetso ya gore lefatshe le ne le tshwanetse go nna bogolo jo bokae mme a thusa go le bopa. Fa Modimo a ne a bapisa lefatshe le kago o ne a botsa Jobe a re: “Ke mang yo o beileng leje la lone la sekhutlo?” Ga se motho! Bomorwa Modimo ba baengele ba ne ba lebile ka boitumelo fa Jehofa a ntse a bopa polanete eno.

Mo Modimong, lewatle le tshwana le ngwana yo o sa tswang go tsholwa yo ka tsela ya tshwantshetso Modimo a mo apesang diaparo. Le ne “la tswa jaaka e kete le pomponyega go tswa mo sebopelong.” Modimo o beetse lewatle melelwane jaaka e kete ke ka magora a tshipi le ka mejako e e lotletsweng, mme o dirisa ngwedi le letsatsi go laola mo metsi a lewatle a tla felelang teng.

The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Gantsi makhubu a lewatle a bakwa ke phefo, go simolola ka makhujwana go ya go makhubu a magolo a bogodimo jo bo fetang dikgato di le 100 (dimetara di le 30). . . . Fa diphefo di sena go ema, makhubu a tswelela a le teng mme a kgona go tsamaya sekgala se seleele go tloga mo a simologileng teng. A nna magolo e bile a sa tsose modumo. Kgabagare makhubu ano a fitlha mo losing lwa lewatle mo a fitlhang a thubega a bo a itira lefulo.” Lewatle le ikobela taelo ya Modimo: “O ka tla bokgakala jo bo kana, mme e seng go feta; mme bona, makhubu a gago a a tlotlometseng a lekanyeditswe.”

Ke Mang yo o Tlhabisang Letsatsi?

Morago ga moo, Modimo o botsa Jobe ka melemo ya lesedi le ya dilo tse dingwe tse a di bopileng. (Jobe 38:12-18) Ga go motho ope yo o ka kgonang go laola go tlhaba le go phirima ga letsatsi. Ka tsela ya tshwantshetso, tlhabo ya letsatsi mo mosong e tshwara lefatshe ka dintlha tsa lone e bo e le tlhotlhora go ntsha baikepi ba ba mo go lone. Baleofi ba ka dira ditiro tse di sa siamang mo ‘lefifing la maitseboa.’ (Jobe 24:15, 16) Mme masa a phatlalatsa baikepi.

Mo diatleng tsa Modimo, tlhabo ya letsatsi mo mosong e tshwana le letshwao le le gatisang setshwantsho se sentle mo godimo ga lefatshe. Marang a letsatsi a dira gore re kgone go bona mebalabala, mme seo se dira gore go lebege e kete lefatshe le apesitswe ka diaparo tse dintle. Ga go seabe sepe se Jobe a nnileng le sone mo go dirweng ga dilo tseno mme ga a ise a ko a tsamayetsamaye mo lewatleng gore a bone mahumo a a mo go lone. Ruri go fitlha le gompieno babatlisisi ba itse ditshedi di se kae fela tsa mo lewatleng!

Ke Mang yo o Nang le Mabolokelo a Kapoko le Sefako?

Ga go na motho yo o kileng a pata lesedi kana lefifi go ya legaeng la tsone kana yo o kileng a tsena mo polokelong ya kapoko le sefako tse Modimo a di beetseng “letsatsi la tlhabano le ntwa.” (Jobe 38:19-23) Fa Jehofa a ne a nesetsa baba ba gagwe kwa Gibeone sefako, ‘ba ba neng ba bolawa ke sefako ba ne ba le bantsi go feta ba bomorwa Iseraele ba neng ba ba bolaya ka tšhaka.’ (Joshua 10:11) A ka nna a dirisa sefako se segolo thata go nyeletsa batho ba ba boikepo ba ba eteletsweng pele ke Gogo, kana Satane.—Esekiele 38:18, 22.

