Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Joshua

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Joshua

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Joshua

FA Baiseraele ba thibeletse kwa Dipoeng tsa Moabe ka 1473 B.C.E., ba tshwanetse ba bo ba itumelela go utlwa mafoko ano: “Ipaakanyetseng mefago, ka gonne malatsi a le mararo go tloga jaanong lo tla bo lo kgabaganya Joredane eno gore lo tsene lo rue lefatshe le Jehofa Modimo wa lona a le lo nayang gore lo le rue.” (Joshua 1:11) Dingwaga di le 40 tse ba di feditseng e le bajaki mo nageng di tloga di fela.

Mo e ka nnang dingwaga di feta di le 20 moragonyana, moeteledipele Joshua o ema mo gare ga naga ya Kanana a bo a raya banna ba bagolwane ba Iseraele a re: “Bonang, ke lo abetse ditšhaba tseno ka bola tse di setseng go nna boswa jwa ditso tsa lona, le ditšhaba tsotlhe tse ke di fedisitseng, go simolola kwa Joredane go ya Lewatleng le Legolo kwa bophirimatsatsi. Mme Jehofa Modimo wa lona ke ene yo o neng a nna a ba kgorometsa a ba ntsha fa pele ga lona, mme a ba gapela thuo ka ntlha ya lona, mme lo ne lwa rua lefatshe la bone, fela jaaka Jehofa Modimo wa lona a ne a lo solofeditse.”—Joshua 23:4, 5.

Buka ya Joshua e kwadilwe ke Joshua ka 1450 B.C.E., mme ke buka e e nang le pego e e kgatlhang tota ya dilo tse di neng tsa direga mo dingwageng tseo tse 22. Jaaka re setse re le gaufi le go tsena mo lefatsheng le lesha le re le solofeditsweng, seemo sa rona se tshwana le sa Baiseraele ba ba neng ba ipaakanyetsa go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Ka jalo, a re sekasekeng buka ya Joshua ka kgatlhego e kgolo.—Bahebera 4:12.

KWA “MABALENG A A SEKAKA A JERIKO”

(Joshua 1:1–5:15)

A bo Joshua a fiwa kabelo ya botlhokwa jang ne fa Jehofa a mo raya a re: “Moshe motlhanka wa me o sule; mme jaanong nanoga, kgabaganya Joredane eno, wena le setšhaba seno sotlhe, o tsene mo lefatsheng le ke le ba nayang, e bong bomorwa Iseraele”! (Joshua 1:2) Joshua o tshwanetse go etelela pele setšhaba sa batho ba le dimilione di le mmalwa go ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. O ipaakanyetsa seno ka go romela ditlhola tse pedi kwa Jeriko—motse o o tshwanetseng go nna wa ntlha go fenngwa. Mosadi mongwe wa seaka e bong Rahabe o nna kwa motseng ono, mme o kile a utlwa ka ditiro tse di maatla tse Jehofa a di diretseng batho ba gagwe. O sireletsa ditlhola le go di thusa, mme ditlhola tsone di mo solofetsa gore o tla bolokwa.

Fa ditlhola tseno di boa, Joshua le setšhaba ba siametse go kgabaganya Joredane. Le fa noka eno e tletse thata, ga e ba kgoreletse ka gonne Jehofa o dira gore metsi a a kwa ntlheng e nngwe a ipope go nna letamo mme a a kwa ntlheng e nngwe a tshelegele mo Lewatleng le le Suleng. Fa Baiseraele ba sena go kgabaganya Joredane, ba thibelela kwa Gilegala, gaufi le Jeriko. Malatsi a le manè morago ga moo, mo maitseboeng a letsatsi la bo14 la kgwedi ya Abibe, ba tshwara moletlo wa Tlolaganyo kwa mabaleng a a sekaka a Jeriko. (Joshua 5:10) Mo letsatsing le le latelang, ba simolola go ja mangwe a maungo a lefatshe, mme ga ba na go tlhola ba tlamelwa ka mana. Mo nakong eno, Joshua o rupisa banna botlhe ba ba tsholetsweng mo nageng.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

2:4, 5Ke eng fa Rahabe a latlha banna ba kgosi ba ba batlang ditlhola? Rahabe o sireletsa ditlhola ka go tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing, ka gonne o setse a na le tumelo mo go Jehofa. Ka gone, ga a patelesege go bolelela banna ba ba batlang go gobatsa batho ba Modimo gore ditlhola tseno di kae. (Mathaio 7:6; 21:23-27; Johane 7:3-10) Tota e bile, Rahabe o ne a “bolelwa a siame ka ditiro,” tse di akaretsang go latlha barongwa ba kgosi.—Jakobe 2:24-26.