Ka July 2002, batho ba le 25 ba ne ba bolawa ke sefako se se lekanang le lee, mme sa gobatsa ba bangwe ba le 200 kwa bogareng jwa Kgaolo ya Henan kwa China. Mmetli wa kwa Italy e bong Benvenuto Cellini, o ne a kwala jaana malebana le sefako se se neng sa nna gone ka 1545: “Re ne re le bokgakala jwa sekgala sa letsatsi le le lengwe go tswa kwa Lyons . . . fa re utlwa modumo o mogolo o o thibang ditsebe wa go duma ga maru. . . . Morago ga modumo oo wa maru, go ne ga nna le modumo o mongwe o mogolo le o o tshosang o o neng o tswa kwa legodimong mo ke neng ke akanya gore letsatsi la bofelo le fitlhile; ka jalo ke ne ka emisa pitse ya me ka nakwana fa go simolola go tshologa sefako, mme go se na le fa e le lerothodi la metsi. . . . Ka nako eo sefako sa teng se ne se lekana le disurunamune tse ditona. . . . Sefefo se se bogale se ne sa tswelela se tsubutla ka lobakanyana, mme kgabagare sa emisa . . . Re ne ra bontshana mengapo le mo re neng re dule matsadi teng; mme mo e ka nnang sekgala sa kilometara go tswa mo re neng re le teng re ne ra bona tshenyo e e seng kana ka sepe e se neng se e bakile, e e maswe go feta mo se re tshwaretseng teng. Ditlhare tsotlhe di ne di tlhotlhoregile matlhare mme di ole; diphologolo di ne di lalaane mo nageng di sule; badisa ba le bantsi le bone ba ne ba sule; re ne ra bona makwete a magolo le a mantsi a sefako mo o neng o ka se ka wa kgona go a tshola ka mabogo a mabedi.”—Autobiography (Book II, 50), Harvard Classics, Bolumo 31, ditsebe 352-3.

Go tla diregang fa Jehofa a bula polokelo ya gagwe ya kapoko le sefako gore di wele baba ba gagwe? Ga ba ka ke ba falola fa a dirisa kapoko le sefako go diragatsa thato ya gagwe.

Ke Mang yo o Dirileng Pula, Monyo, Segagane le Kgapetla ya Aese?

Morago ga moo Jehofa o botsa Jobe ka pula, monyo, segagane le dikgapetla tsa aese. (Jobe 38:24-30) Modimo ke ene yo o dirileng pula mme le ‘naga e go se nang motho wa mo lefatsheng mo go yone’ e solegelwa molemo ke pula eno. Pula, dikgapetla tsa aese le segagane ga di a dirwa ke motho e bile ga di a tsalwa ke motho.

Kgatiso ya Nature Bulletin e tlhalosa jaana: “Selo sengwe se se gakgamatsang le se gongwe se tlhaolegang thata [ka dikgapetla tsa aese] ke gore metsi a a kokomoga fa a swa dikgapetla . . . Dikgapetla tse di kokobalang mo mogobeng fa go le mariga di dira gore dijalo le diphologolo tsa mo metsing (tse di jaaka ditlhapi le tse dingwe) di tswelele di tshela kafa tlase ga metsi. Fa . . . metsi a ne a ka ngotlega a bo a nna mannye fa a ntse a swa dikgapetla, dikgapetla tseo di ne di tla imela metsi di bo di nwelela kwa tlase. Go ne go tla nna le dikgapetla tse dingwe gape mo metsing a a fa godimo mo mogobeng go fitlha metsi otlhe mo mogobeng a swa dikgapetla. . . . Mo dikarolong tse di tsididi tsa lefatshe, dinoka, makadiba, matsha tota le mawatle a ne a tla nna a sule dikgapetla.”

A bo re leboga jang ne gore metsi a a mo dinokeng ga a swe dikgapetla otlhe! Mme ruri re itumelela pula le monyo tseno tse di dirilweng ke Jehofa di bo di ntlafatsa dimela tse di mo lefatsheng.

Ke Mang yo o Dirileng Melao ya Magodimo?

Morago ga moo, Modimo o botsa Jobe ka magodimo. (Jobe 38:31-33) Gantsi lesomo la dinaledi la Khima le itsiwe e le Selemela e leng setlhopha sa dinaledi tse dikgolo tse supa le tse dingwe di le mmalwa tse dinnye tse di leng sekgala sa dikilometara di le dibilionebilione go tswa mo letsatsing. Motho ga a ka ke a kgona go “bofa dikgole tsa lesomo la dinaledi la Khima thata,” kana gone go di kopanya mmogo gore e nne lositlha lo le longwe fela lwa dinaledi. Ga go motho ope yo o ka kgonang go “bofolola megala ya lesomo la dinaledi la Kesile” le gantsi le itsiweng e le setlhopha sa dinaledi se se bidiwang Orion. Ga re itse gore lesomo la dinaledi le le bidiwang Masarothe le le le bidiwang Ashe ke afe, mme gone boammaaruri ke gore motho ga a ka ke a kgona go di laola kana go di kaela. Batho ga ba ka ke ba kgona go fetola “melao ya magodimo,” e leng melao e e laolang lobopo.