5:14, 15—“Kgosana ya lesomo la ga Jehofa” ke mang? Kgosana e e tlang go nonotsha Joshua fa Lefatshe le le Solofeditsweng le fenngwa, e tshwanetse ya bo e le “Lefoko”—Jesu Keresete pele ga a tla mo lefatsheng. (Johane 1:1; Daniele 10:13) A bo go nonotsha jang ne go itse gore gompieno Jesu Keresete yo o galaleditsweng o tshegetsa batho ba Modimo fa ba ntse ba lwa ntwa ya semoya! Se re Ithutang Sone:

1:7-9. Go bala Baebele letsatsi le letsatsi, go tlhatlhanya ka metlha ka se e se buang, le go dirisa se re se ithutang go botlhokwa thata gore re kgone go dira ditiro tsa semoya sentle.

1:11. Joshua o kopa batho gore ba ipaakanyetse mefago mme ba se ka ba nna fela ba sa dire sepe ba letetse gore Modimo a ba tlamele ka dijo. Kgakololo ya ga Jesu ya gore re se ka ra tlhobaela ka dilo tse re di tlhokang mo botshelong, le tsholofetso ya gore ‘dilo tse dingwe tseno tsotlhe re tla di okelediwa,’ ga e reye gore re tshwanetse go nna fela re sa dire maiteko ape a go itlamela.—Mathaio 6:25, 33.

2:4-13. Fa Rahabe a sena go utlwa ka ditiro tse dikgolo tsa ga Jehofa le go lemoga gore maemo a thata, o swetsa ka gore a tshegetse baobamedi ba ga Jehofa. Fa e le gore e setse e le lobakanyana o ithuta Baebele mme o lemoga gore re tshela mo “metlheng ya bofelo,” a ga o a tshwanela go dira tshwetso ya go direla Modimo?—2 Timotheo 3:1.

3:15. E re ka pego ya ditlhola tse di neng di rometswe kwa Jeriko e ne e itumedisa, Joshua o tsaya kgato ka bonako, a sa emele gore metsi a Joredane a kokobele. Fa re dira ditiro tse di amanang le kobamelo ya boammaaruri, re tshwanetse go nna pelokgale go na le gore re lete go fitlha maemo e kete a nna botokanyana.

4:4-8, 20-24. Maje a le 12 a a tserweng mo lotshitshing lwa noka ya Joredane a tshwanetse go nna segopotso mo Baiseraeleng. Ditiro tsa ga Jehofa tsa go golola batho ba gagwe ba motlha wa gompieno mo babeng ba gagwe le tsone di ba gopotsa gore o a ba tshegetsa.

PHENYO E TSWELELA PELE

(Joshua 6:1–12:24)

Motse wa Jeriko o ‘tswetswe thata, ga go na ope yo o tswang e bile ga go na ope yo o tsenang.’ (Joshua 6:1) Motse ono o tla fenngwa jang? Jehofa o naya Joshua leano. Go ise go ye kae, dipota di a phutlhama mme motse o a senngwa. Rahabe le ba ntlo ya gagwe ke bone fela ba ba bolokwang.

Go tswa foo go tlhaselwa motse wa segosi wa Ai. Ditlhola tse di rometsweng kwa motseng ono di bega gore o na le baagi ba le mmalwa, ka jalo ga go tlhokege banna ba le bantsi go o tlhasela. Le fa go ntse jalo, masole a ka nna 3 000 a a neng a rometswe go ya go tlhasela motse ono a tshaba fa pele ga banna ba Ai. Ka ntlha yang? Jehofa ga a eme Baiseraele nokeng. Akane wa lotso lwa ga Juda o ne a leofa fa Jeriko e ne e tlhaselwa. Fa Joshua a sena go baakanya seemo, o tlhasela Ai. E re ka kgosi ya Ai e ne e setse e kile ya fenya Baiseraele, e iketleeleditse go ba lwantsha. Le fa go ntse jalo, Joshua o dirisa leano le le tsietsang banna bano ba ba itshepileng thata ba Ai, a bo a gapa motse ono.

Gibeone ke ‘motse o mogolo—o mogolo go feta Ai, le banna botlhe ba yone ke banna ba ba thata.’ (Joshua 10:2) Le fa go ntse jalo, fa banna ba Gibeone ba sena go utlwa kafa Baiseraele ba fentseng Jeriko le Ai ka katlego ka gone, ba tsietsa Joshua gore a dire kgolagano ya kagiso le bone. Ditšhaba tse di ba dikologileng di boifa thata ka ntlha ya go tlhanoga gono ga bone. Dikgosi di le tlhano tsa ditšhaba tseno di itira seoposengwe di bo di tlhasela Gibeone. Baiseraele ba namola Bagibeone ba bo ba fenya batlhasedi ba bone ka botlalo. Metse e mengwe e Baiseraele ba neng ba e fenya ka nako ya fa ba ne ba eteletswe pele ke Joshua e akaretsa metse e e kwa borwa le kwa bophirima, mme ba ne ba fenya le dikgosi tsa kwa bokone tse di neng di itirile seoposengwe. Palo ya dikgosi tsotlhe tse di fentsweng ka kwa bophirima jwa Joredane ke 31.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

10:13—Tiragalo eno e e gakgamatsang e ka direga jang? “A go na le sengwe se se ka palelang Jehofa,” Mmopi wa magodimo le lefatshe? (Genesise 18:14) Jehofa fa a batla, a ka fetola tsela e lefatshe le dikologang ka yone gore motho yo o lebang letsatsi le kgwedi a le mo lefatsheng a bone e kete ga di tsamaye. Kgotsa a ka dira gore lefatshe le kgwedi di dikologe jaaka gale, a bo a fetola marang a letsatsi le a kgwedi gore lesedi la dibonesi tseno tse pedi le tswelele le phatsima. Le fa go ka tswa go diragetseng, “ga go na letsatsi lepe le le neng la itshupa le tshwana le leo” mo hisitoring ya batho.—Joshua 10:14.

10:13—Buka ya Jashara ke eng? Buka eno e umakiwa gape mo go 2 Samuele 1:18, mo go tlhalosiwang gore go na le leboko lengwe le le kwadilweng mo go yone le le bidiwang “Bora”—pina ya khutsafalo e e buang ka ga Kgosi Saulo wa Iseraele le morwawe e bong Jonathane. Buka eno e ka tswa e ne e le ya dipina le maboko a a buang ka dilo tsa hisitori mme go bonala Bahebera ba ne ba e itse sentle. Se re Ithutang Sone:

6:26; 9:22, 23. Phutso e Joshua a neng a e bolela fa Jeriko e ne e senngwa e diragadiwa dingwaga di ka nna 500 moragonyana. (1 Dikgosi 16:34) Phutso e Noa a neng a hutsa Kanana e bong setlogolwana sa gagwe ka yone e diragadiwa fa Bagibeone e nna batlhanka. (Genesise 9:25, 26) Lefoko la ga Jehofa le boammaaruri ka dinako tsotlhe.

7:20-25. Bangwe ba ka nna ba tsaya gore bogodu jwa ga Akane e ne e le molato o o sa reng sepe, e bile ba ka nna ba re ga bo a ka jwa utlwisa ope botlhoko. Gape ba ka nna ba tsaya bogodu jwa dilo tse dinnye le go tlola molao wa Baebele go sekae e le dilo tse di sa reng sepe. Le fa go ntse jalo, rona re tshwanetse go nna le boikemisetso jo bo tshwanang le jwa ga Joshua mme re se ka ra letla go fekeediwa ke kgatelelo ya go dira dilo tse di seng kafa molaong kgotsa boitsholo jo bo sa siamang.

9:15, 26, 27. Re tshwanetse ra tsaya ditumalano tse re di dirang masisi mme re dire fela jaaka re buile.

JOSHUA O SIMOLOLA TIRO YA GAGWE E KGOLO YA BOFELO

(Joshua 13:1–24:33)

Joshua, yo jaanong a setseng a godile—a batla a tshwara dingwaga tse 90—o simolola go kgaoganya lefatshe. Ruri eno ke namane e tona ya tiro! Lotso lwa ga Rubene le lwa ga Gada le sephatlo sa lotso lwa ga Manase di setse di neilwe boswa kwa botlhaba jwa Joredane. Jaanong ditso tse di setseng, di newa boswa kwa karolong ya bophirima ka go dirisa bola.

Motlaagana o tlhongwa kwa Shilo kwa kgaolong ya ga Eferaime. Kalebe o newa motse wa Heberone, mme Joshua o newa wa Timenathe-sera. Balefi ba newa metse e le 48, go akaretsa le metse e le 6 ya botshabelo. Batlhabani ba lotso lwa ga Rubene, Gada le sephatlo sa lotso lwa ga Manase ba aga sebeso se se “tlhomologileng thata” fa ba boela kwa bosweng jwa bone kwa botlhaba jwa Joredane. (Joshua 22:10) Ditso tse di ka fa bophirima jwa Joredane di tsaya seno e le botlhanogi mme go batla go nna le ntwa ya semorafe. Le fa go ntse jalo, puisano e e molemo e dira gore go se nne le tshololo ya madi.