Modimo o tlhomamisitse melao e e kaelang dibopiwa tsa magodimo, tse di laolang maemo a bosa mo lefatsheng, nako, atemosefere le botshelo ka bojone mo polaneteng eno. Akanya ka letsatsi. The Encyclopedia Americana (ya 1996) e bolela jaana ka lone: “Marang a letsatsi a dira gore go nne le mogote le lesedi mo lefatsheng, a thusa mo go direng gore dijalo di gole, le mo go reng metsi a a leng mo mawatleng le mo mafelong a mangwe a mowafale, a na le seabe mo go direng gore go nne le diphefo mme a thusa gape le ka dilo tse dingwe tse dintsi tse di leng botlhokwa mo ditsheding tse di mo lefatsheng.” Yone buka eo e bolela gore: “Gore re kgone go tlhaloganya tsela e marang a letsatsi a nang le maatla ka yone, re tshwanetse go lemoga gore maatla otlhe a a leng mo diphefong, mo matamong le mo dinokeng le maatla otlhe a re a fitlhelang mo ditukising tsa tlhago tse di jaaka logong, magala le oli ke maatla a a tswang mo letsatsing a a bolokilweng ke polanete e nnye [e leng lefatshe] dikilometara di le dimilione di le 150 go tswa mo letsatsing.”

Ke Mang yo o Tsentseng Botlhale mo Marung?

Jehofa o bolelela Jobe gore a ele tlhoko maru. (Jobe 38:34-38) Motho ga a ka ke a kgona go laela le fa e le leru le le lengwe gore le nne teng mme le ntshe metsi a a leng mo go lone. Le fa go ntse jalo, a bo batho ba ikaegile thata jang ne ka modikologo wa metsi o Mmopi a o tlhodileng!

Modikologo wa metsi ke eng? Buka nngwe e bolela jaana: “Modikologo wa metsi o na le dikgato di le nnè tse di farologaneng e leng: mabolokelo a one, go mowafala ga one, go na ga one jaaka pula, le go elela ga one. Metsi a ka bolokwa ka nakwana mo mmung; mo mawatleng, mo matsheng le mo dinokeng; le mo diaeseng tse dikgolo thata. Mme metsi ao a a tswang mo lefatsheng a a mowafala, a bo a tsidifala e nna maru, mme a boela gape mo lefatsheng e le pula kana kapoko, mme kgabagare a elelela kwa mawatleng kana a nna mouwane gape o o tlhatlogelang kwa godimo. Mo e ka nnang metsi otlhe a a leng teng mo lefatsheng a fetile mo modikologong ono wa metsi gantsintsi.”—Microsoft Encarta Reference Library 2005.

Maru a a tletseng metsi a tshwana le dinkgo tsa metsi tsa legodimo. Fa Jehofa a di sekamisa di ka tsholola pula e ntsi jaana mo lerole lo ka fetogang seretse mme ga bopega le makwete a a magolo thata. Modimo a ka dira gore pula e ne kana a e thibela gore e se ka ya na.—Jakobe 5:17, 18.

Gantsi fa pula e na go nna le dikgadima, mme batho ga ba kgone go dira dikgadima gore ba diragatse thato ya bone. Dikgadima di tlhalosiwa di begela Modimo di re “Ke rona bano!” Compton’s Encyclopedia e bolela jaana: “Dikgadima di dira gore go nne le diphetogo di le dintsi tsa dikhemikale mo loaping. Fa legadima le feta mo moweng, le dira gore go nne le mogote o montsi o o kopanyang naeterojene le okosejene go dira monontsha o o bidiwang naetereite le menontsha e mengwe. Menontsha eno e tshologela mo Lefatsheng fa pula e na. Ka tsela eno, loapi lo kgona go nna lo naya mmu dikotla tse o di tlhokang gore dijalo di gole.” Batho ga ba na kitso e e tletseng ka dikgadima mme Modimo ene o itse gotlhe ka tsone.

Dilo Tse di Gakgamatsang Tsa Popo di Dira Gore Modimo a Bakwe

E le ruri dilo tse di gakgamatsang tsa popo di tlotlomatsa Mmopi wa dilo tsotlhe. (Tshenolo 4:11) Ruri Jobe o tshwanetse a bo a ne a kgatlhilwe thata ke mafoko a Jehofa a neng a a bua ka lefatshe le dibopiwa tseno tsa legodimo tse di mo lefaufaung!

Dilo tse di gakgamatsang tsa popo tse re sa tswang go tlotla ka tsone ga se tsone tsotlhe tse di neng tsa bodiwa le go tlhalosediwa Jobe. Le fa go ntse jalo, tsone tse re di sekasekileng di re tlhotlheletsa go bua jaana: “Bona! Modimo o tlotlometse go feta kafa re ka itseng ka gone.”—Jobe 36:26.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 14]

Snowflake: snowcrystals.net

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Pleiades: NASA, ESA and AURA/Caltech; fish: U.S. Fish & Wildlife Service, Washington, D.C./William W. Hartley