Fa Joshua a sena go fetsa lobakanyana a nna kwa Timenathe-sera, o bitsa banna ba bagolwane, ditlhogo tsa ditso, baatlhodi le badiredi ba Iseraele a bo a ba kgothaletsa go nna pelokgale le go tswelela ba ikanyega mo go Jehofa. Moragonyana, Joshua o phuthela ditso tsotlhe tsa Iseraele kwa Shekema. O fitlha a ba gopotsa tsela e Jehofa a dirisaneng le bone ka yone go tloga mo motlheng wa ga Aborahame go ya pele, mme gape o ba kgothaletsa go ‘boifa Jehofa le go mo direla ka go tlhoka molato le ka boammaaruri.’ Setšhaba se tlhotlheletsega go bua jaana: “Re tla direla Jehofa Modimo wa rona, e bile re tla reetsa lentswe la gagwe!” (Joshua 24:14, 15, 24) Morago ga ditiragalo tseno, Joshua o a swa, a le dingwaga tse 110.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

13:1—A temana eno ga e thulane le se se buiwang mo go Joshua 11:23? Nnyaa, ka gonne Lefatshe le le Solofeditsweng le ne le tla fenngwa ka ditsela tse pedi: tsela ya ntlha e ne e le ntwa ya setšhaba e e neng ya fenya dikgosi di le 31 tsa lefatshe la Kanana mme ya dira gore setšhaba sa Bakanana se se ka sa tlhola se nna le maatla, mme ya bobedi e ne e le go gapa naga mo go neng go dirwa ke ditso dingwe kgotsa batho ka bongwe. (Joshua 17:14-18; 18:3) Le fa Baiseraele ba ile ba se ka ba leleka Bakanana botlhe, ba ba neng ba setse ba ne ba sa tshosetse tshireletsego ya Baiseraele ka gope. (Joshua 16:10; 17:12) Joshua 21:44 ya re: “Jehofa a ba naya boikhutso mo tikologong yotlhe.”

24:2—A rraagwe Aborahame, Tera, o ne a obamela medingwana? Kwa tshimologong, Tera e ne e se moobamedi wa ga Jehofa Modimo. A ka tswa a ne a obamela modimo wa kgwedi e bong Sin—modimo yo o neng a ratwa thata kwa Ure. Go ya ka pego ya ditiragalo tsa Bajuda, Tera a ka tswa e bile e ne e le modiri wa medingwana. Le fa go ntse jalo, fa Aborahame a ne a tloga kwa Ure ka taelo ya Modimo, Tera o ne a tsamaya le ene go ya kwa Harana.—Genesise 11:31. Se re Ithutang Sone:

14:10-13. Le fa Kalebe a na le dingwaga tse 85, o kopa kabelo e e thata ya go tlosa batho ba ba nnang mo kgaolong ya Heberone. Batho bano ke Baanake—banna ba mekaloba. Ka thuso ya ga Jehofa, motlhabani yono yo o nang le maitemogelo o a atlega, mme Heberone e nna motse wa botshabelo. (Joshua 15:13-19; 21:11-13) Sekao sa ga Kalebe se re kgothaletsa gore re se ka ra tshaba go dira dikabelo tse di thata mo phuthegong ya Modimo.

22:9-12, 21-33. Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra akanyetsa ba bangwe gore ba na le maitlhomo a a sa siamang.

“Ga go Na Lefoko le le Lengwe Le le Sa Diragadiwang”

Fa Joshua a setse a tsofetse, o raya banna ba Iseraele ba ba nang le maikarabelo a re: “Ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona. A lo diragaletse otlhe fela.” (Joshua 23:14) A bo pego ya hisitori ya ga Joshua e bontsha seno sentle jang ne!

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Baroma 15:4) Re ka tlhomamisega gore tsholofelo e re nang le yone mo ditsholofetsong tsa Modimo ga se ya lefela. Ga go na tsholofetso epe e e ka se kang ya diragadiwa; di tla diragadiwa tsotlhe.

[Mmapa mo go tsebe 10]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Lefatshe le le neng la fenngwa fa Joshua e ne e le moeteledipele

BASHANA

GILEADE

AREBA

NEGEBE

Noka ya Joredane

Lewatle la Letswai

M.P. wa Jaboke

M.P. wa Arenone

Hasore

Madona

Lasharone

Shimerone

Jokeneame

Dora

Megido

Kedeshe

Taanake

Hefere

Tiresa

Afeka

Tapua

Bethele

Ai

Gilegala

Jeriko

Gesere

Jerusalema

Makeda

Jaremuthe

Adulama

Libena

Lakishe

Egelone

Heberone

Debire

Arada

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

A o itse gore ke eng fa Rahabe, mosadi wa seaka, a ile a bolelwa a siame?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Joshua o ne a kgothaletsa Baiseraele gore ba ‘boife Jehofa le go mo direla

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Bogodu jwa ga Akane e ne e se phosonyana fela e e sa reng sepe—bo ile jwa nna le diphelelo tse di masisi

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

“Ka tumelo dipota tsa Jeriko di ne tsa wela fa fatshe.”—Bahebera 11:30